Isaia 63:1-19

  • Jehofa o ipusolosetsa mo ditšhabeng (1-6)

  • Lorato lwa ga Jehofa lo lo ikanyegang mo nakong e e fetileng (7-14)

  • Thapelo ya go ikwatlhaya (15-19)

63  Ke mang yono yo o tswang kwa Edoma,+Yo o tswang kwa Bosera+ a apere diaparo tsa mebala e e phatsimang,*Ene yo o apereng diaparo tse dintle,Yo o gwantang a na le maatla a magolo? “Ke nna yo o buang se se siameng,Yo o nang le maatla a magolo a go boloka.”   Ke ka ntlha yang fa diaparo tsa gago di le dikhibidu,E bile ke ka ntlha yang fa diaparo tsa gago di tshwana le tsa mongwe yo o gatang morara* mo segatisetsong sa beine?+   “Ke gatile segatisetso sa beine ke le nosi. Ga go na motho yo o tswang mo ditšhabeng yo o neng a na le nna. Ke ne ka nna ka ba gataka ke galefile,E bile ke ne ka nna ka ba gataka ke shakgetse.+ Diaparo tsa me di ne di kgatšhitswe ke madi a bone,E bile ke kgotletse diaparo tsa me tsotlhe.   Gonne letsatsi la pusoloso le mo pelong ya me,+Le ngwaga o batho ba me ba rekolotsweng ka one o gorogile.   Ke ne ka leba, mme go ne go se na ope yo o nthusang;Ke ne ka gakgamadiwa ke go bo go se na ope yo o batlang go nkema nôkeng. Ka jalo, lebogo la me le ne la ntlisetsa poloko,*+E bile tšhakgalo ya me e ne ya nkema nôkeng.   Ke ne ka gataka ditšhaba ka bogale jwa me,Ke ne ka dira gore ba tagwe ke tšhakgalo ya me+E bile ke ne ka tshololela madi a bone fa fatshe.”   Ke tla bolela ditiro tsa ga Jehofa tsa lorato lo lo sa kgaotseng,Ditiro tsa ga Jehofa tse di tshwanelwang ke pako,Ka ntlha ya dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone,+Dilo tse dintsi tse di molemo tse a di diretseng batho ba Iseraele,Go ya ka kutlwelobotlhoko ya gagwe le lorato lwa gagwe lo logolo lo lo sa kgaotseng.   Gonne o ne a re: “Eleruri ke batho ba me, barwa ba ba tla nnang ba ikanyega.”*+ Ka jalo, o ne a nna Mmoloki wa bone.+   Ka dinako tsa fa ba le mo matshwenyegong, le ene o ne a tshwenyega.+ Mme morongwa wa gagwe* o ne a ba boloka.+ O ne a ba rekolola ka ntlha ya lorato lwa gagwe le bopelotlhomogi jwa gagwe,+E bile o ne a ba tsholetsa a bo a ba ema nôkeng malatsi otlhe a bogologolo.+ 10  Le fa go ntse jalo, ba ne ba mo tlhanogela+ ba bo ba hutsafatsa moya wa gagwe o o boitshepo.+ Go tswa foo, o ne a fetoga mmaba wa bone,+E bile o ne a lwa le bone.+ 11  Mme ba ne ba gakologelwa malatsi a bogologolo,Malatsi a ga Moshe motlhanka wa gagwe, ba re: “O kae Ene yo o neng a ba ntsha mo lewatleng+ ba na le badisa ba letsomane la gagwe?+ O kae Ene yo o neng a tsenya moya wa gagwe o o boitshepo mo go Moshe,+ 12  Ene yo o neng a ema Moshe nôkeng ka maatla a gagwe a magolo,*+Ene yo o neng a kgaoganya metsi fa pele ga bone+Gore a itirele leina le le nnang ka bosakhutleng,+ 13  Ene yo o neng a dira gore ba tsamaye mo metsing a a gogomogang,*Mo e leng gore ba ne ba tsamaya ba sa kgopiwe,Jaaka pitse mo nageng e e bulegileng? 14  Moya wa ga Jehofa o ne wa dira gore ba ikhutse,+Fela jaaka fa leruo le fologela kwa lebaleng le le kwa tlase.” Eno ke tsela e o neng wa etelela batho ba gago pele ka yoneGore o itirele leina le legolo.*+ 15  Leba o le kwa legodimong mme o boneO le kwa lefelong la gago le le kwa godimo le le boitshepo e bile le galalela.* Tlhoafalo ya gago le maatla a gago di kae,Bopelotlhomogi jwa gago*+ le kutlwelobotlhoko+ ya gago di kae? Ga ke a di bontshiwa. 16  Gonne o Rraarona;+Le fa gone Aborahame a ka tswa a sa re itseLe Iseraele a ka tswa a sa re lemoge,Wena Jehofa, o Rraarona. Leina la gago ke Morekolodi wa rona go tswa bogologolong.+ 17  Ao tlhe Jehofa, ke ka ntlha yang fa o re letla go* fapoga mo ditseleng tsa gago? Ke ka ntlha yang fa o letla* dipelo tsa rona go thatafala gore re se ka ra go boifa?+ Re utlwele botlhoko gape, ka ntlha ya batlhanka ba gago,Ditso tse e leng boswa jwa gago.+ 18  Batho ba gago ba ba boitshepo ba ne ba bo rua ka nakwana. Baba ba rona ba gatakile lefelo la gago le le boitshepo.+ 19  Gonne re nnile lobaka lo loleele re tshwana le batho ba o iseng o ke o ba buse,Jaaka ba ba iseng ba ko ba bidiwe ka leina la gago.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “tse di bohibidu jo bo phatsimang.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “phenyo.”
Kgotsa “ba ba se kitlang ba aka.”
Kgotsa “moengele yo o fa pele ga gagwe.”
Kgotsa “Ene yo lebogo la gagwe le le galalelang le tsamaisanang le seatla sa moja sa ga Moshe.”
Kgotsa “mo metsing a a boteng.”
Kgotsa “le lentle.”
Kgotsa “le le lentle.”
Seheb., “Go fuduega ga dikarolo tsa gago tse di kwa teng.”
Kgotsa “fa o dira gore re.”
Seheb., “dira.”