Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG

Go Betšha

Go Betšha

Batho ba bangwe ba leba go betšha go itshiametse fela, mme ba bangwe bone ba re go kotsi.

A go betšha go phoso?

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba bantsi ba re go betšha ke go ijesa monate mo go seng kotsi fa go le ka fa molaong. Mefuta mengwe ya go betšha e e ka fa molaong, e e jaaka dilothari tse di tshegediwang ka madi a puso, e dira lotseno e bo e thusa setšhaba ka lone.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ga e bue sepe ka go betšha. Mme gone e na le melaometheo e le mmalwa e e bontshang kafa Modimo a ikutlwang ka gone ka go betšha.

Go betšha, e leng go gapa madi a batho ba bangwe, ga go dumalane le tlhagiso ya Baebele ya gore re “itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe.” (Luke 12:15) Ke boammaaruri gore go betšha go tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha. Ditheo tse di bapatsang metshameko ya go betšha di bontsha batho ba gapa madi a mantsi mme di sa ntshe boammaaruri jotlhe ka gonne di itse gore dipapatso tseo di tla tlhotlheletsa batho gore ba betšhe ka madi a mantsi gore ba hume. Go na le gore go betšha go thuse batho go tila go nna pelotshetlha, go godisa keletso ya bone ya gore ba batle go huma ka bonako.

Go betšha go dirwa ka boikaelelo bo le bongwe: go gapa madi a ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Baebele e kgothaletsa gore mongwe le mongwe “a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24) Mme mongwe wa Melao e e Lesome wa re: “O se ka wa eletsa . . . sepe fela se e leng sa mongwe ka wena.” (Ekesodo 20:17) Fa motho a betšha tota o a bo a tshwere pelo ka letsogo gore ba bangwe ba latlhegelwe ke madi gore ene a a bone.

Gape Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra batla masego mo maatleng mangwe a a sa tlwaelegang. Kwa Iseraele wa bogologolo, batho ba ba neng ba tlhaela tumelo mo Modimong ba ne ba simolola go “rulaganyetsa modimo wa Masego tafole.” A Modimo o ne a amogela kobamelo eo ya “modimo wa Masego”? Nnyaa, o ne a ba raya a re: “Lo ne lwa nna lwa dira se se bosula mo matlhong a me, lwa tlhopha selo se se sa intumediseng.”—Isaia 65:11, 12.

Ke boammaaruri gore mo dinageng tse dingwe madi a metshameko e e ka fa molaong ya go betšha a dirisediwa go duelela dithuto, go tlhabolola ikonomi le dilo dingwe tse di amang setšhaba. Mme tsela e madi ao a dirisiwang ka yone ga e fetole gore a bonwe jang, e leng ka ditiro tse di kgothaletsang bopelotshetlha, moya wa go ikakanyetsa o le nosi le go batla dilo tsa mahala.

“O se ka wa eletsa . . . sepe fela se e leng sa mongwe ka wena.” Ekesodo 20:17.

Go betšha go na le ditlamorago dife tse di botlhoko?

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ya re “ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.” (1 Timotheo 6:9) Go betšha go tlhotlhelediwa ke “bopelotshetlha” e bile Baebele ya re ke bongwe jwa boitsholo jo re tshwanetseng go bo tila.—Baefeso 5:3.

E re ka go betšha go kgothaletsa batho go huma ka bonako, go dira gore batho ba nne le lorato lwa madi—e leng se Baebele e reng “ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” Motho a ka rata madi thata mo go ka dirang gore a tlhobaele ga bo ga dira gore a senye kamano ya gagwe le Modimo. Baebele e tshwantsha batho ba ba ratang madi le batho ba ‘ba itlhabakakang ka ditlhabi di le dintsi.’—1 Timotheo 6:10.

Bopelotshetlha bo dira gore motho a se ka a kgotsofalela madi a a nang le one e bile go mo amoga boitumelo. “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.”—Moreri 5:10.

Batho ba le bantsi ba wetse mo serung sa go betšha. Bothata jono bo aname ka gonne dipatlisiso di bontsha gore mo United States fela batho ba le dimilione ba tshwakgotswe ke go betšha.

Seane sengwe sa re: “Boswa bo bonwa ka bogagaru la ntlha, mme isagwe ya jone ga e na go segofadiwa.” (Diane 20:21) Go betšha go tsentse batho ba le bantsi mo dikolotong, go dirile gore ba tlhoke madi kgotsa ba felelwe ke ditiro, ba latlhegelwe ke ditsala le go thubegelwa ke manyalo. Go dirisa se Baebele e se buang go ka thusa motho go tila dikotsi tse di botlhoko tsa go betšha tse di ka mo sulafaletsang botshelo tsa bo tsa mo amoga boitumelo.

“Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.”1 Timotheo 6:9.