Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BATHO LE DINAGA

Go Etela Costa Rica

Go Etela Costa Rica

MAKGOLO a le matlhano a dingwaga a a fetileng, Ba-Spain ba ne ba etela kgaolo eno. Ba ne ba e bitsa Costa Rica (Lotshitshi lo lo Humileng), ba akanya gore ba ne ba tla bona gauta e ntsi—mme seo e ne ya nna matsapa a bophiri. Gompieno naga eno e itsege e le naga ya dimela le diphologolo tse dintsi e seng e le motswedi wa dimetale tsa botlhokwa.

Ba-Costa Rica ba bidiwa Ba-Tico ka gonne ba tlwaetse go dirisa “-ico” kwa bofelong jwa mafoko go nyenyefatsa dilo. Ka sekai, go na le gore ba re “un momento” (ema go se kae), ba ka re “un momentico” (ema go sekaenyana). Mo puong e ba e dirisang letsatsi le letsatsi gantsi ba re “¡pura vida!” (botshelo jo bo phepa!) fa ba leboga kgotsa ba dumalana kgotsa ba dumedisa kgotsa ba laela.

Dikgwa tsa Costa Rica di na le dimela le diphologolo tse di farologaneng le tse di kgatlhang tse di jaaka segwagwa sa matlho a mahibidu sa setlhare (Agalychnis callidryas)

Dingwe tsa dijo tse Ba-Costa Rica ba di ratang ke gallo pinto (e fa e ranolwa jaaka e ntse e kayang “mokoko o o marontho”)—raese le dinawa tse di apeilweng di sa kopanngwa di bo di tsenngwa ditswaiso. Gallo pinto e ka jewa mo mosong, motshegare kgotsa maitseboa. Ba itirela café chorreado—kofi e e tshelwang mo setlhomong se gantsi se dirwang ka logong se se tsentsweng letsela mo teng.

Go na le diphuthego di ka nna 450 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Costa Rica. Dipokano tsa bone di tshwarwa ka dipuo di le lesome, go akaretsa Puo ya Diatla ya Costa Rica le dipuo tse pedi tsa baagi ba kwa Costa Rica —Bribri le Cabecar.

A O NE O ITSE? Kwa Costa Rica go bonwe maje a a gabilweng a le makgolokgolo a a kgolokwe e bile a le borethe. Le legolo go a feta otlhe ke la boleele jwa dimmetara di le 2,4. Go akanngwa gore mangwe a one a na le dingwaga di feta 1 400. Ga go ope yo o itseng lebaka la go bo a dirilwe!

Maje a a kgolokwe