Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ETSA TUMELO YA BONE | JOSEFA

“Ke ka Dira Jang Bosula jo Bogolo Jono?”

“Ke ka Dira Jang Bosula jo Bogolo Jono?”

JOSEFA o ne a hema moya o o bothito, a utlwa monko o o monate wa dithunya le dimela tsa mo metsing. O ne a tsamaya le setlhopha sa bagwebi ba ba tsayang loeto mmogo ba kgabaganya naga e e mo molomong wa noka ya Nile. Akanya ka setlhopha sa banna ba tsamaya ka dikamela tsa bone go bapa le molatswana ba lebile kwa motseng o mongwe wa Egepeto, gangwe le gape ba gaodisa nonyane ya kokolefute e fofa. Josefa o ne a ntse a akanya ka motse wa gagabo o o mo dithabeng wa Heberone o o bokgakala jwa dikilometara di le makgolokgolo; jaanong o iphitlhela a le mo nageng e sele.

Akanya bokgabo ba tlolaka ba ntse ba goa mo godimo ga ditlhare tsa mokolane le tsa mofeige. Mo go Josefa, bafeti ka tsela ba ne ba bua puo ya seeng. Gongwe a ka tswa a ne a leka go tshwara mafoko mangwe. Tota e bile o ne a ka tshwanelwa ke go a ithuta. O ne a se na tsholofelo ya gore o tla tsamaya a bona lelapa la gaabo gape.

Le fa Josefa e ne e sa ntse e le mosha—a le dingwaga di le 17 kgotsa 18—o ne a lebana le mathata a a neng a ka roromisa le banna ba ba godileng. E re ka bomorwarraagwe ba ne ba mo fufegela ka gonne rraabone a ne a mo rata thata, ba ne ba leka go mmolaya. Mme morago ga go retelelwa ba ne ba mo rekisetsa bagwebi bano. (Genesise 37:2, 5, 18-28) Jaanong, morago ga go tsaya loeto lwa dibeke di le dintsi, bagwebi ba ne ba simolola go tlala boitumelo fa ba ntse ba atamela motsemogolo o ba neng ba tla bona poelo mo go one fa ba sena go rekisa Josefa le dithoto tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo. Ke eng se se thusitseng Josefa gore a se ka a kgobega marapo? Mme re ka dira jang gore tumelo ya rona e se ka ya koafadiwa ke dikgwetlho le dikgoreletsi tsa botshelo? Go na le dilo tse dintsi tse re ka di ithutang mo go Josefa.

“JEHOFA O NE A NA LE JOSEFA”

“Josefa . . . o ne a tlisiwa mo Egepeto, mme Potifaro, modiredi wa ntlo ya kgosi wa ga Faro, molaodi wa bafemedi, wa Moegepeto, a mo reka mo seatleng sa Baishemaele ba ba neng ba mo tlisitse koo.” (Genesise 39:1) Mafoko ao a Baebele a re thusa go akanya kafa lekawana leno le ileng la tlontlololwa ka gone fa le rekisiwa gape. Ba ne ba ipatlela poelo ka ene! Re ka akanya fela Josefa a setse mong wa gagwe yo mosha morago, modiredimogolo wa ntlo ya kgosi ya Egepeto, ba feta mo mebileng e e tlhanaselang e e tletseng marekisetso ba lebile kwa legaeng le lesha la ga Josefa.

Legae! Lefelo leno le ne farologane gotlhelele le legae la ga Josefa. O goletse mo lelapeng le le nnang mo ditenteng e bile le fuduga kgapetsakgapetsa ka gonne le tlhokomela le go disa matsomane a lone a dinku. Mo lefelong leno Baegepeto ba ba humileng jaaka Potifaro ba ne ba nna mo matlong a a magasigasi a mebala e mentle. Baithutamarope ba bega gore Baegepeto ba bogologolo ba ne ba rata ditshingwana tse di magasigasi, tse di thekeleditsweng ka dipota e bile di na le ditlhare tsa moriti le matangwana a a sisibetseng a mo go one ba neng ba jala papirase, dithunya le dimela tse dingwe tsa mo metsing. Matlo a mangwe a a neng a le gaufi le ditshingwana a ne a na le maribelo a o ka itumelelang pheswana e e monate mo go one, difensetere tse di kwa godimo tse di tsenyang phefo le diphaposi tse dintsi, go akaretsa phaposi e kgolo ya bojelo le dikamore tsa badiredi.

