Esekiele 18:1-32

  • Mongwe le mongwe o ikarabelela ka maleo a gagwe (1-32)

    • Ope fela yo o leofang o tla swa (4)

    • Morwa ga a kitla a bonwa molato ka ntlha ya boleo jwa ga rraagwe (19, 20)

    • Modimo ga a itumedisiwe ke loso lwa motho yo o bosula (23)

    • Go ikwatlhaya go boloka botshelo (27, 28)

18  Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  “Seane seno se lo se buang mo lefatsheng la Iseraele se kayang, se se reng, ‘Borre ba jele morara* o o botšarara, mme meno a barwa ke one a a nnang bosisi’?+  “‘Ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ga lo kitla lo tlhola lo bua seane seno mo Iseraele.  Botshelo* bo tswa mo go nna. Botshelo jwa rre le botshelo jwa morwa, bo tswa mo go nna. Ope fela yo o leofang, ke ene yo o tla swang.  “‘A re re motho o siame e bile o dira tshiamiso le tshiamo.  Ga a je ditlhabelo tsa medingwana mo dithabeng;+ ga a rapele medingwana e e ferosang sebete* ya Baiseraele; ga a dire boaka le* mosadi wa moagelani wa gagwe+ e bile ga a tlhakanele dikobo le mosadi yo o mo kgweding;+  ga a tshware ope makgwakgwa;+ mme o busa selo se motho yo a mo kolotang a neng a se mo neile e le peeletso;+ ga a tseele ope sepe ka dikgoka;+ mme o abela yo o tshwerweng ke tlala dijo tsa gagwe+ e bile yo o sa aparang o mo apesa seaparo;+  ga a duedise morokotso e bile ga a tsadise madi;+ ga a dire dilo ka go tlhoka tshiamiso;+ o atlhola ka tshiamiso fa go na le kgang fa gare ga batho ba babedi;+  mme o nna a tsamaya mo melaong ya me e bile a ikobela ditshwetso tsa me tsa boatlhodi gore a dire dilo ka boikanyegi. Motho yo o ntseng jalo o siame, mme ruri o tla tswelela a tshela,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 10  “‘Mme a re re motho yono o nna le morwa yo e leng senokwane+ kgotsa mmolai*+ kgotsa yo o dirang sengwe sa dilo tseno 11  (le fa gone rraagwe a sa dira sepe sa dilo tseno); o ja ditlhabelo tsa medingwana mo dithabeng, o dira boaka le* mosadi wa moagelani wa gagwe, 12  o tshwara batlhoki le bahumanegi makgwakgwa,+ o tsaya dilo ka dikgoka, ga a buse selo se a neng a se neilwe e le peeletso, o rapela medingwana e e ferosang sebete,+ o dira ditiro tse di makgapha,+ 13  o tsadisa madi e bile o duedisa morokotso,+ foo morwa yoo ga a kitla a tswelela a tshela. E re ka a dirile dilo tseno tsotlhe tse di makgapha, ruri o tla bolawa. Madi a gagwe a tla nna mo go ene. 14  “‘Mme a re re rre o na le morwa yo o bonang maleo otlhe a rraagwe a a dirileng, mme le fa gone a a bona, ene ga a dire dilo tse di ntseng jalo. 15  Ga a je ditlhabelo tsa medingwana mo dithabeng; ga a rapele medingwana e e ferosang sebete ya Baiseraele; ga a dire boaka le* mosadi wa moagelani wa gagwe; 16  ga a tshware ope makgwakgwa; ga a gane ka selo se a neng a se neilwe e le peeletso; ga a tseye sepe ka dikgoka; o abela yo o tshwerweng ke tlala dijo tsa gagwe e bile yo o sa aparang o mo apesa seaparo; 17  ga a gatelele bahumanegi; ga a tsadise madi e bile ga a duedise morokotso; mme o diragatsa ditshwetso tsa me tsa boatlhodi e bile o tsamaya mo melaong ya me. Motho yoo ga a kitla a swa ka ntlha ya molato wa ga rraagwe. Ruri o tla tswelela a tshela. 18  Mme e re ka rraagwe a ne a tsietsa, a tseela morwarraagwe dilo ka dikgoka, e bile a ne a dira dilo tse di sa siamang mo bathong ba gagabo, o tla swela molato wa gagwe. 