Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 4

Tsela ya go Dirisa Madi

Tsela ya go Dirisa Madi

“Dithulaganyo di tlhomamisiwa thata, ka kgakololo.”—Diane 20:18

Rotlhe re tlhoka madi gore re tlamele ba malapa a rona ka dilo tse ba di tlhokang. (Diane 30:8) Mo godimo ga moo, ‘madi ke tshireletso.’ (Moreri 7:12) Ga go motlhofo gore banyalani ba bue ka madi, le fa go ntse jalo lo se ka lwa letla madi a baka mathata mo lenyalong la lona. (Baefeso 4:32) Banyalani ba tshwanetse go tshepana le go dira mmogo fa ba dira tshwetso ya gore ba tla dirisa madi jang.

1 ITHULAGANYENG SENTLE

SE BAEBELE E SE BUANG: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28) Go botlhokwa gore lo dire dithulaganyo mmogo gore lo tla dirisa madi a lona jang. (Amose 3:3) Buang gore lo tlhoka go reka eng le gore lo ka kgona go dirisa bokae. (Diane 31:16) Go nna le madi a go reka sengwe ga go reye gore lo tshwanetse go se reka. Lekang go tila dikoloto. Lo se ka lwa dirisa madi a a fetang a lo nang le one.—Diane 21:5; 22:7.

SE O KA SE DIRANG:

  • Fa lo saletswe ke madi kwa bowelong jwa kgwedi, dirang tshwetso ya gore lo tla a dirisa jang

  • Fa lo dirisitse madi a a fetang a lo nang le one, dirang dithulaganyo tsa gore lo tla fokotsa ditshenyegelo tsa lona jang. Ka sekai, go na le go ya diresetšhurenteng, apayang dijo mo lapeng

2 BUANG KA TSHOSOLOGO

SE BAEBELE E SE BUANG: “Aba ka boikanyegi [kgotsa “ikanyege mo dilong tsotlhe”], e seng fela mo ponong ya ga Jehofa, mme le mo ponong ya batho.” (2 Bakorintha 8:21) Bolelela molekane wa gago boammaaruri malebana le gore o amogela bokae le gore o dirisa bokae.

Ka metlha bua le molekane wa gago pele o dira ditshwetso tse di masisi tse di amanang le madi. (Diane 13:10) Go bua ka madi go tla dira gore go nne go na le kagiso mo lenyalong la lona. O se ka wa tsaya madi a o a amogelang e le a gago, a tseye e le a lelapa.—1 Timotheo 5:8.

SE O KA SE DIRANG:

  • Dumalanang ka madi a mongwe le mongwe wa lona a ka a dirisang lo sa rerisana

  • Lo se ka lwa emela gore go nne le mathata e bo e le gone lo buang ka madi