Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 27

“Solofela mo go Jehofa”

“Solofela mo go Jehofa”

“Solofela mo go Jehofa; nna pelokgale mme o nonofe.”—PES. 27:14.

PINA 128 Go Itshoka go ya Bokhutlong

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. (a) Jehofa o re neile tsholofelo efe? (b) Go “solofela mo go Jehofa” go kaya eng? (Bona “Tlhaloso.”)

 JEHOFA o neile batho botlhe ba ba mo ratang tsholofelo e e molemo. Go ise go ye kae, o tla fedisa bolwetse, botlhoko le loso. (Tshen. 21:3, 4) O tla thusa ba ba “pelonolo” ba ba solofetseng mo go ene gore ba fetole lefatshe leno go nna paradaise. (Pes. 37:9-11) E bile o tla dira gore mongwe le mongwe wa rona a kgone go atamalana le ene go feta kafa re atamalaneng le ene gone jaanong. Ruri eo ke tsholofelo e e molemo! Mme gone, goreng re ka dumela gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragala? Ka gonne sengwe le sengwe se Jehofa a se solofetsang o a se dira. Ka jalo, re na le lebaka le le utlwalang la go “solofela mo go Jehofa.” * (Pes. 27:14) Re bontsha seo ka go letela Modimo wa rona gore a diragatse ditsholofetso tsa gagwe, mme re dira jalo ka bopelotelele e bile re itumetse.—Isa. 55:10, 11.

2. Jehofa o setse a dirile eng?

2 Jehofa o setse a re bontshitse gore o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Akanya ka sekai sengwe se se kgatlhang. Mo bukeng ya Tshenolo, Jehofa o solofeditse gore mo motlheng wa rona, o tla dira gore batho ba merafe yotlhe, ba ditso tsotlhe le ba dipuo tsotlhe ba mo direle ba le seoposengwe. Gompieno, setlhopha seo se itsege e le “boidiidi jo bogolo jwa batho.” (Tshen. 7:9, 10) Le fa batho bano e le banna, basadi le bana ba ba tswang mo ditsong tse di sa tshwaneng, ba ba buang dipuo tse di farologaneng e bile ba godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng, ke karolo ya lelapa le le lengwe la batho ba ba tswang mo lefatsheng lotlhe ba ba direlang Modimo ka kagiso. (Pes. 133:1; Joh. 10:16) Gape boidiidi jo bogolo jwa batho bo rera bo tlhagafetse. Ba nna ba ikemiseditse go bolelela mongwe le mongwe yo o reetsang ka tsholofelo e ba nang le yone ya go tshela mo lefatsheng le le botoka. (Math. 28:19, 20; Tshen. 14:6, 7; 22:17) Fa e le gore o mongwe wa boidiidi jo bogolo jwa batho, ga go pelaelo gore o itumelela go nna le tsholofelo ya gore dilo di tla nna botoka mo nakong e e tlang.

3. Satane o batla go dira eng?

3 Diabolo o batla go dira gore re se ka ra nna le tsholofelo ka bokamoso. Gape o batla gore o akanye gore Jehofa ga a go kgathalele le gore ga a kitla a diragatsa se a se solofetsang. Fa Satane a ka dira gore re se ka ra tlhola re nna le tsholofelo, re tla kgobega marapo e bile re ka tlogela go direla Jehofa. Jaaka re tla bona, Diabolo o ile a leka go dira gore Jobe a tlogele go direla Jehofa le gore a felelwe ke tsholofelo.

4. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno? (Jobe 1:9-12)

4 Mo setlhogong seno, re tla bona maano a Satane a a dirisitseng go leka go dira gore Jobe a tlogele go ikanyega mo go Jehofa. (Bala Jobe 1:9-12.) Gape re tla tlotla ka se re se ithutang mo sekaong sa ga Jobe le lebaka la go bo re tshwanetse go gopola gore Modimo o a re rata le gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe.

SATANE O NE A LEKA GO DIRA GORE JOBE A FELELWE KE TSHOLOFELO

5-6. Jobe o ne a diragalelwa ke eng mo nakong e khutshwane?

5 Jobe o ne a itumelela botshelo. E ne e le tsala ya ga Jehofa. O ne a na le lelapa le legolo le le itumetseng, e bile o ne a humile. (Jobe 1:1-5) Le fa go ntse jalo, o ne a latlhegelwa ke dilo di le dintsi mo letsatsing le le lengwe fela. Sa ntlha, o ne a latlhegelwa ke dikhumo tsa gagwe. (Jobe 1:13-17) Go tswa foo, bana ba gagwe botlhe ba a neng a ba rata fela thata, ba ne ba tlhokafala. Akanya ka masetlapelo ao ka motsotswana. Batsadi ba utlwa botlhoko thata fa ngwana wa bone a tlhokafala. Ka jalo, akanya kafa Jobe le mosadi wa gagwe ba neng ba gamaregile ka gone, ba utlwile botlhoko e bile ba tlaletswe fa ba utlwa gore bana ba bone botlhe ba le lesome ba tlhokafetse. Ga go gakgamatse go bo Jobe a ile a gagola diaparo tsa gagwe ka kutlobotlhoko a bo a wela fa fatshe!—Jobe 1:18-20.

