Petere wa Ntlha 3:1-22

  • Basadi le banna (1-7)

  • Ratanang jaaka bana ba motho; tshelang le ba bangwe ka kagiso (8-12)

  • Go boga ka gonne lo dira se se siameng (13-22)

    • Ikemisetseng go femela tsholofelo ya lona (15)

    • Kolobetso le segakolodi se se siameng (21)

3  Ka tsela e e tshwanang, lona basadi ba lo nyetsweng, ikobeleng banna ba lona,+ gore fa e le gore ga ba ikobele Lefoko la Modimo, lo kgone go ba thusa go nna le tumelo ka boitshwaro jwa lona mme e seng ka se lo se buang,+  ka gonne ba bona gore lo itshwere sentle+ e bile lo ba tlotla thata.  A bontle jwa lona e se ka ya nna jwa ka fa ntle jwa go loga moriri le go rwala mekgabisa ya gauta+ kgotsa go apara diaparo tse di turang,  mme a e nne jwa se se mo pelong, diaparo tse di sa onaleng, tse di leng botlhokwa thata mo matlhong a Modimo, e leng moya o o didimetseng le o o bonolo.+  Gonne eno ke tsela e basadi ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng ba ba neng ba solofetse mo Modimong ba neng ba tle ba ikgabise ka yone, ba ikobela banna ba bone,  fela jaaka Sara a ne a ikobela Aborahame e bile a mmitsa morena.+ Mme lo fetogile bana ba gagwe, fa fela lo tswelela lo dira molemo e bile lo sa itetle go fenngwa ke poifo.+  Ka tsela e e tshwanang, lona banna ba lo nyetseng, tswelelang lo akanyetsa* basadi ba lona. E re ka basadi ba le bokoa go lo feta e bile ba tshwana le sejana se se seng thata, ba tlotleng,+ ka gonne le bone Modimo o ba neile botshelo jo le lona a lo bo neileng+ ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bogolo.* Fa lo sa dire jalo, Modimo ga a ka ke a reetsa dithapelo tsa lona.  La bofelo bakaulengwe, nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe fela,+ lo utlwelane botlhoko, lo ratane jaaka bana ba motho, lo nne pelotlhomogi+ lo bo lo ikokobetse.+  Lo se ka lwa utlwisa ba bangwe botlhoko ka gonne ba lo utlwisitse botlhoko+ kgotsa lwa tlhapatsa ka gonne lo tlhapaditswe.+ Go na le moo, ba direleng dilo tse di molemo+ ka gonne Modimo o ne a lo biletsa mo tseleng eno, e bile o tla lo direla dilo tse di molemo. 10  Gonne “ope fela yo o ratang botshelo e bile a tshela monate, o tshwanetse go ithiba gore a se ka a bua sepe se se bosula+ le gore a se ka a tsietsa ope. 11  A a tlogele se se bosula+ mme a dire se se siameng;+ a tshele le ba bangwe ka kagiso e bile a leke ka natla gore e tswelele e le gone.+ 12  Gonne matlho a ga Jehofa* a lebile batho ba ba siameng, le ditsebe tsa gagwe di reetsa ba ba mo rapelang ka tlhoafalo,+ le fa go ntse jalo, Jehofa* ga a batle ba ba dirang se se bosula.”+ 13  Eleruri, ke mang yo o ka lo utlwisang botlhoko fa lo dira se se siameng ka pelo yotlhe?+ 14  Mme le fa lo tshwanelwa ke go boga ka gonne lo dira se se siameng, lo tla itumela.+ Le fa go ntse jalo, lo se ka lwa boifa se ba se boifang* kgotsa lwa tshwenyega.+ 15  Mme mo dipelong tsa lona, tsayang Keresete e le Morena e bile a tshwanelwa ke tlotlo,* ka metlha lo ikemiseditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o batlang lebaka la tsholofelo e lo nang le yone, mme lo dira jalo ka bonolo+ le ka tlotlo e e boteng.+ 16  Tswelelang lo na le segakolodi se se siameng,+ gore le fa batho ba bua maswe ka lona, ba tlhabiwe ke ditlhong+ ka gonne lo itshwere sentle e re ka lo le balatedi ba ga Keresete.+ 17  Gonne fa e le gore thato ya Modimo ke gore lo boge ka gonne lo dira molemo, go botoka gore lo boge,+ go na le go boga ka gonne lo dira bosula.+ 18  Gonne Keresete, motho yo o siameng o ne a swa gangwe fela a swela batho ba ba sa siamang gore a ba golole mo maleong a bone.+ O dirile jalo gore a lo ise kwa Modimong.+ O ne a bolawa e le motho+ mme a tsosiwa ka mmele wa kwa legodimong.+ 19  Mme ka mmele oo wa moya, o ne a ya go bolelela baengele ba ba golegilweng molaetsa wa katlholo,+ 20  ba ba neng ba se ka ba utlwa fa Modimo a ne a letile ka bopelotelele* mo motlheng wa ga Noa,+ ka nako ya fa araka e ne e sa ntse e agiwa,+ e batho ba le robedi fela, ba neng ba sirelediwa mo go yone gore ba falole metsi a morwalela.+ 21  Go na le sengwe se se tshwanang le seo se se lo bolokang, e leng kolobetso, ka gonne lo dumela mo tsogong ya ga Jesu Keresete. Go kolobediwa ga go kaye go tlhapa leswe le le mo mmeleng, mme ke go kopa segakolodi se se siameng mo Modimong.+ 22  O ka fa seatleng sa moja sa Modimo,+ ka gonne o ne a ya kwa legodimong, mme baengele le balaodi ba ne ba bewa mo taolong ya gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lo tlhaloganya.”
Kgotsa gongwe “lo se ka lwa tshaba matshosetsi a bone.”
Kgotsa “a le boitshepo.”
Seger., “fa bopelotelele jwa Modimo bo ne bo letile.”