Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Metshameko ya Ileketeroniki?

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Metshameko ya Ileketeroniki?

 Dipotso ka metshameko ya ileketeroniki

 Kwa United States, kwa metshameko ya ileketeroniki e leng kgwebo e e dirang dibilionebilione tsa didolara gone . . .

  1.   Palogare ya dingwaga tsa batho ba ba tshamekang metshameko ya ileketeroniki ke dingwaga tse kae?

    1.   18

    2.   30

  2.   Batho ba ba tshamekang metshameko ya ileketeroniki, gantsi ke ba bong bofe?

    1.   Diperesente di le 55 ke basimane; diperesente di le 45 ke basetsana

    2.   Diperesente di le 15 ke basimane; diperesente di le 85 ke basetsana

  3.   Mo ditlhopheng tseno tse pedi, ke bafe ba bontsi jwa bone ba tshamekang metshameko eno?

    1.   Basetsana ba dingwaga tse 18 go ya kwa godimo

    2.   Basimane ba dingwaga tse 17 go ya kwa tlase

 Dikarabo (di theilwe mo tshedimosetsong ya 2013):

  1.   B. 30.

  2.   A. Basetsana ke diperesente di le 45​—mo e ka nnang halofo​—ya batshameki botlhe.

  3.   A. Basadi ba dingwaga tse 18 go ya kwa godimo ke diperesente tse 31 tsa batho ba ba tshamekang metshameko ya ileketeroniki, mme basimane ba dingwaga tse 17 go ya kwa tlase ke diperesente di le 19.

 Dipalopalo tseno di ka go thusa go lemoga gore ke bomang ba ba tshamekang. Mme ga di go bontshe diphelelo​—tse di molemo kgotsa tse di bosula​—tse metshameko ya ileketeroniki e ka nnang le tsone mo go wena.

 Se se molemo ka yone

 O dumalana le mafoko afe mo go a a latelang a a kaga metshameko ya ileketeroniki?

  •  “Ke tsela e e monate ya go atamalana le ba lelapa le ditsala.”​—Irene.

  •  “Ke tsela e e molemo ya go itebatsa se se diregang mo botshelong.”​—Annette.

  •  “E go thusa gore o kgone go akanya ka bonako.”​—Christopher.

  •  “E go thusa go nna le bokgoni jwa go rarabolola dilo.”​—Amy.

  •  “E dira gore tlhaloganyo ya gago e bereke; e dira gore o kgone go akanya, go rulaganya dilo le go loga maano.”​—Anthony.

  •  “Metshameko mengwe e kgothaletsa batho go dirisana sentle e le setlhopha sa ditsala.”​—Thomas.

  •  “Metshameko mengwe e go thusa go ikatisa mmele le go itekanela sentle.”​—Jael.

 A o dumalana le mangwe a mafoko ao​—kgotsa o dumalana le one otlhe? Metshameko ya dibidio e ka nna le diphelelo tse di molemo mo tlhaloganyong le mo mmeleng. Le fa metshameko mengwe e le tsela fela ya go tsamaisa nako e bile​—jaaka Annette a tlhalosa​—e le “tsela e e molemo ya go itebatsa se se diregang mo botshelong,” ga se ka metlha e leng phoso.

 ● Baebele ya re go na le “nako ya tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo,” go akaretsa boitlosobodutu.​—Moreri 3:1-4.

 Se se bosula ka yone

 A metshameko ya ileketeroniki e go jela nako?

 “Fa nka simolola go tshameka, go nna thata gore ke tlogele. Ke nna ke re, ‘Mma ke tshameke la bofelo!’ Go ise go ye kae, go setse go fetile diura di le mmalwa mme ke feditse nako e ntsi thata ke le fa pele ga sekirini!”​—Annette.

 “Metshameko ya dibidio e ka go jela nako e ntsi thata. O fetsa diura di le dintsi o tshameka mme o bo o akanya gore o fitlheletse sengwe ka gonne o fentse metshameko e le metlhano, mme tota ga o a fitlhelela sepe gotlhelele.”​—Serena.

 Sa botlhokwa: Fa o ka latlhegelwa ke madi, o ka nna wa kgona go a bona gape. Mme ga go a nna jalo ka nako. Ka jalo, ka tsela nngwe, nako e botlhokwa go feta madi. O se ka wa itetla go tsiediwa!

