Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | O KA ATAMALANA LE MODIMO

A o Atamalane le Modimo?

A o Atamalane le Modimo?

“Go nna le kamano e e molemo le Modimo go dira gore o ikutlwe o sireletsegile, o kgotsofetse e bile o ritibetse. O nna le boikutlo jwa gore ka metlha Modimo o go batlela dilo tse di molemo.”—CHRISTOPHER, LEKAWANA LA KWA GHANA.

“Modimo o a go bona fa o sa itumela, o go bontsha lorato le tlhokomelo tse di fetang tse o neng o ka di kopa.”—HANNAH WA DINGWAGA DI LE 13, ALASKA, U.S.A.

“Go itse gore o na le kamano e e molemo le Modimo ke selo sa botlhokwa e bile go dira gore o ritibale!”—GINA, MOSADI WA KWA JAMAICA YO O MO DINGWAGENG TSA BO40.

Ga se Christopher, Hannah le Gina fela ba ba ikutlwang jalo. Batho ba bantsi mo lefatsheng ba tlhomamisegile gore Modimo o ba tsaya e le ditsala tsa gagwe. Go tweng ka wena? A o atamalane le Modimo? Kgotsa a o ka rata go atamalana le ene kgotsa go atamalana le ene go feta pele? Gongwe o ipotsa jaana: ‘A tota go a kgonega gore motho a atamalane le Modimo Mothatayotlhe? Fa go le jalo, a ka dira seo jang?’

O KA KGONA GO ATAMALANA LE MODIMO

Baebele e tlhalosa gore motho a ka kgona go atamalana le Modimo le go nna le kamano e e molemo le ene. Ya re Modimo o ne a bitsa tlhogo ya lotso ya Mohebera e bong Aborahame a re ke “tsala ya me.” (Isaia 41:8) Gape ela tlhoko taletso e e lorato e e mo go Jakobe 4:8: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” Ka jalo, go bonala sentle gore kamano kgotsa botsala le Modimo bo a kgonega. Mme e re ka Modimo a sa bonale, re ka mo “atamela” ra bo ra nna le kamano e e molemo le ene jang?

Go araba potso eo, akanya ka se se diregang fa batho ba babedi ba nna ditsala. Go simolola ka gore ba ikitsise maina. Fa ba buisana ka metlha mme ba bulelana mafatlha, botsala jwa bone bo a gola. E bile fa ba direlana dilo, botsala jwa bone bo a nonofa. Go direga se se tshwanang fa motho a nna le kamano le Modimo. A re bone gore seo se direga jang.