Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dibaebele—Goreng di le Dintsi

Dibaebele—Goreng di le Dintsi

Goreng go na le dithanolo tsa Baebele di le dintsi jaana gompieno? A o akanya gore dithanolo tse disha tsa Baebele di a go thusa kgotsa di go kgoreletsa go e tlhaloganya? Go itse gore go tlile jang gore go nne le dithanolo tseo go tla go thusa go di sekaseka ka kelotlhoko.

Tota ke mang wa ntlha go kwala Baebele le gone o e kwadile leng?

BAEBELE YA NTLHANTLHA

Dibaebele di le dintsi di na le dikarolo di le pedi. Karolo ya ntlha e na le dibuka di le 39 tse di nang le “ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo.” (Baroma 3:2) Modimo o ne a tlhotlheletsa banna ba ba ikanyegang go kwala dibuka tseno ka lobaka lwa dingwaga di ka nna 1 100 go tloga ka ngwaga wa 1513 pele Jesu a tla mo lefatsheng go fitlha nako nngwe morago ga ngwaga wa 443. Gantsi ba ne ba kwala ka Sehebera, ka jalo karolo eno e bidiwa Dikwalo Tsa Sehebera, gape e itsiwe e le Tesetamente e Kgologolo.

Karolo ya bobedi ya Baebele e na le dibuka di le 27 tse le tsone e leng “lefoko la Modimo.” (1 Bathesalonika 2:13) Modimo o ne a tlhotlheletsa barutwa ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete go kwala dibuka tseno ka lobaka lwa dingwaga di ka nna 60 go tloga mo e ka nna ka ngwaga wa 41 fa Jesu a sena go boela kwa legodimong go fitlha ka ngwaga wa 98. Gantsi ba ne ba kwala ka Segerika, ka jalo, karolo eno e bidiwa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika mme gape e itsiwe e le Tesetamente e Ntšha.

Fa dibuka tseno tse 66 di kopantswe, di dira Baebele—molaetsa o Modimo a o kwaletseng batho. Mme goreng go ne go dirwa dithanolo di le dintsi tsa Baebele? Ano ke mabaka mangwe a mararo a botlhokwa.

  • Gore batho ba kgone go bala Baebele ka puo ya bone.

  • Go baakanya diphoso tsa bakwalolodi le go busetsa mafoko mangwe a Baebele ya ntlhantlha.

  • Go dirisa puo e batho ba e tlhaloganyang.

Ela tlhoko gore dintlha tseno di ne tsa dirisiwa jang mo dithanolong tsa ntlha tse pedi.

SEPTUAGINT YA SEGERIKA

Dingwaga di le 300 pele Jesu a tla mo lefatsheng, baithuti ba Baebele ba Bajuda ba ne ba ranolela dikwalo tsa Sehebera mo puong ya Segerika. E ne ya bidiwa Septuagint ya Segerika. E ne e direlwa go thusa Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba bua Segerika ka nako eo gore ba se ka ba lebala “mekwalo e e boitshepo.”—2 Timotheo 3:15.

Gape Septuagint e thusitse batho ba le dimilione ba e seng Bajuda mme ba bua Segerika gore ba kgone go itse se Baebele e se rutang. Jang? Porofesa W. F. Howard a re: “Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Baebele eno e ne e dirisiwa ke Kereke ya Bokeresete, e barongwa ba yone ba neng ba tsamaya mo disinagogeng ba ntse ba ‘ntsha bosupi jwa dikwalo jwa gore Keresete ke ene Mesia.’” (Ditiro 17:3, 4; 20:20) Moithuti mongwe wa Baebele e bong F. F. Bruce a re leo ke lengwe la mabaka a go bo Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa “tlhole ba rata Septuagint.”

Fa barutwa ba ga Jesu ba ntse ba amogela dibuka tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, ba ne ba di kopanya le thanolo ya Septuagint ya Dikwalo Tsa Sehebera mme ya nna Baebele e e feletseng.

VULGATE YA SELATINE

Dingwaga di le 300 fa Baebele e sena go kwalwa, moithuti wa bodumedi e bong Jerome o ne a dira thanolo ya Baebele ya Selatine mme e ne ya feleletsa e bidiwa Vulgate ya Selatine. E re ka go ne go na le dithanolo tse dingwe tsa Selatine ka nako eo, goreng a ne a dira e ntšha? Buka ya The International Standard Bible Encyclopedia ya re Jerome o ne a batla go baakanya “dikgopolo tse di phoso, diphoso tsa ka boomo le mafoko a a itsenyeditsweng le a a ntshitsweng go sa tlhokege.”

Jerome o ne a baakanya bontsi jwa diphoso tseo. Mme moragonyana baeteledipele ba kereke ba ne ba senya dilo! Ba ne ba re Baebele ya Vulgate ya Selatine ke yone fela e e letleletsweng, mme go ne ga feta dingwaga ba ntse ba dira jalo! Thanolo eo e ne e sa thuse batho go tlhaloganya Baebele ka gonne fa nako e ntse e tsamaya, batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba itse Selatine.

DITHANOLO DI A OKETSEGA

Ka nako eo, batho ba ne ba ntse ba dira dithanolo tse dingwe tsa Baebele, tse di jaaka e e itsegeng ya Peshitta ya Sesiria e e dirilweng dingwaga di ka nna 1 600 tse di fetileng. Mme dingwaga di ka nna 600 tse di fetileng, go ne ga tsewa matsapa gore go dirwe dithanolo tsa Baebele ka dipuo tse dingwe gore batho ba le bantsi ba nne le Baebele.

Kwa bowelong jwa dingwaga tseo kwa Engelane, John Wycliffe o ne a tsaya matsapa go ranolela Baebele mo puong ya Seesemane, e batho ba mo nageng e a neng a nna kwa go yone ba neng ba e tlhaloganya. Moragonyana, ditsela tsa ga Johannes Gutenberg tsa go gatisa di ne tsa dira gore baithuti ba Baebele ba dire dithanolo tse disha tsa Baebele le go di anamisa ka dipuo tse di farologaneng tsa kwa Yuropa.

Fa dithanolo tsa Seesemane di ntse di oketsega, batho ba ba tshwayang diphoso ba ne ba le kgatlhanong le kgang ya gore go dirwe dithanolo di le dintsi tsa puo e le nngwe. Mo e ka nnang dingwaga di le 300 tse di fetileng, moruti wa Moesemane e bong John Lewis o ne a kwala jaana: “Fa nako e ntse e tsamaya, puo e a tsofala kgotsa e felelwa ke nako e bile go nna thata go e tlhaloganya, ka jalo, go botlhokwa gore Dithanolo tsa bogologolo di nne di tlhabololwa go dirisiwa Puo ya bosheng gore batho ba kgone go tlhaloganya Baebele botoka.”

Gompieno baithuti ba Baebele ba kgona go tlhabolola dithanolo tsa bogologolo tsa Baebele. Ba tlhaloganya dipuo tsa bogologolo tse Baebele e kwadilweng ka tsone e bile ba na le mekwalo ya ntlhantlha ya yone e e bonweng bosheng. Seno se ba thusa go itse gore mafoko a a nepileng a Baebele ke afe.

Ka jalo, go botlhokwa go nna le dithanolo tsa bosheng tsa Baebele mme re tshwanetse go ela tlhoko dingwe tsa tsone. * Fa e le gore batho bangwe ba tlhabolotse Baebele ka gonne ba rata Modimo, dithanolo tsa bone di ka re tswela mosola.

 

^ ser. 24 Bona setlhogo se se reng “O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 2008.