 ● Baebele ya re: “Tswelelang lo tsamaya ka botlhale . . . , lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng.”​—Bakolosa 4:5.

 A metshameko ya ileketeroniki e ama tsela e o akanyang ka yone?

 “Fa o tshameka motshameko wa bidio, o dira se go ka tweng ke melato e o ka e otlhaelwang ka go isiwa kgolegelong kgotsa ka loso, go se tsapa le le go fisang pelo.”​—Seth.

 “Mo metshamekong e le mentsi, o tshwanetse go fenya baba gore o fitlhelele mokgele wa gago. Gantsi seno se kaya go ba bolaya ka ditsela tse di farologaneng tse di setlhogo thata.”​—Annette.

 “Ka dinako tse dingwe o ka raya ditsala tsa gago mafoko a o ka se dumeleng gore o a buile​—a a jaaka ‘Swa!’ kgotsa ‘Ke tlile go go bolaya!’”​—Nathan.

 Sa botlhokwa: Tila metshameko e e rotloetsang dilo tse Modimo a di tlhoileng, go akaretsa thubakanyo, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le tirisabadimo.​—Bagalatia 5:​19-​21; Baefeso 5:​10; 1 Johane 2:​15, 16.

 ● Baebele ya re Jehofa o “tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo”​—e seng fela yo o dirang thubakanyo. (Pesalema 11:5) Tota le fa mofuta wa metshameko e o e tlhophang ya ileketeroniki e sa bontshe gore o tla nna motho wa mofuta mang, e ka bontsha gore o setse o le motho wa mofuta mang.

 Se o ka akanyang ka sone: Go ya ka buka ya Getting to Calm, “go tshameka metshameko ya bidio e e nang le thubakanyo go ka ama boitshwaro go feta thelebishene, ka gonne mo go yone bana ga ba lebelele mogaka yo o setlhogo wa mmolai fela​—ke bone mogaka yoo. E re ka metshameko e ruta fela jaaka morutabana a ruta mo phaposing ya borutelo, totatota e ruta bana thubakanyo.”​—Bapisa Isaia 2:4.

 Se tota se diregang

 Basha ba le bantsi ba ithutile go dirisa metshameko ya ileketeroniki ka tekatekano. Akanya ka dikai tseno tse pedi.

 “Nkile ka bo ke tshameka metshameko ya ileketeroniki go fitlha bosigo thata, ke ipolelela jaana: ‘Akere ke tlhoka go robala diura tse tlhano fela? Mma ke tshameke la bofelo.’ Mme jaanong ke ithutile go tshameka metshameko ya ileketeroniki ka selekanyo se se tshwanetseng. Ke bona go e tshameka e le boitlosobodutu jo bo monate jo nka bo dirang ka dinako dingwe. Mme sengwe le sengwe se tshwanetse go dirwa ka tekanyetso.”​—Joseph.

 “Ke fokoditse nako e ke e fetsang ke tshameka metshameko eno mme ke kgona go dira dilo tse dintsi go feta pele! Ke kgonne go tokafatsa bodiredi jwa me, go leka go thusa ba bangwe mo phuthegong, tota le go ithuta go letsa seletswa sa mmino. Go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse o ka di dirang!”​—David.

 ● Baebele ya re banna le basadi ba ba godileng mo tlhaloganyong ba “tekatekano mo mekgweng.” (1 Timotheo 3:​2, 11) Ba itumelela boitlosobodutu mme ba itse gore ke leng ba tshwanetseng go tlogela e bile ba na le boikgapo jwa go dira jalo.​— Baefeso 5:​10.

 Sa botlhokwa: Go tshameka metshameko ya ileketeroniki e ka nna boitlosobodutu jo bo molemo fa go laolwa sentle. Mme o se ka wa letla metshameko e laola nako ya gago kgotsa e dira gore o se ka wa tlhola o tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa mo botshelong. Go na le go tlhoma mogopolo thata mo go lekeng go fitlhelela mokgele mongwe mo motshamekong, a go ka se nne botoka go dirisa matsapa ao go fitlhelela mekgele ya gago gore o nne mofenyi mo botshelong jwa mmatota?