Efangele ya ga Luke 12:1-59

  • Sebediso sa Bafarasai (1-3)

  • Boifang Modimo e seng batho (4-7)

  • Go amogelwa ke Keresete (8-12)

  • Setshwantsho sa mohumi wa seeleele (13-21)

  • Tlogelang go tlhobaela (22-34)

    • Letsomanyane (32)

  • Nnang lo disitse (35-40)

  • Molebedi yo o ikanyegang le molebedi yo o sa ikanyegeng (41-48)

  • Dikgaogano e seng kagiso (49-53)

  • Go botlhokwa go sekaseka dinako (54-56)

  • Go rarabolola dikgotlhang (57-59)

12  Ka yone nako eo, fa batho ba le diketekete ba sena go phuthega mo e bileng ba ne ba gatana, o ne a simolola go bua le barutwa ba gagwe pele a re: “Elang tlhoko sebediso sa Bafarasai, e leng boitimokanyi.+  Mme sengwe le sengwe se se subilweng ka kelotlhoko se tla senoga, e bile sephiri sengwe le sengwe se tla itsiwe.+  Ka jalo, sepe fela se lo se buang mo lefifing se tla utlwiwa mo leseding, mme se lo se sebasebang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng se tla rerwa kwa godimo ga matlo.  Mo godimo ga moo, ditsala tsa me,+ ke lo raya ke re, lo se ka lwa boifa ba ba ka lo bolayang mme morago ga moo ba bo ba sa kgone go dira se se fetang seo.+  Mme ke tla lo bontsha gore lo boife mang: Boifang Ene yo e reng fa a sena go bolaya a bo a kgona go latlhela mo teng ga Gehena.*+ Ke a lo bolelela, boifang Ene yoo.+  Dithaga tse tlhano di rekisiwa ka madi a tshipi a le mabedi a tlhwatlhwa e e kwa tlase,* gakere? Le fa go ntse jalo, ga go na epe ya tsone e Modimo a e lebalang.*+  Tota e bile o itse palo ya meriri ya ditlhogo tsa lona.+ Se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.+  “Ke a lo bolelela, mongwe le mongwe yo o buang fa pele ga batho gore o dumela mo go nna,+ Morwa motho le ene o tla bua fa pele ga baengele ba Modimo gore motho yoo ke morutwa wa gagwe.+  Mme ope fela yo o intatolang fa pele ga batho, le nna ke tla mo itatola fa pele ga baengele ba Modimo.+ 10  Mme ope fela yo o buang sengwe se se maswe ka Morwa motho, o tla itshwarelwa, le fa go ntse jalo, ope fela yo o tlhapatsang moya o o boitshepo, ga a kitla a itshwarelwa.+ 11  Fa ba lo isa fa pele ga batho ba ba phuthegileng,* kwa badireding ba puso le kwa balaoding, lo se ka lwa tlhobaela ka se lo tla se buang kgotsa gore lo tla bua jang fa lo iphemela,+ 12  ka gonne ka yone nako eo, moya o o boitshepo o tla lo ruta dilo tse lo tshwanetseng go di bua.”+ 13  Go tswa foo, mongwe wa batho bao ba bantsintsi o ne a mo raya a re: “Moruti, bolelela morwarre gore a kgaogane boswa le nna.” 14  O ne a mo raya a re: “Monna, ke mang yo o ntlhomileng gore ke nne moatlhodi kgotsa motsereganyi wa lona?” 15  Go tswa foo, o ne a ba raya a re: “Nnang lo butse matlho lo bo lo ikele tlhoko gore lo se ka lwa nna pelotshetlha,+ ka gonne tota le fa motho a na le dilo tse dintsi, botshelo jwa gagwe ga bo a ikaega ka dilo tse a nang le tsone.”+ 16  Foo o ne a ba bolelela setshwantsho a re: “Masimo a monna mongwe yo o humileng a ne a ungwa thata. 17  Ka jalo, o ne a simolola go ipolelela a re, ‘Ke tla dirang jaanong ka gonne ga ke na fa nka phuthelang dilo tse ke di robileng gone?’ 18  Go tswa foo, o ne a re, ‘Ke tla dira jaana:+ Ke tla thuba mabolokelo a me ke bo ke aga a magolwane, mme ke tla phuthela dilo tsotlhe tse ke di robileng le dilo tse dingwe tsotlhe mo go one, 19  mme ke tla ipolelela jaana: “Ke na le dilo tse di molemo di le dintsi tse di tla ntsayang dingwagangwaga; ka jalo, mma ke ikhutse, ke je, ke nwe, ke ijese monate.”’ 