Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Amogela Kalafi ya Bongaka?

A lo Amogela Kalafi ya Bongaka?

 Ee, Basupi ba ga Jehofa ba amogela melemo le kalafi ya bongaka. Le fa re leka go tlhokomela mebele ya rona le go nna le botsogo jo bo molemo, ka dinako tse dingwe “re tlhoka ngaka.” (Luke 5:31, Easy-to-Read Version) Tota e bile, fela jaaka Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Luke, bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ke dingaka.—Bakolosa 4:14.

 Le fa go ntse jalo, mefuta mengwe ya kalafi ga e dumalane le melaometheo ya Baebele, ka jalo re a e gana. Ka sekai, ga re dumele go tshelwa madi ka gonne Baebele ya re re se ka ra tsenya madi mo mebeleng ya rona. (Ditiro 15:20) Ka tsela e e tshwanang, Baebele e thibela mefuta ya kalafi e go dirisiwang boloi mo go yone.—Bagalatia 5:19-21.

 Le fa go ntse jalo, mefuta e le mentsintsi ya kalafi ga e thulane le melaometheo ya Baebele. Ka jalo, motho o tshwanetse go itirela tshwetso. Mosupi mongwe a ka tlhopha go amogela molemo kgotsa kalafi e e rileng, mme Mosupi yo mongwe ene a ka e gana.—Bagalatia 6:5.