6 Morago ga moo, Satane o ne a dira gore Jobe a tshwarwe ke bolwetse jo bo botlhoko jo bo tlhabisang ditlhong. (Jobe 2:6-8; 7:5) Pele ga moo, Jobe o ne a tlotliwa fela thata. Batho ba ne ba tla kwa go ene ba tla go kopa kgakololo. (Jobe 31:18) Jaanong ba ne ba katogela kgakala le ene. Bomorwarraagwe, ditsala tsa gagwe, tota le batlhanka ba gagwe ba ne ba mo latlhile!—Jobe 19:13, 14, 16.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi gompieno ba tlhaloganya kafa Jobe a neng a ikutlwa ka gone fa a ne a tlhagelwa ke mathata (Bona serapa 7) *

7. (a) Jobe o ne a akanya gore ke eng se se neng se dira gore a boge, mme gone o ne a gana go dira eng? (b) Ke eng se se ka diragalelang Mokeresete se se jaaka se se bontshitsweng mo setshwantshong se se tsamaisanang le serapa 7?

7 Satane o ne a batla gore Jobe a akanye gore o ne a boga ka gonne Jehofa o ne a mo galefetse. Ka sekai, Satane o ne a dirisa phefo e kgolo go diga ntlo e bana ba ga Jobe ba le lesome ba neng ba ntse kwa go yone ba ja. (Jobe 1:18, 19) Gape o ne a dira gore molelo o fologe o tswa kwa legodimong mme o laile leruo la ga Jobe le batlhanka ba ba neng ba le tlhokometse. (Jobe 1:16) E re ka phefo eo le molelo di ne di tswa kwa legodimong, Jobe o ne a akanya gore di tswa kwa go Jehofa. Seo se ne sa dira gore Jobe a akanye gore o galefisitse Jehofa. Le fa go ntse jalo, Jobe ga a ka a dumela go tlhapatsa Rraagwe yo o kwa legodimong. Jobe o ne a re Jehofa o ne a mo neile dilo tse dintsi tse di molemo ka dingwaga di le dintsi. Ka jalo, o ne a akanya gore fa e le gore o amogetse dilo tse di molemo tse di tswang kwa Modimong, o ne a tshwanetse go ikemisetsa go amogela le tse di bosula. O ne a re: “A leina la ga Jehofa le tswelele le bakwa.” (Jobe 1:20, 21; 2:10) Go tla go fitlha ka nako eo, Jobe o ne a tswelela a ikanyega mo go Jehofa le fa a ne a latlhegetswe ke dikhumo tsa gagwe, a swetswe ke bana e bile a lwala. Le fa go ntse jalo, Satane ga a ka a ineela.

8. Satane o ne a leka Jobe jang gape?

8 Go tswa foo, Satane o ne a dirisa batho ba bararo ba ba neng ba itira ditsala tsa ga Jobe go leka go dira gore Jobe a ikutlwe e se motho wa sepe. Banna bano ba ne ba re Jobe o ne a boga ka gonne a dirile dilo tse dintsi tse di sa siamang. (Jobe 22:5-9) Gape ba ne ba leka go dira gore a akanye gore le fa a ka tswa a dirile dilo di le dintsi tse di molemo, Modimo o ne a sa itumelele se a se dirileng. (Jobe 4:18; 22:2, 3; 25:4) Tota e bile, ba ne ba leka go dira gore a akanye gore Modimo o ne a sa mo rate, o ne a ka se mo tlhokomele le gore go ne go se na mosola gore a mo direle. Se ba neng ba se bua, se ne se ka dira gore Jobe a felelwe ke tsholofelo.

9. Ke eng se se thusitseng Jobe gore a nne pelokgale le gore a nne le maatla?

9 Leka go bona seno se direga ka leitlho la mogopolo. Jobe o ntse mo meloreng mme o mo ditlhabing. (Jobe 2:8) Banna ba ba neng ba itirile ditsala tsa gagwe ba mo kgoba ka mafoko, ba mmolelela gore ga a siama e bile ga go na sepe se se molemo se a se dirang. Mathata a gagwe a mo imela e kete ke maje a a bokete, mme kutlobotlhoko ya go swelwa ke bana e mo tlhaba mo pelong. Kwa tshimologong, Jobe o didimetse. (Jobe 2:13–3:1) Fa e le gore banna bano ba akanya gore Jobe o didimetse ka gonne a batla go tlogela Jehofa, ba fositse. Fa ba ntse ba bua, Jobe o emisa tlhogo, o a ba leba a bo a ba raya a re: “Ke tla tswelela ke ikanyega mo Modimong go fitlha ke swa!” (Jobe 27:5) Ke eng se se thusitseng Jobe gore a nne pelokgale le gore a nne le maatla le fa a ne a boga? Tota le fa a ne a kgobegile marapo thata, o ne a nna a tshepa gore Modimo wa gagwe yo o lorato o tla mo thusa. O ne a itse gore le fa a ka swa, Jehofa o ne a tla mo tsosa.—Jobe 14:13-15.

