Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO BOTLHOKWA GO RAPELA?

Thapelo—Kafa E ka Go Thusang ka Gone

Thapelo—Kafa E ka Go Thusang ka Gone

Pele o dira sengwe, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Se tla ntsholegela molemo jang?’ A mme go tla bo go le phoso go botsa jaana ka thapelo? Nnyaa. Re batla go itse gore a e tla re solegela molemo. Tota le monna yo o siameng e bong Jobe o kile a botsa jaana: “Fa ke ne ke mmiditse, a o ne a tla nkaraba?”—Jobe 9:16.

Mo ditlhogong tse di fetileng, re bone bosupi jwa gore thapelo ga se fela moetlo wa bodumedi kgotsa sengwe se se lapolosang tlhaloganyo. Tota Modimo wa boammaaruri o reetsa dithapelo. Fa re rapela ka tsela e e siameng, o tla re reetsa. Tota e bile, o re kgothaletsa gore re atamalane le ene. (Jakobe 4:8) Ka jalo, re ka solegelwa molemo jang fa re rapela ka metlha? Mma re bone melemo mengwe ya gone.

Kagiso ya mogopolo.

A o tlhobaela thata fa go tlhaga mathata le dikgwetlho mo botshelong jwa gago? Baebele e re kgothaletsa gore ka dinako tse di ntseng jalo re ‘rapele re sa kgaotse’ le gore ‘dikopo tsa rona di itsisiwe Modimo.’ (1 Bathesalonika 5:17; Bafilipi 4:6) Baebele e re tlhomamisetsa gore fa re bua le Modimo ka thapelo, ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa rona le maatla a rona a mogopolo.’ (Bafilipi 4:7) Fa re bulela Rraarona yo o kwa legodimong mafatlha, re tla nna le kagiso ya mogopolo. Tota e bile, o re kgothaletsa go dira jalo. Pesalema 55:22 ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”

“Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”—Pesalema 55:22

Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ile ba nna le kagiso eo. Hee Ran wa kwa Korea Borwa a re: “Fa ke na le mathata a a masisi mme ke bo ke rapela ka one, ke ikutlwa ke imologile e bile ke na le maatla a go itshoka.” Cecilia wa kwa Philippines a re: “E re ka ke le mmè, ke tshwenyega thata ka bomorwadiake le ka mmè wa me yo o nang le bothata jwa go ntebala. Mme thapelo e nthusa gore ke kgone go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi ke sa tshwenyege thata. Ke a itse gore Jehofa o tla nthusa go ba tlhokomela.”

Kgomotso le maatla ka dinako tsa mathata.

A o gateletswe thata mo maikutlong kgotsa o lebane le maemo mangwe a a thata gongwe a a bayang botshelo jwa gago mo kotsing? Go rapela “Modimo wa kgomotso yotlhe” go tla dira gore o imologe. Baebele ya re ‘o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona.’ (2 Bakorintha 1:3, 4) Ka sekai, nako nngwe fa Jesu a ne a tshwenyegile thata, o ne “a oba mangole a simolola go rapela.” Mme go ne ga diregang? “Moengele a tswa legodimong a bonala kwa go ene mme a mo nonotsha.” (Luke 22:41, 43) Monna mongwe yo o ikanyegang e bong Nehemia o ne a tshosediwa ke batho ba ba bosula ba ba neng ba leka go mo thibela gore a se ka a dira tiro e Modimo a neng a mo neile yone. O ne a rapela jaana: “Mme jaanong nonotsha diatla tsa me.” Ditiragalo tse di neng tsa latela morago ga foo di bontsha gore Modimo o ne a mo thusa go fenya poifo mme a tswelela ka tiro ya gagwe. (Nehemia 6:9-16) Reginald wa kwa Ghana o tlhalosa kafa thapelo e mo thusang ka gone: “Fa ke rapela, segolobogolo ka dinako tse ke imelwang ke mathata, ke ikutlwa e kete ke boleletse mongwe yo o kgonang go nthusa a bo a ntlhomamisetsa gore ga ke tlhoke go tshwenyega.” Ee, Modimo a ka re gomotsa fa re mo rapela.

Botlhale jo bo tswang kwa Modimong.

Ditshwetso dingwe tse re di dirang di ka fetola matshelo a rona le a batho ba re atamalaneng le bone. Re ka dira jang ditshwetso tse di siameng? Baebele ya re: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, [segolobogolo fa a lebane le diteko] a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jakobe 1:5) Fa re kopa botlhale mo Modimong, a ka re thusa ka moya wa gagwe o o boitshepo gore re dire ditshwetso tse di siameng. Tota e bile re ka kopa one moya o o boitshepo ka gonne Jesu o re tlhomamisetsa gore ‘Rara yo o kwa legodimong [o tla] naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!’—Luke 11:13.

“Ke ne ke rapela Jehofa ka metlha gore a nthuse go dira tshwetso e e siameng.”—Kwabena, Ghana

Tota le Jesu o ne a bona go le botlhokwa gore a kope Rragwe go mo thusa go dira ditshwetso tse di botlhokwa. Baebele e re bolelela gore fa a ne a batla go tlhopha banna ba le 12 ba e neng e tla nna baaposetoloi ba gagwe, o ne “a tswelela bosigo jotlhe a rapela Modimo.”—Luke 6:12.

Fela jaaka Jesu, batho ba le bantsi ba ile ba tlhatswega pelo fa ba bona Modimo a araba dithapelo tsa bone ka go ba thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Regina wa kwa Philippines a re o ne a lebana le mathata a a jaaka, go tlamela ene le ba lelapa la gagwe morago ga loso lwa monna wa gagwe, go latlhegelwa ke tiro le go godisa bana. O thusitswe ke eng go dira ditshwetso tse di botlhale? A re: “Ke ne ka rapela Jehofa ke ikaegile ka thuso ya gagwe.” Kwabena wa kwa Ghana o tlhalosa lebaka la go bo a ne a kopa thuso kwa Modimong jaana: “Ke ne ka latlhegelwa ke tiro e e duelang sentle ya go aga.” O ne a bua jaana fa a ntse a akanya ka se a ka se dirang: “Ke ne ke rapela Jehofa ka metlha gore a nthuse go dira tshwetso e e siameng.” O oketsa jaana: “Ke itumelela go bo Jehofa a nthusitse go bona tiro e e dirang gore ke kgone go nna le dilo tse ke di tlhokang le go nna le kamano e e molemo le ene.” Le wena Modimo a ka go kaela fa o rapela ka dilo tse di ka amang kamano ya gago le ene.

Re umakile dilo di le mmalwa fela tse thapelo e ka go thusang ka tsone. (Bona tse dingwe mo lebokosong la setlhogo se se reng “ Melemo ya go Rapela.”) Mme gore o bone melemo eno, sa ntlha o tshwanetse go itse Modimo le thato ya gagwe. Fa e le gore seo ke se o se batlang, re go kgothaletsa gore o kope Basupi ba ga Jehofa gore ba ithute Baebele le wena. * Eno e ka nna kgato ya ntlha ya gore o atamalane le “Moutlwi wa thapelo.”—Pesalema 65:2.

^ ser. 14 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa o tsene mo website ya rona ya www.mr1310.com/tn.