20  Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a mo raya a re, ‘Seeleele ke wena, mo bosigong jono o tlile go swa.* Jaanong ke mang yo o tla tsayang dilo tse o di bolokileng?’+ 21  Go nna fela jalo ka motho yo o ipolokelang letlotlo mme a sa huma mo matlhong a Modimo.”+ 22  Go tswa foo, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke gone ka moo ke lo rayang ke re, tlogelang go tlhobaela ka matshelo* a lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa ka mebele ya lona gore lo tla apara eng.+ 23  Gonne botshelo* bo botlhokwa go feta dijo le mmele o botlhokwa go feta diaparo. 24  Elang tlhoko magakabe: Ga a jale e bile ga a robe; ga a na mabolokelo; le fa go ntse jalo, Modimo o a a fepa.+ A ga lo botlhokwa thata go feta dinonyane?+ 25  Ke mang mo go lona yo o ka oketsang botshelo jwa gagwe ka motsotso* o le mongwe ka gonne a tlhobaela? 26  Ka jalo, fa e le gore ga lo ka ke lwa kgona go dira selo se sennye jalo, ke ka ntlha yang fa lo tlhobaela ka dilo tse dingwe?+ 27  Elang tlhoko kafa malômô* a masoma a golang ka gone: Ga a dire ka natla e bile ga a roke diaparo; mme ke a lo bolelela, tota le Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgabe jaaka one.+ 28  Jaanong fa e le gore Modimo o kgona go apesa dimela mo nageng, tse di leng gone gompieno mme kamoso di bo di latlhelwa mo molelong, ga go pelaelo gore o tla lo apesa go feta tsone, lona ba lo nang le tumelo e potlana! 29  Ka jalo, tlogelang go batla se lo tla se jang le se lo tla se nwang, gape tlogelang go tlhobaela thata;+ 30  ka gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba tsa lefatshe di gagamalelang go nna le tsone, mme Rraalona o a itse gore lo tlhoka dilo tseno.+ 31  Go na le moo, nnang lo batle Bogosi jwa gagwe, mme dilo tseno lo tla di okelediwa.+ 32  “Letsomanyane,+ se boifeng, ka gonne Rraalona o itumeletse go lo naya Bogosi.+ 33  Rekisang dilo tsa lona lo bo lo ntsha dimpho tsa kutlwelobotlhoko.*+ Itireleng dikgetsana tsa madi tse di sa onaleng, e leng letlotlo le le kwa magodimong+ le le ka se kang la senyega, kwa legodu lepe le ka se kang la fitlha gone le kwa motoutwane* o ka se kang wa ja gone. 34  Gonne kwa letlotlo la lona le leng gone, dipelo tsa lona le tsone di tla nna gone koo. 35  “Aparang mme lo nne lo ipaakantse*+ e bile lo tshube dipone tsa lona,+ 36  mme lo nne jaaka banna ba ba letetseng mong wa bone gore a boe+ kwa lenyalong,+ gore fa a goroga mme a kokota, ba tle ba mmulele ka bonako. 37  Go itumela batlhanka ba e reng fa mong wa bone a tla a bo a ba fitlhela ba disitse! Ammaaruri ke a lo bolelela, o tla apara khiba a bo a ba laela gore ba nne fa tafoleng mme o tla tla fa go bone a bo a ba naya dijo. 38  Mme fa a tla mo e ka nnang ka 9:00 bosigo go fitlha bosigogare,* le fa e le go tloga bosigogare go fitlha mo e ka nnang ka 3:00 mo mosong,* a bo a ba fitlhela ba ipaakantse, ba tla itumela! 39  Akanyang ka seno, fa mong wa ntlo a ne a itsile gore legodu le tla tla ka nako efe, o ne a ka se letlelele gore legodu leo le tsene mo ntlong ya gagwe.+ 40  Le lona, nnang lo ipaakantse, ka gonne Morwa motho o tla tla ka nako* e lo sa e lebelelang.”+ 41  Foo Petere o ne a re: “Morena, a o bolelela rona fela setshwantsho seno kgotsa o se bolelela le batho botlhe?” 42  Mme Morena o ne a re: “Tota molebedi yo o boikanyego,* yo o botlhale* ke mang, yo mong wa gagwe a tla mo tlhomang gore a okamele setlhopha sa gagwe sa batlhokomedi* gore a nne a ba naya dijo tse di lekaneng ka nako e e siameng?