19  “‘Le fa go ntse jalo lo tla re: “Ke ka ntlha yang fa morwa a sa nne molato ka ntlha ya molato wa ga rraagwe?” E re ka morwa a diragaditse tshiamiso e bile a dirile tshiamo, a bolokile melao ya me yotlhe e bile a ne a e ikobela, ruri o tla tswelela a tshela.+ 20  Motho yo o leofang, ke ene yo o tla swang.+ Morwa ga a kitla a nna molato ka ntlha ya molato wa ga rraagwe, e bile rre ga a kitla a nna molato ka ntlha ya molato wa ga morwawe. Ba ba dirang se se siameng ke bone ba ba tla duelwang ka se se siameng, mme yo o bosula o tla otlhaelwa bosula jwa gagwe.+ 21  “‘Jaanong fa motho yo o bosula a tlogela maleo otlhe a a a dirileng a bo a boloka melao ya me mme a diragatsa tshiamiso e bile a dira se se siameng, ruri o tla tswelela a tshela. Ga a kitla a swa.+ 22  Ga go na molato ope o a o dirileng o a tla o atlholelwang.*+ O tla tswelela a tshela ka gonne a dira se se siameng.’+ 23  “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘A ke itumedisiwa ke loso lwa motho yo o bosula?+ A ga ke eletse gore a tlogele ditsela tsa gagwe mme a tswelele a tshela?’+ 24  “‘Le fa go ntse jalo, fa motho yo o siameng a tlogela go dira se se siameng a bo a dira se se sa siamang,* a dira dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang ke batho ba ba bosula, a o tla tshela? Ga go na ditiro dipe tse di siameng tse a di dirileng tse di tla gakologelwang.+ O tla swa ka gonne a sa ikanyege le ka ntlha ya boleo jo a bo dirileng.+ 25  “‘Mme lo tla re: “Tsela ya ga Jehofa ga e a tlhomama.”+ Tsweetswee, reetsang lona batho ba Iseraele! A tsela ya me ke yone e e sa tlhomamang?+ A ditsela tsa lona ga se tsone tse di sa tlhomamang?+ 26  “‘Fa motho yo o siameng a tlogela go dira se se siameng mme a dira se se sa siamang a bo a swa ka ntlha ya seo, o tla swela go dira se se sa siamang. 27  “‘Mme fa motho yo o bosula a tlogela bosula jo a bo dirileng a bo a simolola go diragatsa tshiamiso e bile a dira se se siameng, o tla boloka botshelo* jwa gagwe.+ 28  Fa a lemoga melato yotlhe e a e dirileng a bo a e tlogela, ruri o tla tswelela a tshela. Ga a kitla a swa. 29  “‘Mme gone, batho ba Iseraele ba tla re: “Tsela ya ga Jehofa ga e a tlhomama.” A ditsela tsa me ke tsone tse di sa tlhomamang, lona batho ba Iseraele?+ A ditsela tsa lona ga se tsone tse di sa tlhomamang?’ 30  “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Ka jalo ke tla atlhola mongwe le mongwe wa lona go ya ka tsela e a itshwarang ka yone,+ lona batho ba Iseraele. Retologang, tlogelang dilo tsotlhe tse di bosula tse lo di dirang, gore di se ka tsa fetoga sengwe se se kgopang se se ka dirang gore lo otlhaiwe. 31  Tlogelang dilo tsotlhe tse di bosula tse lo neng lo di dira+ mme lo fetole pelo ya lona le tsela e lo akanyang ka yone,+ goreng lo tshwanetse go swa,+ lona batho ba Iseraele?’ 32  “‘Ga ke itumelele go bona motho ope a swa,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. ‘Ka jalo, tlogelang dilo tse di bosula tse lo di dirang mme lo tshele.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.
Seheb., “ga a leswafatse.”
Seheb., “yo o tshololang madi.”
Seheb., “o leswafatsa.”
Seheb., “ga a leswafatse.”
Seheb., “o o tla gakologelwang.”
Kgotsa “a dira tshiamololo.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.