Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A A TLHAMILWE?

Maotwana a a Lomaganang a Tsie ya Issus

Maotwana a a Lomaganang a Tsie ya Issus

GA GO bolo go akanngwa gore metšhine e e nang le maotwana a a lomaganang e bontsha gore batho ba botlhale. Mme go ne ga lemogiwa gore seo ga se boammaaruri! Maotwana a a lomaganang a bonwe mo setsheding sengwe—tsie e nnye ya Issus, e e fitlhelwang mo ditshingwaneng tsa kwa Yuropa. *

Tsie eno e kgona go tlola dimetara di ka nna 3.9 ka motsotswana e bo e kgorometsa mmele wa yone ka makgetlo a le 200 go feta kafa maatla kgogedi a dirang ka gone! E kgona go tsapoga ka ponyo ya leitlho. Gore e kgone go tsapoga jalo, maoto a yone a mabedi a kwa morago a tshwanetse go dirisa maatla a a lekanang ka nako e le nngwe. E kgona jang go dira seno?

Akanya ka seno: Baitsesaense ba ne ba lemoga gore maoto a a kwa morago a tsie eno a na le maotwana a mabedi a a lomaganang fa e tsapoga. Go lomagana jalo go thusa gore maoto a yone a tsapoge ka nako e le nngwe le ka maatla a a lekanang. Fa seno se sa direge e tla dikologa go na le gore e tsapoge!

Ditshedi tse dingwe tse dikgolo di ikaega ka ditshika tsa mmele tse di tsamaisanang le boboko le mokwatla gore maoto a tsone a tlole ka nako e le nngwe. Mme seno se ne se tla diegela tsie eno. Ka jalo, e dirisa maoto a a lomaganang fa e tlola. Mokwadi le mmatlisisi e bong Gregory Sutton a re: “Gantsi fa re akanya ka metšhine ya maotwana a a lomaganang re akanya ka selo se se dirilweng ke batho.” O oketsa ka gore seno se bakwa ke gore “ga re a dira dipatlisiso tse di tseneletseng.”

O akanyang? A maotwana a a lomaganang a tsie ya Issus a itlhagetse ka boone fela? Kgotsa a a tlhamilwe?

^ ser. 3 Meno a maotwana a a lomaganang a tshenekegi eno a a fela fa e gola.