 A Josefa o ne a kgatlhiwa ke manobonobo ano? Ga go bonale jalo. Sengwe se se neng se ka tswa se mo tlhora boroko e ne e le go sa tshwane le batho ba bangwe. Baegepeto ba ne ba farologane le ene ka puo, moaparo le tsela e ba ipaakanyang ka yone tota le ka bodumedi. Ba ne ba obamela medimo e mentsi, ba dira boloi le maselamose e bile ba kgatlhegela loso thata le se se diregang fa motho a sena go swa. Go na le sengwe se se neng se dira gore Josefa a se ka a fekeediwa ke go jewa ke bodutu. Pego ya Baebele ya re: “Jehofa a nna le Josefa.” (Genesise 39:2) Josefa o ne a bulela Modimo wa gagwe mafatlha. Baebele ya re “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.” (Pesalema 145:18) Josefa o ne a ka atamalana le Modimo wa gagwe ka tsela efe e nngwe?

Lekawana leno ga le a ka la itetla go kgobega marapo, go na le moo le ne la tswelela le dira sotlhe se le neng le ka se kgona mo tirong ya lone. Seno se ne sa dira gore Jehofa a le segofatse, mme go ise go ye kae Josefa a bona kamogelo mo go mong wa gagwe yo mosha. Potifaro o ne a lemoga gore Jehofa, Modimo wa batho ba gaabo Josefa, o ne a segofatsa motlhanka yono wa gagwe yo mosha mme ga go pelaelo gore masego ao a ne a dira gore ntlo ya Moegepeto yono e atlege. Fa nako e ntse e tsamaya Potifaro o ne a ikanya Josefa thata mo a neng a mo naya taolo ya sengwe le sengwe.—Genesise 39:3-6.

Josefa ke sekao se se molemo mo basheng ba ba direlang Modimo gompieno. Ka sekai, fa ba le kwa sekolong, ba ka iphitlhela ba le mo lefelong le le sa tlwaelegang, go tletse bodimona e bile go se na tsholofelo epe ka isagwe. Fa o le mo boemong joo, gopola gore Jehofa ga a fetoga. ( Jakobe 1:17) O sa ntse a na le botlhe ba ba ikanyegang mo go ene le ba ba dirang ka natla go mo ipedisa. O a ba segofatsa, le wena o tla go segofatsa.

Pego e re bolelela gore mo go yone nako eno, Josefa o ne a ntse a gola. Mosha yono e ne ya nna monna, “a bopegile sentle e bile a le montle.” Mafoko ao a bontsha gore o ne a gomagomelwa ke mathata ka gonne gantsi bontle bo ngoka kgatlhego go sa tlhokege kgotsa motho a sa batle.

Mosadi wa ga Potifaro o ne a etse Josefa tlhoko

“GA A ISE A KE A MO REETSE”

Boikanyegi e ne e le selo sa botlhokwa mo go Josefa; mme go ne go sa nna jalo ka mosadi wa ga Potifaro. Re bala jaana: “Ga diragala gore mosadi wa mong wa gagwe a simolole go tsholeletsa matlho a gagwe kwa go Josefa a ba a re: ‘Lala le nna.’ ” (Genesise 39:7) A Josefa o ne a ineela mo thaelong ya mosadi yono wa moheitane? Baebele ga e re neye lebaka lepe la go dumela gore Josefa o ne a se na dikeletso tse basha ba nnang le tsone kgotsa gore mosadi yono wa modiredimogolo yo o humileng, yo o neng a direlwa sengwe le sengwe o ne a se montle. A Josefa o ne a ka nna le kgopolo ya gore mong wa gagwe a ka se itse? A a ka tswa a ile a akanya gore boitsholo joo jo bo sa siamang bo ne bo tla dira gore a nne le dilo tse di bonalang?

 Boammaaruri ke gore ga re itse gore Josefa o ne a akantse eng. Mme karabo eno ya gagwe e re thusa go lemoga se se neng se le mo pelong ya gagwe: “Bona, mong wa me ga a itse gore ke eng se ke nang le sone mo ntlong, e bile sengwe le sengwe se a nang le sone o se tsentse mo seatleng sa me. Ga go na ope yo mogolo mo ntlong eno go mpheta, mme ga a a gana ka sepe gotlhelele mo go nna fa e se ka wena fela, ka gonne o mosadi wa gagwe. Ka jalo ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” (Genesise 39:8, 9) Leka go akanya lekawana leno le bua mafoko ano go tswa pelong. Tota le go akanya fela ka se mosadi yono a neng a batla gore a se dire go ne go mo utlwisa botlhoko. Ka ntlha yang?

