Fetela kwa tshedimosetsong

Jesu o Tlile go Tla ka Tsela Efe?

Jesu o Tlile go Tla ka Tsela Efe?

Karabo ya Baebele

Dikwalo di bua thata ka nako ya fa Jesu a tla bo a tla go atlhola batho mo lefatsheng. * Ka sekai, Mathaio 25:31-33 ya re:

“Fa Morwa motho [Jesu Keresete] a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. Mme ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi. Mme o tla baya dinku ka fa seatleng sa gagwe sa moja, mme dipodi ka fa molemeng wa gagwe.”

Katlholo eno e tla direga ka “pitlagano e kgolo,” tiragalo e e iseng e ko e direge mo lefatsheng. Pitlagano eo e tla felela ka ntwa ya Hara-Magedona. (Mathaio 24:21; Tshenolo 16:16) Baba ba ga Jesu, ba a ba tlhalosang e le dipodi mo setshwantshong sa gagwe, “ba tla tlelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego ya bosakhutleng.” (2 Bathesalonika 1:9; Tshenolo 19:11, 15) Ka fa letlhakoreng le lengwe, batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, e leng dinku, ba tla nna le tsholofelo ya ‘botshelo jo bo sa khutleng.’—Mathaio 25:46.

Jesu o tla tla leng?

Jesu o rile: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng.” (Mathaio 24:36, 42; 25:13) Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa “sesupo” se se neng se tla bontsha go tla ga gagwe.—Mathaio 24:3, 7-14; Luke 21:10, 11.

A Jesu o tlile go tla ka mmele wa semoya kgotsa wa senama?

Jesu o ne a tsosiwa ka mmele wa semoya, ka jalo o tla tla e le sebopiwa sa semoya, e seng sa senama. (1 Bakorintha 15:45; 1 Petere 3:18) Ke gone ka moo go neng go tshwanela gore letsatsi pele ga Jesu a swa a reye baaposetoloi ba gagwe a re: “Ka lobakanyana lefatshe ga le na go tlhola le mpona.”—Johane 14:19.

Dikgopolo tse di seng boammaaruri ka go tla ga ga Jesu

Se se seng boammaaruri: Fa Baebele e re batho ba tla bona Jesu “a tla a le mo marung,” e raya gore fa Jesu a tla re tla kgona go mmona ka matlho.—Mathaio 24:30.

Boammaaruri: Baebele gantsi fa e bua ka maru e a bo e bua ka sengwe se se sa bonaleng. (Lefitiko 16:2; Dipalo 11:25; Duteronome 33:26) Ka sekai, Modimo o ne a raya Moshe a re: “Ke tla kwa go wena mo lerung le lentsho.” (Ekesodo 19:9) Mme gone, Moshe ga a ka a bona Modimo ka sebele. Ka tsela e e tshwanang, Jesu ‘o tla mo marung’ ka tsela ya gore batho ba kgona go lemoga go tla ga gagwe le fa gone ba sa mmone ka matlho.

Se se seng boammaaruri: Polelwana e e mo Tshenolo 1:7 e e reng “leitlho lengwe le lengwe le tla mmona” e e buang ka go tla ga ga Jesu, e tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka e ntse.

Boammaaruri: Mo maemong a mangwe, mafoko a Segerika a a mo Baebeleng a a emelang “leitlho” le “go bona” a kaya go ela tlhoko kgotsa go lemoga go na le go bona sengwe ka matlho. * (Mathaio 13:15; Luke 19:42; Baroma 15:21; Baefeso 1:18) Baebele ya re Jesu yo o tsositsweng ke “ene . . . yo o nnang mo leseding le le ka se kang la atamelwa, yo go se nang le a le mongwe wa batho . . . yo o ka mmonang.” (1 Timotheo 6:16) Ka jalo, fa go twe “leitlho lengwe le lengwe le tla mmona” go tewa gore batho ba tla lemoga gore Jesu ke ene a tlisang katlholo ya Modimo.—Mathaio 24:30.

Se se seng boammaaruri: Mafoko a a mo go 2 Johane 7 a bontsha gore Jesu o tla tla ka mmele wa senama.

Boammaaruri: Temana eo ya Baebele ya re: “Batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng, batho ba ba sa boleleng fa ba dumela gore Jesu Keresete o tla a le mo nameng.”

Ka motlha wa ga Moaposetoloi Johane, bangwe ba ne ba ganela gore Jesu o kile a tshela mo lefatsheng e le motho wa senama. Batho bao ba ne ba bidiwa Bakenosetiki. Temana eo ya 2 Johane 7 e ne ya kwalelwa go ganetsa dikgopolo tsa bone tse di phoso.

^ ser. 1 Le fa batho ba le bantsi ba dirisa mafoko a a jaaka “go tla ga bobedi” kgotsa “go goroga ga bobedi” fa ba bua ka go tla ga ga Jesu, mafoko ano ga a yo mo Baebeleng.

^ ser. 9 Bona The New Thayer’s Greek-English Lexicon of the New Testament (1981), tsebe 451 le tsebe 470.