Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE MPHO EFE E E DI GAISANG TSOTLHE?

“Ke Mpho E e Di Gaisang Tsotlhe Tse Nkileng ka di Newa”

“Ke Mpho E e Di Gaisang Tsotlhe Tse Nkileng ka di Newa”

Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 13 o ne a ikutlwa jalo fa a newa ntšanyana. Mosadi mongwe yo o atlegileng mo go tsa kgwebo a re khomputara e rragwe a mo e neileng fa a ne a sa ntse a tsena sekolo se segolwane, ke mpho e e fetotseng botshelo jwa gagwe. Monna mongwe yo e seng kgale a nyetse a re karata e mosadi wa gagwe a mo e diretseng fa ba sena go fetsa ngwaga ba nyalane ke mpho e e di gaisang tsotlhe tse a kileng a di newa.

Ngwaga le ngwaga, batho ba le bantsi ba fetsa nako e ntsi ba batlela tsala kgotsa mongwe wa losika mpho e e di “gaisang” tsotlhe e ba ka mo e nayang ka letsatsi le le kgethegileng. E bile ba ka itumelela go bolelelwa mafoko a a tshwanang le a a builweng fa godimo. A wena o ka rata go aba kgotsa go abelwa dimpho tse di rategang thata?

Seo se a itumedisa ka gonne mpho eo ga e dire fela gore motho yo o e newang a itumele mme e dira gore le yo o e abang a itumele. Tota e bile Baebele ya re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Boammaaruri ke gore o itumela fa motho yo o mo abelang mpho a e tsaya e le botlhokwa thata.

Jaanong o ka dira eng gore wena le batho ba o ba abelang dimpho lo itumele? Mme fa go sa kgonege gore o neye mongwe mpho e e di “gaisang” tsotlhe, o ka dira jang gore motho yoo a itumelele mpho ya gago?