+ 43  Ruri motlhanka yoo o tla itumela fa mong wa gagwe a goroga mme a mo fitlhela a dira jalo! 44  Ammaaruri ke a lo bolelela, mong wa gagwe o tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe. 45  Mme fa motlhanka yoo a ka bua mo pelong a re, ‘Mong wa me o diega go tla,’ a bo a simolola go itaya batlhanka ba bangwe, a ja, a nwa e bile a tagwa,+ 46  mong wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le a sa le lebelelang le ka nako* e a sa e itseng, mme o tla mo otlhaya botlhoko a bo a mmaya le batho ba ba sa ikanyegeng. 47  Jaanong motlhanka yoo yo o neng a itse se mong wa gagwe a se batlang mme gone a ile a se ka a ipaakanya kgotsa a dira se a kopilweng gore a se dire,* o tla itewa thata.+ 48  Le fa go ntse jalo, yo o neng a sa itse e bile a ile a dira dilo tse a tshwanetseng go di iteelwa, ga a na go itewa thata. Eleruri, mongwe le mongwe yo o neng a newa go le gontsi, go tla batliwa go le gontsi mo go ene, le yo o neng a tlhomiwa gore a okamele dilo di le dintsi, go tla batliwa go le gontsi thata mo go ene.+ 49  “Ke tlile go gotsa molelo mo lefatsheng, mme e re ka o setse o gotsitswe, ke eng se sengwe se ke tla bong ke se batla? 50  Eleruri, go na le kolobetso e ke tshwanetseng go kolobediwa ka yone, mme ke tla nna ke tshwenyegile thata go fitlha e fela!+ 51  A lo akanya gore ke tlisitse kagiso mo lefatsheng? Nnyaa, le e seng, go na le moo ke tlisitse dikgaogano.+ 52  Gonne go tloga jaanong, go tla bo go na le batho ba le batlhano mo lelapeng le le lengwe mme ba sa utlwane, ba bararo ba sa utlwane le ba babedi mme ba babedi ba sa utlwane le ba bararo. 53  Ba tla bo ba sa utlwane, rre a sa utlwane le morwawe le morwa a sa utlwane le rraagwe, mmê a sa utlwane le morwadie le morwadi a sa utlwane le mmaagwe, matsale a sa utlwane le ngwetsi le ngwetsi e sa utlwane le matsale.”+ 54  Go tswa foo, o ne a bua le boidiidi jwa batho a re: “Fa lo bona leru le tlhatloga kwa bophirima, ka bonako fela lwa re, ‘Setsuatsue se etla,’ mme go direga jalo. 55  Mme fa lo bona phefo e foka e tswa kwa borwa, lwa re, ‘Go tla nna mogote thata,’ mme go nna jalo. 56  Baitimokanyi ke lona, lo kgona go lemoga gore maemo a bosa a tla nna jang, mme jaanong ke ka ntlha yang fa lo sa kgone go lemoga se se diregang mo nakong eno?+ 57  Ke ka ntlha yang fa gape lo sa ikatlholele gore ke eng se se siameng? 58  Ka sekai, fa wena le motho yo o nang le kgotlhang le ene lo ya kwa mmusing, lekang go rarabolola kgang ya lona lo sa ntse lo le mo tseleng, gore a se ka a go isa fa pele ga moatlhodi, mme moatlhodi a bo a go isa kwa modireding wa kgotlatshekelo, mme modiredi wa kgotlatshekelo a bo a go tsenya mo kgolegelong.+ 59  Ke a go bolelela, ga o kitla o tswa koo go fitlha o duela ledinyana la gago la bofelo la tshipi.”*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “ka diasarione tse pedi.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “a e tlodisang matlho.”
Kgotsa gongwe “fa pele ga disinagoge.”
Kgotsa “ba batla botshelo jwa gago.” Bona “Psy·kheʹ,” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “kubita.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “dithunya.”
Kgotsa “dimpho tse di abelwang bahumanegi.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “mmoto.”
Seger., “Gatlhang matheka a lona.”
Seger., “ka nako ya bobedi ya go lebelela.”
Seger., “le fa e le ka ya boraro.”
Seger., “ura.”
Kgotsa “mookamedi wa ntlo.”
Kgotsa “yo o kelotlhoko.”
Kgotsa “batlhanka ba ntlo.”
Kgotsa “ura.”
Kgotsa “a dira go dumalana le thato ya gagwe.”
Seger., “lepetone ya bofelo.” Bona Dintlha B14.