Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 40

Mong wa Rona ke Mang?

Mong wa Rona ke Mang?

(Baroma 14:8)

  1. 1. Mong wa gago ke mang?

    Ke mang yo o mo utlwang?

    Ke ene yo o mo’ikobelang.

    Ene yo o mo direlang.

    O ka se direle

    Medimo e mebedi,

    O tlhoka go tlhopha a le mongwe

    Mme o direle ene.

  2. 2. Mong wa gago ke mang?

    Ke mang yo o mo utlwang?

    Go na le Modimo wa nnete,

    Yo mongwe ga se wa nnete.

    A o tla ineela

    Mo babusing ba ’fatshe?

    Kgotsa o tla ikobela Mmopi

    O dire thato ya ’gwe?

  3. 3. Mong wa me nna ke mang?

    Tota ke direla mang?

    Ke tla ikobela Jehofa!

    Ke ene Modimo wa me.

    O ne a nkgolola;

    Ka tlhwatlhwa e boitshegang.

    Ka jalo ke tla tshelela ene;

    Ke tla mmaka ka metlha.