RE KA ETSA SEKAO SA GA JOBE JANG?

10. Pego ya ga Jobe e re ruta eng?

10 Pego ya ga Jobe e re ruta gore Satane a ka se ka a re pateletsa gore re tlogele Jehofa le gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se se re diragalelang. Se se diragaletseng Jobe, gape se ka re thusa gore re tlhaloganye gore goreng re nna le mathata. Akanya ka dilo tse dingwe tse re ka ithutang tsone mo sekaong sa ga Jobe.

11. Go tla direga eng fa re tswelela re ikanya Jehofa? (Jakobe 4:7)

11 Jobe o ne a bontsha gore fa re ka tswelela re ikanya Jehofa, re tla kgona go itshokela teko nngwe le nngwe, mme re kgone go ganetsa Satane. Seo se tla felela ka eng? Baebele e re bolelela gore Diabolo o tla re tshaba.—Bala Jakobe 4:7.

12. Tsholofelo ya tsogo e ne ya nonotsha Jobe jang?

12 Re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofi leng mo tsholofelong ya tsogo. Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, gantsi Satane o dirisa go boifa loso go leka go dira gore re tlogele go ikanyega mo go Jehofa. Satane o ne a re Jobe o tla dira sengwe le sengwe, le e leng go tlogela go direla Jehofa, gore a boloke botshelo jwa gagwe. Satane o ne a fositse. Tota le fa Jobe a ne a akanya gore o tlile go swa, o ile a tswelela a ikanyega mo go Jehofa. Jobe o ne a tswelela a itshokile ka gonne o ne a itse gore Jehofa o molemo e bile o ne a tshepa gore o tla baakanya dilo. O ne a dumela gore fa Jehofa a ne a ka se ka a mo thusa fa a sa ntse a tshela, o ne a tla mo tsosa mo nakong e e tlang. Jobe o ne a na le tsholofelo ya tsogo. Fa le rona re na le tsholofelo ya tsogo, ga re ka ke ra tlogela go ikanyega mo go Jehofa ka gonne re boifa gore re tla swa.

13. Goreng re tshwanetse go lemoga maano a Satane a a dirisitseng go leka Jobe?

13 Re tshwanetse go ela tlhoko maano a Satane a a dirisitseng go leka Jobe ka gonne o dirisa one maano ao gompieno. Ela tlhoko mafoko ano a Satane a a buileng: “Motho [e seng Jobe fela] o tla ntsha sengwe le sengwe se a nang le sone gore a boloke botshelo jwa gagwe.” (Jobe 2:4, 5) Fa Satane a ne a bua mafoko ao, o ne a raya gore ga re rate Jehofa Modimo le gore re tla tlogela go mo direla fa re akanya gore seo se tla boloka botshelo jwa rona. Gape Satane o ne a re Modimo ga a re rate e bile ga a lemoge fa re leka go mo itumedisa. E re ka re itse maikaelelo a ga Satane, ga re dumele maaka ao a gagwe.

14. Diteko di ka re thusa go lemoga eng? Dira sekai.

14 Diteko di re thusa go bona se re tlhokang go se baakanya. Diteko tse di neng tsa tlhagela Jobe, di ne tsa mo thusa gore a bone makoa a gagwe le gore a a baakanye. Ka sekai, o ile a lemoga gore o ne a tshwanetse go leka ka natla gore a ikokobetse. (Jobe 42:3) Fa re lekiwa, le rona re ka ithuta go le gontsi ka dilo tse re tlhokang go di baakanya. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Nikolay, * yo o neng a tsenngwa kwa kgolegelong le fa a ne a lwala thata a re: “Fela jaaka motšhine wa X-ray o re thusa go bona dilo tse re neng re ka se ka ra di bona mo teng ga mmele, kgolegelo e ne ya nthusa go lemoga dinonofo tse ke tshwanetseng go di tokafatsa.” Fa re sena go lemoga makoa a re nang le one, re ka kgona go a baakanya.

