Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Dirisa Thekenoloji Sentle?

A o Dirisa Thekenoloji Sentle?

Jenni o nna fela a tshameka motshameko wa bidio. A re: “Ke o tshameka diura di le robedi ka letsatsi, e setse e le bothata.”

Dennis o lekile go nna malatsi a le supa a sa dirise didirisiwa tsa gagwe tsa ileketeroniki e bile a sa tsene mo Internet. Mme o kgonne go dira jalo ka diura di le 40 fela.

Jenni le Dennis ga se basha. Jenni, mmè wa bana ba le banè o na le dingwaga di le 40. Dennis o na le dingwaga di le 49.

A O DIRISA thekenoloji? * Ba le bantsi ba ka re ee, mme go a utlwala go bo ba rialo. Didirisiwa tsa ileketeroniki di thusa tota ka tsa tiro, go ikgolaganya le batho le go itlosa bodutu.

Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jenni le Dennis, go lebega batho ba le bantsi ba fetsa nako e ntsi ba dirisa didirisiwa tsa bone tsa thekenoloji. Ka sekai, Nicole wa dingwaga di le 20 a re: “Tota nna le founu ya me re monwana le lenala. Ke nna fela ke e tshwere. Ke tlhakana tlhogo fa ke le mo lefelong le le se nang network, mme morago ga ura le halofo ke a bo ke gakaletse go bona melaetsa gape. Ruri go tlhabisa ditlhong!”

Batho ba bangwe ba nna ba tlhola melaetsa le dilo tse di tlhabolotsweng mo didirisiweng tsa bone bosigo jotlhe. Ba ka bobola fa ba sa dirise didirisiwa tsa bone. Babatlisisi bangwe ba re tsela eno e batho ba itshwarang ka yone ke go tshwakgoga—e ka ne e le go tshwakgolwa ke thekenoloji ka boyone kgotsa sengwe mo Internet kgotsa sedirisiwa sengwe se se jaaka smartphone. Go na le gore batho ba bantsi ba re mokgwa ono ke go “tshwakgoga” ba o bitsa go sa laole thekenoloji, go e dirisa ka tsela e e feteletseng kgotsa gore ke bothata.

Go sa kgathalesege gore e bidiwa eng, go sa dirise thekenoloji ka botlhale go ka nna kotsi. Mo maemong a mangwe e dira gore malapa a se ka a fetsa nako mmogo. Ka sekai, mosetsana wa dingwaga di le 20 o ne a ngongorega jaana: “Rre ga a tlhole a itse se se diregang mo botshelong jwa me. O nna mo phaposing ya go itapolosa a bo a bua le nna a ntse a kwala melaetsa. O nna fela mo founong. Gongwe papa o amega ka nna mme ka dinako dingwe go lebega e kete ga a amege.”

Tharabololo

Dinaga tse di jaaka China, Korea Borwa, United Kingdom le United States di tlhomile mafelo a go thusa batho ba ba tshwakgotsweng ke thekenoloji mme fa ba le koo ga ba letlelelwe go tsena mo Internet kgotsa go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki ka malatsi a le mmalwa. Ka sekai, akanya ka Brett, mosha yo o reng o ne a tshameka metshameko ya Internet diura di ka nna 16 ka letsatsi. A re: “Fa ke tsena mo Internet go nna jaaka e kete ke ja diokobatsi.” Fa Brett a ne a ya kwa lefelo le le thusang batho ba ba nang le bothata jono o ne a setse a latlhegetswe ke tiro, a sa tlhole a le phepa mo mmeleng e bile a se na ditsala. O ka tila seo jang?

O DIRISA THEKENOLOJI JANG? Sekaseka gore thekenoloji e go ama jang. Ipotse dipotso tse di latelang:

  • A ke a galefa fa ke sa kgone go tsena mo Internet kgotsa go dirisa sedirisiwa sa me sa ileketeroniki?

  • A ke dirisa Internet kgotsa sedirisiwa sa ileketeroniki diura tse dintsi morago ga nako e ke ipeetseng gore ke tla emisa?

  • A ke nnela go leba melaetsa bosigo ke sa robale diura tse ke tshwanetseng go di robala?

  • A tsela e ke dirisang thekenoloji ka yone e dira gore ke tlhokomologe lelapa la me? A ba lelapa la me ba tla dumalana le karabo ya me?

Fa e le gore tsela e o dirisang thekenoloji ka yone e dira gore o tlhokomologe “dilo tse di botlhokwa thata”—go akaretsa lelapa la gago kgotsa maikarabelo mangwe—o tshwanetse go dira diphetogo ka bonako. (Bafilipi 1:10) O ka dira seo jang?

IPEELE MELELWANE. Tota le dilo tse di siameng fa di fetelediwa di ka nna kotsi. Le fa o ka tswa o dirisa thekenoloji kwa tirong kgotsa go itlosa bodutu, ipeele melelwane ya gore o tla e dirisa go fitlha leng o bo o e latele.

Kgakololo: Goreng o sa kope mongwe mo lelapeng kgotsa tsala ya gago gore ba go thuse? Baebele ya re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, . . . gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.”—Moreri 4:9, 10.

O se ka wa letla gore dilo tse di itshiametseng di go “tshwakgole”

Le fa didirisiwa tsa bosheng di dira gore go nne motlhofo go bona kgotsa go fetisa tshedimosetso ka bonako, go dirisa thekenoloji ka tsela e e sa siamang go tla nna go oketsega. Mme o se ka wa letla gore dilo tse di itshiametseng di go “tshwakgole.” Fa o “ithekela nako” o ka tila go dirisa thekenoloji ka tsela e e sa siamang.—Baefeso 5:16.

^ ser. 5 Mo setlhogong seno lefoko “thekenoloji” le kaya didirisiwa tsa ileketeroniki tse o ka di dirisang go bona le go fetisa tshedimosetso ka di-email, go founa, go romela melaetsa, dibidio, mmino, metshameko le dinepe.