Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 121

Re Tlhoka Boikgapo

Re Tlhoka Boikgapo

(Baroma 7:14-25)

  1. 1. Re rata Mmopi ka pelo yotlhe;

    Re tlhoka boikgapo, re leofa rotlhe.

    ’Keletso tsa nama ke loso;

    Go tshelela Jah ke botshelo.

  2. 2. Satane o re raela ka metlha,

    Boleo jwa rona bo’a re faposa.

    Mme Jehofa o tla re thusa

    Gore re kgone go bo lwantsha.

  3. 3. Se re se dirang se ama Mmopi,

    A re nneng re sena selabe ’fatsheng.

    Dilo tsotlhe tse re di dirang,

    Re bontshe gore re boikgapo.