Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | LENYALO

Kafa o ka Itshwarelang ka Gone

Kafa o ka Itshwarelang ka Gone

KGWETLHO

Fa wena le molekane wa gago lo omana, gantsi lo fatolola dilo tse di fetileng, lo ngangisana ka dikgang tse dintsi tsa bogologolo tse lo ka bong lo sa bolo go di rarabolola. Seo se bakwa ke eng? Mongwe wa lona kgotsa loobabedi lo ka tswa lo sa kgone go itshwarela.

O ka kgona go ithuta go itshwarela. Le fa go ntse jalo, sa ntlha sekaseka gore ke ka ntlha yang fa monna le mosadi ba ka fitlhela go le thata jaana go itshwarelana.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Taolo. Batho bangwe ga ba itshwarele balekane ba bone ba lenyalo gore ba kgone go ba laola ka tsela nngwe. Mme fa go nna le kgotlhang, ba dirisa sengwe se se diragetseng mo nakong e e fetileng go laola balekane ba bone.

Sekgopi. Mabadi a a bakilweng ke phoso ya nako e e fetileng a ka tsaya nako e telele go fola. Molekane wa lenyalo a ka nna a re, ‘Ke go itshwaretse’ mme a bo a sa ntse a bolokile sekgopi ka ntlha ya se se diragetseng—gongwe e bile a eletsa go ipusolosetsa.

Go swabisiwa. Batho bangwe ba tsena mo lenyalong ba dumela ka pelo yotlhe gore ba tla tshela jaaka batho ba mo ditlhamaneng tsa marato. Ka jalo, fa go nna le kgotlhang, balekane bangwe ba gana go fetola tsela e ba lebang dilo ka yone, ba ipotsa gore go tla jang gore motho yo ba neng ba tsaya gore ba tshwanelana thata jaana le ene a bo a leba dilo ka tsela e sele. Go solofela dilo tse di sa kgonegeng go ka dira gore motho a sekamele thata mo go tshwayeng yo mongwe diphoso mme a se ka a ikemisetsa go itshwarela.

Go sa tlhaloganye. Balekane ba le bantsi ba lenyalo ga ba itshwarelane ka gonne ba sa tlhaloganye gore go itshwarela yo mongwe go kaya eng. Ka sekai:

Fa ke mo itshwarela, go raya gore ke tlhofofatsa phoso e a e dirileng.

Fa ke mo itshwarela, ke tshwanetse go lebala se se diragetseng.

Fa ke mo itshwarela, ke mo letla gore a nkutlwise botlhoko gape.

Eleruri go itshwarela ga go kaye sepe sa dilo tse di fa godimo. Le fa go ntse jalo, go itshwarela yo mongwe go ka nna boima —segolobogolo mo bathong ba ba atamalaneng thata jaaka monna le mosadi.

SE O KA SE DIRANG

Tlhaloganya gore go itshwarela go akaretsa eng. Mo Baebeleng, gantsi lefoko “go itshwarela” le kaya “go tlogela.” Ka jalo, go itshwarela ga go kaye gore ka metlha o tshwanetse wa lebala se se diragetseng kgotsa wa tlhofofatsa phoso e e dirilweng. Ka dinako tse dingwe go kaya fela gore o tlhoka go tlogela kgang eo gore o itumele le gore lenyalo la gago le tsamaye sentle.

Lemoga ditlamorago tsa go sa itshwarele. Baitse bangwe ba re go boloka sekgopi go ka go tsenya mo kotsing ya gore o lwale mo mmeleng le gore o tshwarwe ke malwetse a a amang maikutlo, go akaretsa go tshwenyega thata mo maikutlong le haebolate—re sa bue sepe ka tsela e go ka senyang lenyalo la gago ka yone. Go a utlwala go bo Baebele e re: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile.”—Baefeso 4:32.

Lemoga melemo ya go itshwarela. Moya wa go itshwarela o letla gore wena le molekane wa gago lo kgone go amogela gore yo mongwe o ne a sa dire phoso ka boomo go na le go nnela go bala diphoso tse di dirilweng. Mme seo se thusa gore lo nne lo sa boloke sekgopi le gore lorato lwa lona lo gole.—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 3:13.

Leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Go motlhofo go itshwarela molekane wa gago fa o mo amogela jaaka a ntse le makoa a gagwe. Buka ya Fighting for Your Marriage ya re: “Fa o tlhoma mogopolo mo dilong tse o se nang tsone, go motlhofo thata go lebala tsotlhe tse o nang le tsone. O tla tlhoma mogopolo mo go dife?” Gakologelwa gore ga go na ope yo o itekanetseng—le fa e le wena tota.—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 3:2.

Nna tekatekano. Nako e e tlang fa o kgopisiwa ke sengwe se molekane wa gago a se dirileng kgotsa a se buileng, ipotse jaana: ‘A kgang eno e botlhokwa go le kalo? A ke tshwanetse go mo pateletsa gore a ikope maitshwarelo, a kgotsa ke sengwe se nka se tlodisang matlho fela?’—Molaomotheo wa Baebele: 1 Petere 4:8.

Fa go tlhokega, tlotlang ka kgang eo. Mo tlhalosetse o digile makgwafo gore ke eng se se go utlwisitseng botlhoko le gore ke ka ntlha yang fa se go tshwere ka tsela eo. O se ka wa tsaya gore molekane wa gago o na le maitlhomo a a sa siamang kgotsa wa tatalala ka gonne seno se ka dira fela gore molekane wa gago a iphemele. Go na le moo, tlhalosetsa molekane wa gago fela gore se a se dirileng se go amile jang.