Fetela kwa tshedimosetsong

Go Gailwa ga Batho ke Banasi—Ke Eng fa go Ile ga Diragala? Ke Eng fa Modimo A ne A sa Go Thibele?

Go Gailwa ga Batho ke Banasi—Ke Eng fa go Ile ga Diragala? Ke Eng fa Modimo A ne A sa Go Thibele?

Batho ba bantsi ba ba botsang dipotso tseno ba ile ba bogisiwa botlhoko mme ga ba batle dikarabo tsa dipotso tsa bone fela, gape ba batla go gomodiwa. Ba bangwe ba leba Go Gailwa ga Batho ke Banasi e le sengwe se se bosula go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa ke batho, mme ba bona go le thata go dumela mo Modimong.

Dikgopolo tse di tlwaelegileng tse di seng boammaaruri ka Modimo le Go Gailwa ga Batho ke Banasi

Se se seng boammaaruri: Go phoso go botsa gore ke eng fa Modimo a ile a letlelela Go Gailwa ga Batho ke Banasi.

Boammaaruri: Batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba ile ba botsa gore ke eng fa Modimo a letlelela bosula bo direga. Ka sekai, moporofeti Habakuke o ne a botsa Modimo jaana: “Ke ka ntlha yang fa o letlelela gore thubakanyo, go tlhoka molao, bokebekwa le bosetlhogo di aname gongwe le gongwe?” (Habakuke 1:3, Contemporary English Version) Go na le gore Modimo a kgalemele Habakuke, o ne a dira gore dipotso tse a di boditseng di kwalwe mo Baebeleng gore batho botlhe ba di bale.

Se se seng boammaaruri: Modimo ga a kgathale fa batho ba boga.

Boammaaruri: Modimo o tlhoile boikepo le pogo e bo e bakang. (Diane 6:16-19) Mo motlheng wa ga Noa, Modimo o ne a “utlwa botlhoko mo pelong” ka ntlha ya thubakanyo e e neng e anama mo lefatsheng. (Genesise 6:5, 6) Ga go pelaelo gore Go Gailwa ga Batho ke Banasi le gone go ile ga utlwisa Modimo botlhoko thata.—Malaki 3:6.

Se se seng boammaaruri: Go Gailwa ga Batho ke Banasi e ne e le kotlhao e Modimo a neng a e tlisetsa Bajuda.

Boammaaruri: Gone ke boammaaruri gore Modimo o ne a letlelela Baroma go senya Jerusalema mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Mathaio 23:37–24:2) Le fa go ntse jalo, fa e sale ka nako eo Modimo ga a otlhaye setšhaba sepe kgotsa go se tlotlomatsa. Mo Modimong “ga go na pharologanyo fa gare ga Bajuda le Baditšhaba.”—Baroma 10:12, Good News Translation.

Se se seng boammaaruri: Fa e le gore go na le Modimo yo o lorato le yo o maatla, a ka bo a ile a thibela Go Gailwa ga Batho ke Banasi.

Boammaaruri: Le fa Modimo a se ke a baka pogo, ka dinako tse dingwe o e letlelela ka nakwana.—Jakobe 1:13; 5:11.

Ke eng fa Modimo a ile a letlelela Go Gailwa ga Batho ke Banasi?

Lebaka le ka lone Modimo a letleletseng Go Gailwa ga Batho ke Banasi le tshwana le le a letleletseng pogo yotlhe ya batho ka lone: go rarabolola dikgang tse di neng tsa tsosiwa bogologolo. Baebele e bontsha sentle gore gone jaanong lefatshe le busiwa ke Diabolo e seng Modimo. (Luke 4:1, 2, 6; Johane 12:31) Le fa mo kgannyeng eno go na le link ya setlhogo se se tlhalosang ka botlalo lebaka la go bo Modimo a letla pogo, go na le dintlha tse pedi tsa konokono tse di mo Baebeleng tse di ka thusang go tlhalosa lebaka la go bo Modimo a ile a letlelela Go Gailwa ga Batho ke Banasi.

  1. Ke kgololesego ya ga mang ya go itlhophela e e bakileng Go Gailwa ga Batho ke Banasi? Modimo o ne a bolelela batho ba ntlha, Adame le Efa, se a neng a lebeletse gore ba se dire mme ga a ka a ba pateletsa gore ba mo ikobele. Ba ne ba tlhopha go itirela tshwetso ya se se molemo le se se bosula, mme tshwetso ya bone e e sa siamang—le ditshwetso tse di tshwanang le yone tse di dirilweng ke batho go tloga bogologolong—e ne ya tlisetsa batho diphelelo tse di utlwisang botlhoko. (Genesise 2:17; 3:6; Baroma 5:12) Go ntse fela jaaka buka ya Statement of Principles of Conservative Judaism e tlhalosa: “Pogo e ntsi e e leng teng mo lefatsheng e nnile teng ka go bo re sa dirise sentle kgololesego e re e filweng ya go itlhophela.” Go na le gore Modimo a re tseele kgololesego ya rona ya go itlhophela, o ne a fa batho nako ya gore ba leke go itirela dilo kwantle ga thuso ya gagwe.

  2. Modimo a ka kgona go tlosa tshenyo yotlhe e e bakilweng ke Go Gailwa ga Batho ke Banasi e bile o tla dira jalo. Modimo o solofetsa gore o tla tsosa batho ba le dimilionemilione ba ba tlhokafetseng go akaretsa le ba ba bolailweng ka nako ya Go Gailwa ga Batho ke Banasi. Gape o tla tlosa kutlobotlhoko e batho ba ba falotseng ka nako ya Go Gailwa ga Batho ke Banasi ba nnang le yone fa ba gopola dilo tse di garolang pelo tse di diragetseng ka nako eo. (Isaia 65:17; Ditiro 24:15) Tsela e Modimo a ratang batho ka yone e re tlhomamisetsa gore o tla diragatsa ditsholofetso tseno.—Johane 3:16.

Batho ba bantsi ba ba tlhokafetseng le ba ba kgonneng go falola ka nako ya Go Gailwa ga Batho ke Banasi ba ile ba kgona go boloka tumelo ya bone e nonofile le go lemoga gore re tshelela eng ka gore ba tlhaloganye lebaka la go bo Modimo a letleletse bosula le gore o ikaeletse go baakanya jang ditlamorago tsa jone.