Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele e a Reng ka go Ntsha Mpa?

Baebele e a Reng ka go Ntsha Mpa?

Karabo ya Baebele

Baebele ga e dirise polelwana “go ntsha mpa” fa e tlhalosa go bolawa ga ngwana yo a iseng a tsholwe ka boomo. Le fa go ntse jalo, ditemana di le dintsi tsa Baebele di bontsha kafa Modimo a lebang botshelo ka gone, go akaretsa le jwa ngwana yo a iseng a tsholwe.

Botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong. (Genesise 9:6; Pesalema 36:9) O tsaya botshelo jwa mongwe le mongwe bo le tlhwatlhwakgolo, go akaretsa le jwa ngwana yo o mo popelong. Ka jalo, fa mongwe a bolaya ngwana yo a iseng a tsholwe ka boomo, tota o a bo a bolaya motho.

Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o ne o re: “Fa banna ba lwa ba bo ba gobatsa mosadi yo o moimana mme a bo a tshola pele ga nako, go bo go sa swe ope, yo o molato o tshwanetse go duelela dikgobalo tse monna wa mosadi yoo a mo duedisang tsone; mme o tshwanetse go ntsha tuelo eo ka baatlhodi. Mme fa mongwe a ka swa, foo o tshwanetse go duelela botshelo ka botshelo,”—Ekesodo 21:22, 23. *

 Botshelo jwa motho bo simologa leng?

Modimo o tsaya botshelo jwa motho bo simologa fa peo ya rre e kopana le lee la mmê. Mo lefokong la Gagwe e bong Baebele, Modimo o tlhalosa botshelo jwa ngwana yo a iseng a tsholwe e le motho. Ela tlhoko dikai dingwe tse di bontshang gore Modimo ga a farologanye botshelo jwa ngwana yo o mo popelong le jwa yo o setseng a tshotswe.

  • Moya o o boitshepo o ne wa tlhotlheletsa Kgosi Dafide go bua mafoko ano le Modimo: “Matlho a gago a ne a mpona ke sa ntse ke le losea lo lo mo popelong.” (Pesalema 139:16) Modimo o ne a tsaya Dafide e le motho le pele ga a tsholwa.

  • Mo godimo ga moo, Modimo o ne a itse gore o na le maikaelelo afe a a kgethegileng ka moporofeti Jeremia le pele ga Jeremia a tsholwa. Modimo o ne a mo raya a re: “Pele ga ke go bopa mo popelong ke ne ke go itse, le pele ga o tsholwa ke ne ka go dira boitshepo. Ke go dirile moporofeti mo ditšhabeng.”—Jeremia 1:5.

  • Mokwadi wa Baebele e bong Luke, yo e neng e le ngaka, o ne a dirisa lefoko le le tshwanang la Segerika go tlhalosa ngwana yo a iseng a tsholwe le go tlhalosa ngwana yo o setseng a tshotswe.—Luke 1:41; 2:12, 16.

 A Modimo a ka itshwarela motho yo o kileng a ntsha mpa?

Modimo a ka kgona go itshwarela batho ba ba kileng ba ntsha mpa. Fa ba amogela tsela e Modimo a lebang botshelo ka yone, ga ba tlhoke go ikutlwa molato. “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelotlhomogi . . . Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile maleo a rona kgakala le rona fela jalo.” * (Pesalema 103:8-12) Jehofa o tla itshwarela botlhe ba ba ikwatlhayang ka pelo yotlhe ka ntlha ya maleo a ba a dirileng mo nakong e e fetileng.—Pesalema 86:5.

 A go ntsha mpa go phoso fa e le gore botshelo jwa mmê kgotsa jwa ngwana bo mo kotsing?

Go ya ka se Baebele e se buang ka botshelo jwa ngwana yo a iseng a tsholwe, ga go ka ke ga twe motho ga a molato fa a ntsha mpa ka gonne botshelo jwa gagwe kgotsa jwa ngwana bo ka nna mo kotsing.

Go tweng ka nako ya fa ngwana a tsholwa go bo go tlhaga maemo a tshoganyetso a a pateletsang gore go tlhophiwe gore a go tla bolokiwa botshelo jwa mmê kgotsa jwa ngwana? Mo boemong jo bo ntseng jalo, motho ke ene a tla itirelang tshwetso ya gore ke botshelo jwa ga mang jo bo tshwanetseng go bolokwa.

^ ser. 2 Dibaebele tse dingwe di dira gore go lebege e kete mo Molaong ono o o neng o neilwe Baiseraele, kgang ya botlhokwa thata e ne e le se se neng se diragalela mmê e seng ngwana yo a iseng a tsholwe. Mafoko ano ka Sehebera a kaya go tlhagisetsa mmê kgotsa ngwana kotsi e e ka mmolayang.

^ ser. 8 Baebele e a re leina la Modimo ke Jehofa.—Pesalema 83:18.