Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Kgona go go Utlwela Botlhoko?

A Modimo o Kgona go go Utlwela Botlhoko?

SE RE SE ITHUTANG MO DILONG TSE MODIMO A DI BOPILENG

Motho yo o kutlwelobotlhoko o “kgona go utlwa botlhoko jo motho yo mongwe a bo utlwang kgotsa go ipaya mo seemong se motho yoo a leng mo go sone.” Ngaka e e ithutang ka malwetse a tlhaloganyo e bong Rick Hanson a re “go mo mading go utlwela ba bangwe botlhoko.”

AKANYA KA SENO: Ga re tshwane le ditshedi tse dingwe ka gonne re kgona go utlwela ba bangwe botlhoko. Ke eng se se dirang gore re nne jalo? Baebele ya re Modimo o re bopile mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:26) Seo se raya gore le rona re kgona go nna le botho jo bo tshwanang le jwa Modimo. Ka jalo, fa re utlwela batho botlhoko re bo re ba thusa, re etsa sekao sa Mmopi wa rona yo o kutlwelobotlhoko e bong Jehofa Modimo.—Diane 14:31.

BAEBELE E RE RUTA GORE MODIMO O RE UTLWELA BOTLHOKO

Modimo ga a rate go re bona re boga ka gonne go mo utlwisa botlhoko. Baebele e bua jaana fa e tlhalosa tsela e Modimo a ileng a ikutlwa ka yone fa a bona Baiseraele ba bogisiwa ke Baegepeto le dilo tse di ileng tsa ba diragalela mo dingwageng tse 40 tse ba di feditseng ba le mo nageng: “Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.” (Isaia 63:9) Ga se gore Modimo o ne a itse fela dilo tse di botlhoko tse di neng di ba diragalela. O ne a utlwa botlhoko jo ba neng ba bo utlwa. O ile a re: “Ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” (Ekesodo 3:7) Gape Modimo o ile a re: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Sekarea 2:8) Fa ba bangwe ba re utlwisa botlhoko, le ene o utlwa botlhoko.

Le fa re na le go ikutlwa re se batho ba sepe kgotsa re akanya gore Modimo ga a re utlwele botlhoko, Baebele ya re “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.” (1 Johane 3:19, 20) Modimo o re itse botoka thata go gaisa tsela e re ikitseng ka yone. O itse maemo a re leng mo go one, dilo tse re di akanyang le tsela e re ikutlwang ka yone mme o re utlwela botlhoko.

Re ka tshepa Modimo gore o tla re gomotsa, go re naya botlhale le go re thusa ka gonne o ikemiseditse go thusa batho ba ba nang le mathata

Baebele ya re

  • “O ne o tla bitsa, mme Jehofa o ne a tla araba; o ne o tla goa o kopa thuso, mme o ne a tla re, ‘Ke fano!’”—ISAIA 58:9.

  • “‘Gonne ke itse sentle dikakanyo tse ke di akanyang ka lona,’ go bua Jehofa, ‘dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo. Mme eleruri lo tla mpitsa lo bo lo tla go nthapela, ke tla lo reetsa.’”—JEREMIA 29:11, 12.

  • “A ko o tsenye dikeledi tsa me mo modutwaneng wa gago. A ga di mo bukeng ya gago?”—PESALEMA 56:8.

MODIMO O A BONA, O A TLHALOGANYA E BILE O RE UTLWELA BOTLHOKO

A go itse gore Modimo o re utlwela botlhoko go ka re thusa fa re na le mathata? Akanya ka se se diragaletseng Maria:

“Botshelo bo ile jwa nna thata fa ke sena go tlhokafalelwa ke morwaake wa dingwaga tse 18 yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jwa kankere. Ke ne ke utlwile botlhoko tota e bile ke galefetse Jehofa ka gonne ke ipotsa gore ke eng a ne a sa mo fodise.

“Morago ga dingwaga di le thataro, ke ile ka tlotla le tsala ya me ya mo phuthegong ke mmolelela gore ke ikutlwa e kete Jehofa o ne a sa nthate. Go ile ga feta diura a ntheeditse e bile a sa ntsene ganong, morago ga moo, o ile a mpalela 1 Johane 3:19, 20 e e reng: ‘Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.’ O ile a ntlhalosetsa gore Jehofa o a tlhaloganya fa re utlwile botlhoko.

“Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke galefetse Jehofa! Ke ile ka bala Pesalema 94:19 e e reng: ‘Mo bontsing jwa megopolo ya me e e mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di tle di jese mowa wa me monate.’ (Tswana Central) E ne e kete temana eno e kwaletswe nna! Fa nako e ya, ke ile ka kgona go bua le Jehofa ke mo tlhalosetsa tsela e ke ikutlwang ka yone ka gonne ke itse gore o a ntheetsa le gore o a ntlhaloganya.”

Go a kgothatsa go itse gore Modimo o tlhaloganya tsela e re ikutlwang ka yone! Mme goreng re boga thata jaana? A ke ka gonne Modimo o re otlhaela dilo tse di sa siamang tse re di dirileng? A Modimo o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko? Utlwa dikarabo mo tsebeng e e latelang.