Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG

Go Boga

Go Boga

Batho ba bangwe ba akanya gore Modimo ke ene a dirang gore batho ba boge kgotsa fa e le gore ga se ene, o a go itlhokomolosa. A seno ke sone se Baebele e se rutang? Karabo ya potso eno e ka go kgatlha.

A Modimo ke ene a dirang gore re boge?

“Eleruri, Modimo ka boene ga a dire boikepo.”Jobe 34:12.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba bantsi ba re sengwe le sengwe se se diregang ke thato ya Modimo. Ka jalo, ba dumela gore Modimo ke ene a dirang gore re boge. Ka sekai, fa go nna le masetlapelo a tlholego, ba re ditiragalo tseno ke tsela e Modimo a otlhayang baleofi ka yone.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e ruta gore Modimo ga a dire gore re boge. Ka sekai, Baebele ya re fa re lebana le diteko, go phoso go re: “Ke lekwa ke Modimo.” Ka ntlha yang? Ka gonne “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Ka mafoko a mangwe, Modimo ga a ka ke a dira gore re lekwe kgotsa gore re boge. Go dira jalo go tla bo go le boikepo, ka gonne “Modimo ga a dire boikepo.”—Jobe 34:12.

Fa e le gore Modimo ga a dire gore re boge, ke eng kgotsa ke mang yo o dirang gore re boge? Ka maswabi, gantsi batho ba bogisiwa ke batho ba bangwe ba ba nang le boleo. (Moreri 8:9) Mo godimo ga moo, re ka welwa ke masetlapelo ka ntlha ya “tiragalo e e sa bonelwang pele”—ka gonne re le mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang. (Moreri 9:11) Baebele e ruta gore “mmusi wa lefatshe leno” e bong Satane Diabolo, ke ene a dirang gore batho ba boge ka gonne “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (Johane 12:31; 1 Johane 5:19) Satane—e seng Modimo—ke ene a dirang gore batho ba boge.

A Modimo o a amega fa re boga?

“Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.” Isaia 63:9.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho bangwe ba akanya gore Modimo ga a amege ka diteko tse re lebanang le tsone. Ka sekai, mokwadi mongwe o ne a kwala ka se a reng ke go tlhoka “kutlwelobotlhoko kgotsa bopelotlhomogi [ga Modimo] fa re boga.” Mokwadi yono a re fa e le gore Modimo o teng, o tshwanetse a bo a “itlhokomolosa ka bopelotlhoi” go boga ga batho.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ga e rute gore Modimo o pelotlhoi e bile o itlhokomolosa batho go na le moo e ruta gore o amega thata ka go boga ga batho—le gore mo bogautshwaneng o tla go fedisa. Ela tlhoko mabaka a mararo a a mo Baebeleng.

Modimo o a re bona fa re boga. Go tswa fela kwa tshimologong ya go boga ga batho, Jehofa, * yo “matlho a gagwe a a phatsimang” le a a bonang sengwe le sengwe, o ne a bona dikeledi tsa bone. (Pesalema 11:4; 56:8) Ka sekai, fa baobamedi ba Modimo ba bogologolo ba ne ba gatelelwa, o ne a re: “Ke bone pogisego ya batho ba me.” A o ne a bona kutlobotlhoko ya bone fela a sa re sepe ka yone? Nnyaa, o ne a tswelela ka gore: “Ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” (Ekesodo 3:7) Batho ba bantsi ba gomoditswe ke seo—gore Modimo o bona dilo tsotlhe tse di re bogisang, tota le diteko tse ba bangwe ba sa kgoneng go di lemoga le go di tlhaloganya.—Pesalema 31:7; Diane 14:10.

Modimo o re tlhomogela pelo fa re boga. Jehofa Modimo ga a bone fela dilo tse di bogisang batho gape o amega ka tsone. Ka sekai, Modimo o ne a utlwa botlhoko tota fa a bona baobamedi ba gagwe ba bogologolo ba bogisiwa. Baebele ya re: “Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.” (Isaia 63:9) Le fa Modimo a feta batho thata, o utlwela ba ba bogang botlhoko—jaaka e kete kutlobotlhoko ya bone e ne e le mo pelong ya gagwe! Eleruri, “Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Mo godimo ga moo, Jehofa o re thusa go itshoka fa re boga.—Bafilipi 4:12, 13.

Modimo o tla fedisa dilo tsotlhe tse di bogisang batho. Baebele ya re Modimo o tla fedisa go boga ga batho mo lefatsheng. Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe jwa kwa legodimong go fetola maemo a batho—gore a itumedise. Baebele e solofetsa gore ka nako eo Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) Go tweng ka ba ba setseng ba tlhokafetse? Modimo o tla ba tsosetsa mo lefatsheng gore le bone ba itumelele botshelo ba sa boge. (Johane 5:28, 29) A batho ba tla nna ba akanya ka ditiragalo tse di utlwisang botlhoko tse di diregileng mo nakong e e fetileng? Nnyaa, ka gonne Jehofa o solofetsa jaana: “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”—Isaia 65:17. *

^ ser. 13 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.

^ ser. 15 Fa o batla go itse gore ke eng fa Modimo a letlile pogo gore e tswelele ka nakwana le gore o tla e fedisa jang, tsweetswee bona kgaolo 8 le 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.