Fetela kwa tshedimosetsong

A Bogosi Jwa Modimo bo mo Pelong ya Gago?

A Bogosi Jwa Modimo bo mo Pelong ya Gago?

Karabo ya Baebele

Nnyaa, Bogosi jwa Modimo ga se boemo jo bo mo dipelong tsa Bakeresete. * Baebele e bontsha kwa tota bo leng gone ka go bo bitsa “bogosi jwa legodimo.” (Mathaio 4:17, Baebele e e Boitshepo) Bona kafa Baebele e bontshang ka gone gore Bogosi joo ke puso ya mmatota e e busang e le kwa legodimong.

Baebele ga e rute gore Bogosi jwa legodimo bo mo pelong ya motho le gore bo busa go tswa moo. Le fa go ntse jalo, e ruta gore “lefoko la bogosi” kgotsa ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ di ka ama, e bile di tshwanetse go ama dipelo tsa rona.—Mathaio 13:19; 24:14.

Go kaya eng go re “bogosi jwa Modimo bo mo teng ga lona”?

Batho bangwe ba tlhakanngwa tlhogo ke kwa Bogosi jwa Modimo bo leng gone ka ntlha ya tsela e Luke 17:21 e ranotsweng ka teng mo dithanolong tse dingwe tsa Baebele. Ka sekai, Baebele e e Boitshepo ya re, “bogosi jwa Modimo bo mo teng ga lona.” Gore re tlhaloganye temana eno sentle, re tshwanetse go akanya ka ditemana tse di e dikologileng.

Bogosi jwa Modimo bo ne bo se mo dipelong tsa baganetsi ba ga Jesu ba ba neng ba kgwaraletse dipelo e bile ba batla go mmolaya

Jesu o ne a bua le Bafarasai, setlhopha sa baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba mo ganetsa e bile ba loga leano la go mmolaya. (Mathaio 12:14; Luke 17:20) A go a utlwala go akanya gore Bogosi bo ne bo le mo dipelong tsa bone tse di kgwaraletseng? Jesu o ne a ba raya a re: “Mo teng lo tletse boitimokanyo le go tlhoka molao.”—Mathaio 23:27, 28.

Dithanolo tse dingwe di tlhalosa mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 17:21 ka nepo ka go re: “Bogosi jwa Modimo bo na le lona fano.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona; Contemporary English Version) “Bogosi jwa Modimo bo mo gare ga lona.” (Thanolo ya Lefatshe le Lesha) Bogosi jwa legodimo bo ne bo “na le” kgotsa bo le “mo gare” ga Bafarasai, ka gonne Jesu, yo o neng a eme fa pele ga bone, e ne e le ene yo Modimo a mo tlhophileng gore e nne Kgosi.—Luke 1:32, 33.

^ ser. 1 Madumedi a le mantsi a a ipitsang a Bokeresete a ruta gore Bogosi jwa Modimo bo mo teng ga motho, kgotsa mo pelong. Ka sekai, Mokgatlho wa dikereke tsa Baptist tsa Borwa (Southern Baptist Convention) kwa United States, o ile wa bolela gore Bogosi jwa Modimo ka tsela nngwe ke “go rena ga Modimo mo pelong le mo botshelong jwa motho.” Ka tsela e e tshwanang, Mopapa Benedict XVI o ne a bua jaana mo bukeng ya gagwe ya Jesus of Nazareth, “go tla ga Bogosi jwa Modimo ke fa motho a reetsa ka pelo yotlhe a bo a dumela.”