Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 148

Jehofa ke Mofalotsi

Jehofa ke Mofalotsi

(2 Samuele 22:1-8)

  1. 1. Jehofa o Mmopi yo o maatla otlhe;

    Ditiro tsa gago

    di a gakgamatsa.

    Ga go modimo ope yo’o ka tshwanang

    le wena.

    O Mothatayotlhe.

    (KHORASE)

    Jehofa, Mofalotsi wa basiami.

    Batho ba tla itse gore o Lefika.

    Ka tumelo, re sa boife,

    re bolela

    Ka Jehofa, yo e leng ene

    Mofalotsi.

  2. 2. Fa ke lebane le dikgole tsa loso,

    ‘Jehofa, mphe maatla

    le bopelokgale.’

    Utlwa thapelo ya me tlhe Jehofa, Ke kopa

    Gore o mpoloke.

    (KHORASE)

    Jehofa, Mofalotsi wa basiami.

    Batho ba tla itse gore o Lefika.

    Ka tumelo, re sa boife,

    re bolela

    Ka Jehofa, yo e leng ene

    Mofalotsi.

  3. 3. O tla fedisa baba

    botlhe ba gago.

    Batlhanka ba gago

    bone ba tla’ipela.

    O nna dilo tsotlhe tse di tlhokegang,

    wena Jah;

    Ruri o Mmoloki.

    (KHORASE)

    Jehofa, Mofalotsi wa basiami.

    Batho ba tla itse gore o Lefika.

    Ka tumelo, re sa boife,

    re bolela

    Ka Jehofa, yo e leng ene

    Mofalotsi.