Fetela kwa tshedimosetsong

A go Siame Gore Bakeresete ba Dirise Dithibelapelegi?

A go Siame Gore Bakeresete ba Dirise Dithibelapelegi?

Karabo ya Baebele

Jesu ga a ka a laela balatedi ba gagwe go nna le bana kgotsa go se nne le bone. E bile ga go na ope wa barutwa ba ga Jesu yo o ileng a ntsha taelo eo. Ga go na gope mo Baebele e buang ka tlhamalalo teng gore go laola pelegi go phoso. Molaomotheo o o mo go Baroma 14:12 o ka dirisiwa le mo kgannyeng eno: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.”

Ka gone, banyalani ba ka itirela tshwetso ya gore a ba tla nna le bana kgotsa nnyaa. Gape ba ka nna ba tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore ba tla nna le bana ba le kae. Ke tshwetso le boikarabelo jwa monna le mosadi gore a ba tla dirisa mokgwa mongwe wa go laola pelegi o o sa senyeng mpa. Ga go ope yo o tshwanetseng go ba atlhola.—Baroma 14:4, 10-13.