Fela jaaka Josefa a buile, mong wa gagwe o ne a mo ikanya. Potifaro o ne a neile Josefa taolo ya sengwe le sengwe se se mo ntlong ya gagwe, kwantle ga mosadi wa gagwe. Josefa o ne a ka dira jang bosula joo jo bo neng bo ka dira gore mong wa gagwe a se tlhole a mo ikanya? O ne a ka se akanye ka jone. Mme gone, go na le sengwe se se bosula le go feta: go akanya ka go leofela Modimo wa gagwe, Jehofa. Batsadi ba ga Josefa ba ne ba mo rutile go le gontsi ka tsela e Modimo a lebang lenyalo le go ikanyega mo molekaneng wa lenyalo ka yone. Jehofa ke ene mosimolodi wa lenyalo e bile o ne a tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone ka lone. Monna le mosadi ba ne ba tshwanetse go ngaparelana mme ba nne “nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Ba ba neng ba leka go senya kamano eo ba ne ba tla dira gore Modimo a ba galefele. Ka sekai, banna ba ba neng ba leka go tseela Aborahame mosadi, mmèmogologolwaneagwe Josefa, le go tseela Isake mosadi, mmèmogoloagwe Josefa, ba batlile ba welwa ke masetlapelo. (Genesise 20:1-3; 26:7-11) Josefa o ne a itse ka seo e bile o ne a batla go dira se se siameng.

Mosadi wa ga Potifaro ga a ka a itumelela seo. Akanya motlhanka yono yo o sa reng sepe a gana go dira se mosadi yono a neng a se batla a bo a re ke “bosula jo bogolo”! Le fa go ntse jalo, o ne a sa itlhoboge. E re ka a ne a ikutlwa a digilwe seriti fa Josefa a sena go gana, o ne a ikemisetsa go mo fetola mogopolo. Mme o ne a dira fela jaaka Satane, yo o neng a leka go raela Jesu. Maiteko a ga Satane a ne a retela, mme go na le gore a ineele, o ne a letela “nako e nngwe e e mo siametseng.” (Luke 4:13) Batho ba ba ikanyegang le bone ba tshwanetse go nna ba ikemiseditse go nna ba nitame. Ke sone se Josefa a se dirileng. Le fa boemo jono bo ne bo direga “letsatsi le letsatsi,” ga a ka a ineela. Re bala jaana: “Ga a ise a ke a mo reetse.” (Genesise 39:10) Le fa go ntse jalo, mosadi wa ga Potifaro o ne a ikemiseditse go mo raela.

O ne a tlhopha nako e batlhanka botlhe ba neng ba seyo mo ntlong. O ne a itse gore Josefa o tla tsena mo ntlong a tla go dira tiro ya gagwe. Fa a tsena o ne a leka go mo raela. A tshwara seaparo sa gagwe mme a ikuela kwa go ene lekgetlo la bofelo “Lala le nna!” Josefa o ne a tsiboga ka bonako. O ne a leka go mo phamola mme Josefa a boela morago—le fa go ntse jalo, mosadi a ngangatlela seaparo sa gagwe. Josefa o ne a itshomola, mme mosadi a sala a tshwere seaparo sa gagwe. Go tswa foo a tshaba!—Genesise 39:11, 12.

Seno se ka re gopotsa kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya moaposetoloi Paulo: “Tshabang kgokafalo.” (1 Bakorintha 6:18) Ruri Josefa ke sekao se se molemo mo Bakereseteng botlhe ba boammaaruri! Maemo mangwe mo botshelong a ka re pateletsa gore re dirisane le batho ba ba sa tlotleng melao ya Modimo ya boitsholo, mme seo ga se reye gore re tshwanetse go ineela mo tlhotlheletsong e e sa siamang. Re tshwanetse go tshaba, go sa kgathalesege gore diphelelo e tla nna dife.

Josefa o ne a lebana le diphelelo tse di botlhoko. Mosadi wa ga Potifaro o ne a batla go ipusolosetsa. O ne a simolola go goa, a bo a biletsa batlhanka ba bangwe mo ntlong. O ne a re Josefa o ne a batla go mmetelela mme fa a goa a tshaba. O ne a nna a tshwere seaparo sa ga Josefa mo go ene go fitlha monna wa gagwe a boa. Fa Potifaro a goroga, o ne a mmolelela one maaka ao, a dira e kete ke phoso ya monna wa gagwe go bo a tlisitse motswakwa yono mo ntlong ya bone. Potifaro o ne a tsiboga jang? Re bala jaana: “Bogale jwa gagwe jwa tuka”! O ne a laela gore Josefa a tsenngwe mo kgolegelong.—Genesise 39:13-20.

