Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNANG LO DISITSE!

Mogote o o Kwa Godimo mo Lefatsheng Lotlhe—Baebele e a Reng ka Gone?

Mogote o o Kwa Godimo mo Lefatsheng Lotlhe—Baebele e a Reng ka Gone?

 Ka July 2022, go ile ga begwa mogote o o kwa godimo mo lefatsheng lotlhe:

  •   “Ke lekgetlho la bobedi mo kgweding eno badiredi ba kwa China ba tlhagisa batho gore mogote o tlile go nna kwa godimo thata mo ditoropong di ka nna 70.”—July 25, 2022, CNN Wire Service.

  •   “E re ka mogote o le kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang kwa Yuropa, dikgwa di a sha mo dinageng di le dintsi.”—July 17, 2022, The Guardian.

  •   “Go ne go le mogote ka tsela e e sa tlwaelegang mo ditoropong di le dintsi mo United States ka Sontaga.”—July 24, 2022, The New York Times.

 Dilo tseno tsotlhe di kaya eng? A seno se raya lefatshe le tla feleletsa le senyegile re sa kgone go nna mo go lone? Baebele yone e a reng?

A boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa?

 Ee. Mogote o o kwa godimo o tsamaisana le se Baebele e ileng ya bolelela pele gore se tla direga mo motlheng wa rona. Ka sekai, Jesu o ile a re re tla “bona dilo tse di tshosang.” (Luke 21:11) E re ka mogote o nna o oketsega mo lefatsheng lotlhe, bangwe ba akanya gore batho ba tlile go feleletsa ba sentse lefatshe.

A lefatshe le tlile go senyega?

 Nnyaa. Modimo o bopile lefatshe gore batho ba nnele ruri mo go lone. (Pesalema 115:16; Moreri 1:4) Ga a kitla a letlelela gore batho ba senye lefatshe, go na le moo, o tlile go ‘senya ba ba senyang lefatshe’ fela jaaka a solofeditse.—Tshenolo 11:18.

 Akanya ka boporofeti jono jo bo bontshang gore Modimo o tlile go dira eng:

  •   “Naga le lefatshe le le omeletseng di tla itumela, e bile sekaka se tla itumela se bo se ntsha malômô jaaka saferone.” (Isaia 35:1) Modimo ga a kitla a letla lefatshe le nna sekaka se re ka se kgoneng go tshela mo go sone, go na le moo, o tla baakanya dikarolo tsa lefatshe tse di senyegileng.

  •   “O tlhokomela lefatshe, o dira gore le ungwe thata e bile o a le nontsha.” (Pesalema 65:9) Modimo o tla dira lefatshe paradaise.

 Go utlwa mo go oketsegileng ka ga gore maemo a bosa a a nnang a fetoga a diragatsa jang boporofeti jwa Baebele, bona setlhogo se se reng “Climate Change and Our Future—What the Bible Says.”

 Go utlwa mo go oketsegileng ka boporofeti jwa Baebele jwa gore lefatshe le tla baakanngwa, bona setlhogo se se reng “Who Will Save the Earth?