Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | LENYALO

Go Kopa Maitshwarelo

Go Kopa Maitshwarelo

KGWETLHO

Wena le molekane wa gago lo sa tswa go ngangisana. O ipolelela jaana, ‘Ga ke tlhoke go kopa maitshwarelo, ga se nna ke simolotseng!’

O tswa mo kgannyeng eo mme gone maikutlo a sa ntse a ile magoletsa. O akanya go kopa maitshwarelo mme go thata gore o re, “Intshwarele.”

GORENG GO LE THATA?

Boikgogomoso. Monna mongwe yo o bidiwang Charles a re: “Ka dinako dingwe boikgogomoso bo dira gore go nne thata gore ke kope maitshwarelo.” * Boikgogomoso bo ka dira gore o tlhabiwe ke ditlhong go amogela gore le wena o molato.

Tsela e o lebang dilo ka yone. O ka tswa o akanya gore o tshwanetse go kopa maitshwarelo fela fa e le wena o dirileng phoso. Mosadi mongwe yo o bidiwang Jill a re: “Fa ke itse sentle gore ke nna ke dirileng phoso, go motlhofo gore ke kope maitshwarelo. Mme go nna thata fa e le gore roobabedi re buile dilo tse di utlwisang botlhoko. Goreng ke tshwanetse go kopa maitshwarelo fa rotlhe re le phoso?”

Gongwe o ka nna wa se ka wa kopa maitshwarelo fa o akanya gore ke molekane wa gago a dirileng phoso. Monna mongwe yo o bidiwang Joseph a re: “Fa o akanya gore ga o a dira sepe se se phoso, o nna le seipato sa go sa kope maitshwarelo.”

Tsela e o godisitsweng ka yone. Gongwe o goletse mo lelapeng le go neng go se motlhofo go utlwa motho a kopa maitshwarelo. Fa go le jalo, o ka tswa o sa ithuta go amogela fa o dirile phoso. Fa o sa rutiwa go kopa maitshwarelo o sa le monnye, go nna thata go dira jalo fa o setse o godile.

SE O KA SE DIRANG

Go kopa maitshwarelo go ka fokotsa bogale

Akanyetsa molekane wa gago. Leka go akanya ka nako ya fa mongwe a ne a kopa gore o mo itshwarele le kafa o neng wa ikutlwa ka gone. Goreng o sa dire gore molekane wa gago a ikutlwe jalo? Tota le fa o akanya gore ga o molato, o ka nna wa kopa maitshwarelo mo molekaneng wa gago go bo a utlwile botlhoko kgotsa gore o ne o sa ikaelela go mo utlwisa botlhoko. Seo se ka dira gore a ikutlwe botoka.—Molaomotheo wa Baebele: Luke 6:31.

Akanya ka lenyalo la gago. O se ka wa akanya gore go kopa maitshwarelo ke go bontsha gore o bokoa, go na le moo, go tseye e le go sireletsa lenyalo la gago. Tota e bile, Diane 18:19 ya re motho yo o nnang a kgopisegile “o thata go feta motse o o nonofileng.” Go thata e bile go ka nna ga se ka ga kgonega gore go nne le kagiso fa motho a ntse jalo. Mme fa o kopa maitshwarelo, o dira gore maemo a se ka a nna maswe le go feta e bile o bontsha gore lenyalo la gago le botlhokwa go gaisa sengwe le sengwe.—Molaometheo wa Baebele: Bafilipi 2:3.

Nna bonako go kopa maitshwarelo. Ke boammaaruri gore go thata go kopa maitshwarelo fa o itse gore ga se wena fela o leng phoso. Mme gone, o se ka wa dirisa diphoso tsa molekane wa gago e le seipato sa go bo o sa itshware sentle. Ka jalo, o se ka wa akanya gore go okaoka go kopa maitshwarelo go tla dira gore fa nako e ntse e tsamaya molekane wa gago a lebale. Fa o itlwaetsa go kopa maitshwarelo, o dira gore go nne motlhofo gore molekane wa gago le ene a kope maitshwarelo.—Molaomotheo wa Baebele: Mathaio 5:25.

Bua go tswa pelong. Go dira diipato ga go tshwane le go kopa maitshwarelo. Mme go bua ka tshotlo o re, “Intshwarele, ke ne ke sa itse gore kgang eno e tla go kgopisa motlhofo jaana,” ga se go kopa maitshwarelo le e seng! Amogela gore o phoso le gore se o se dirileng se utlwisitse molekane wa gago botlhoko, le fa gone o akanya gore go ne go sa tlhokege gore a bo a utlwile botlhoko.

Amogela. Amogela gore le wena o tla dira diphoso. Tota e bile, rotlhe re dira diphoso! Tota le fa o akanya gore ga o phoso, itse gore molekane wa gago o na le mabaka a a utlwalang ka se se diragetseng. Baebele ya re: “Mmegi wa molato e kete o siame mo tshekong ya gagwe, mme go tla mongwe-ka-ene a bo a mmotsolotsa.” (Diane 18:17, Tswana Central) Fa o amogela gore le wena o dira diphoso, go tla nna motlhofo gore o kope maitshwarelo.

^ ser. 7 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.