“BA NE BA BOGISA DINAO TSA GAGWE KA MEHIRI”

Ga re itse gore dikgolegelo tsa Baegepeto di ne di ntse jang mo motlheng oo. Baithutamarope ba fitlhetse marope a mafelo ano—dikago tse dikgolo tse di sireletsegileng tse di nang le diphaposi tsa magolegwa kwa boalong jo bo kwa tlase. Josefa o ne a tlhalosa  lefelo leo ka lefoko le le kayang ‘lehuti’ e leng lefelo le le se nang lesedi e bile le le letobo. (Genesise 40:15) Buka ya Dipesalema e tlhalosa gore Josefa o ne a bogisiwa: “Ba ne ba bogisa dinao tsa gagwe ka mehiri, moya wa gagwe wa tsena mo ditshiping.” (Pesalema 105:17, 18) Baegepeto ba ne ba tle ba golege diatla tsa magolegwa; a mangwe a ne a gokelelwa tshipi mo thamong. Josefa o ne a bogisiwa—tota le fa a ne a sa dira sepe se se phoso!

Mo godimo ga moo, seno ga se a direga ka nakwana. Pego ya re Josefa “a nna moo mo ntlong ya kgolegelo.” O ne a fetsa dingwaga mo lefelong leo le le sa siamang! * Mme Josefa o ne a se na tsholofelo ya gore o tla tsamaya a gololwa. Fa nako e ntse e tsamaya, dibeke, dikgwedi di feta, o ne a thusiwa ke eng gore a se ka a kgobega marapo le go felelwa ke tsholofelo?

Pego e araba jaana: “Jehofa a nna le Josefa a bo a nna a mmontsha bopelonomi jwa lorato.” (Genesise 39:21) Dikgolegelo, mehiri, diphaposi tse di lefifi tse di kwa boalong jo bo kwa tlase ga di ka ke tsa thibela Jehofa gore a bontshe batlhanka ba gagwe lorato. (Baroma 8:38, 39) Re ka akanya Josefa a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong a mmolelela se se mo tshwenyang a bo a ritibala a nna le kagiso e “Modimo wa kgomotso yotlhe” e leng ene fela a e abang. (2 Bakorintha 1:3, 4; Bafilipi 4:6, 7) Ke eng se sengwe gape se Jehofa a neng a se direla Josefa? Re bala gore o ne a dira gore Josefa a bone “kamogelo mo matlhong a modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo.”

Go bonala magolegwa a ne a newa tiro e a tshwanetseng go e dira, mme le fano Jehofa o ne a segofatsa Josefa. O ne a dira ka natla, a ntsha ga tshwene mo tirong ya gagwe a bo a ikanya Jehofa. E re ka Jehofa a ne a mo segofatsa, Josefa o ne a ikanngwa a bo a tlotliwa jaaka go ne go ntse kwa ntlong ya ga Potifaro. Re bala jaana: “Ka jalo modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo a tsenya magolegwa otlhe a a neng a le mo ntlong ya kgolegelo mo seatleng sa ga Josefa; mme sengwe le sengwe se magolegwa a neng a se dira moo e ne e le ene a dirang gore se dirwe. Modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo o ne a sa tlhokomele sepe gotlhelele se se neng se le mo seatleng sa gagwe, ka gonne Jehofa o ne a na le Josefa mme Jehofa o ne a dira gore se a neng a se dira se atlege.” (Genesise 39:22, 23) Josefa o ne a gomodiwa ke go itse gore Jehofa o ne a mo kgathalela.

Josefa o ne a dira ka natla kwa kgolegelong, mme Jehofa a mo segofatsa

Re ka lebana le mathata a a seng kana ka sepe mo botshelong, tota le tshiamololo e e setlhogo, mme re ka ithuta dithuto tsa botlhokwa mo tumelong ya ga Josefa. Fa re atamela Jehofa ka thapelo, re boloka melao ya gagwe e bile re dira se se siameng, o tla re segofatsa. Jehofa o ne a tla segofatsa Josefa fela thata jaaka re tla bona mo ditlhogong tse di latelang mo motseletseleng ono.

^ ser. 23 Baebele ya re Josefa o ne a ka nna dingwaga di le 17 kgotsa 18 fa a ne a simolola go direla mo ntlong ya ga Potifaro e bile o ne a tswelela a direla koo dingwaga di le mmalwa go fitlha a gola. Fa a gololwa mo kgolegelong o ne a na le dingwaga di le 30.—Genesise 37:2; 39:6; 41:46.