15. Re tshwanetse go reetsa mang, mme ka ntlha ya eng?

15 Re tshwanetse go reetsa Jehofa, e seng baba ba rona. Jobe o ne a reetsa Jehofa ka tlhoafalo fa a ne a bua le ene. Modimo o ne a thusa Jobe gore a lebe dilo sentle. Go ne go ntse jaaka e kete o ne a re: ‘A o kgona go bona maatla a ke nang le one mo dilong tse ke di bopileng? Ke itse sengwe le sengwe se se go diragaletseng. A o akanya gore nka se kgone go go tlhokomela?’ Jobe o ne a bua a ikokobeditse e bile a bontsha gore o lebogela go bo Jehofa a le molemo. O ne a re: “Ke utlwile fela go buiwa ka wena, mme jaanong ke kgona go go bona ka matlho.” (Jobe 42:5) Fa Jobe a ne a bua mafoko ao, a ka tswa a ne a sa ntse a le mo meloreng, mmele wa gagwe o tletse diso e bile a lelela bana ba gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo netefaletsa gore o a mo rata le gore o a mo amogela.—Jobe 42:7, 8.

16. Go ya ka Isaia 49:15, 16, re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re lekiwa?

16 Le rona gompieno, batho ba ka re tlhapatsa ba bo ba re tshwara jaaka e kete ga re batho ba sepe. Ba ka nna ba leka go re senya leina kgotsa go senya leina la phuthego ya Modimo e bile ba ka “bua maaka le dilo tse di bosula ka” rona. (Math. 5:11) Pego ya ga Jobe e re ruta gore Jehofa ga a belaele gore re ka kgona go tswelela re ikanyega mo go ene fa re lekiwa. Jehofa o a re rata e bile ga a kitla a tlogela ba ba solofelang mo go ene. (Bala Isaia 49:15, 16.) O se ka wa reetsa dilo tse di bosula tse baba ba Modimo ba di buang. Mokaulengwe mongwe wa kwa Turkey yo o bidiwang James yo lelapa la gagwe le neng la welwa ke diteko tse di masisi a re: “Re ne ra lemoga gore fa re ne re ka reetsa maaka a a neng a buiwa ka batho ba Modimo, re ne re tla kgobega marapo. Re ne ra tlhoma mogopolo mo dilong tse Jehofa a solofetsang gore o tla re direla tsone ka Bogosi mme ra tswelela re mo direla re tlhagafetse. Seo se ne sa dira gore re tswelele re itumetse.” Fela jaaka Jobe, le rona re reetsa Jehofa! Maaka a baba ba rona ba a buang a ka se ka a dira gore re felelwe ke tsholofelo.

GO NNA LE TSHOLOFELO GO TLA GO THUSA GORE O TSWELELE O ITSHOKILE

Jehofa o ne a segofatsa Jobe ka gonne a ikanyega. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tshela lobaka lo loleele ba itumetse (Bona serapa 17) *

17. O ithuta eng mo sekaong sa banna le basadi ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo go Bahebera kgaolo 11?

17 Jobe ke mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa ba ba neng ba tswelela ba le pelokgale e bile ba na le maatla fa ba lekwa. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bahebera lekwalo, o ne a ba bolelela ka batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa mme a ba bitsa “basupi ba bantsintsi.” (Baheb. 12:1) Botlhe ba ne ba lekwa, le fa go ntse jalo ba ne ba nna ba ikanyega mo go Jehofa. (Baheb. 11:36-40) A boitshoko jwa bone e ne e le jwa lefela? Nnyaa le e seng! Le fa ba ile ba se ka ba bona fa ditsholofetso tsa Modimo di diragadiwa, ba ile ba tswelela ba mo tshepa. E bile ba ne ba tlhatswegile pelo gore ba tla bona ditsholofetso tseo di diragadiwa ka gonne ba ne ba sa belaele gore Jehofa o a ba amogela. (Baheb. 11:4, 5) Sekao sa bone se ka re thusa gore le rona re nne re ikanya Jehofa.

18. O ikemiseditse go dira eng? (Bahebera 11:6)

18 Gompieno re tshela mo lefatsheng le le ntseng le sulafalela pele. (2 Tim. 3:13) Satane o sa ntse a leka batho ba Modimo. Go sa kgathalesege dikgwetlho tse re tla nnang le tsone mo nakong e e tlang, a re ikemisetseng go direla Jehofa ka natla, re tlhatswegile pelo gore “re tshepa Modimo yo o tshelang.” (1 Tim. 4:10) Gopola gore se Modimo a neng a se direla Jobe, se ne se bontsha “gore Jehofa o pelotlhomogi thata e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jak. 5:11) E kete le rona re ka tswelela re ikanyega mo go Jehofa, re sa belaele gore o tla duela “ba ba batlang go dira thato ya gagwe ka tlhoafalo.”—Bala Bahebera 11:6.

PINA 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe

^ Gantsi fa go buiwa ka motho yo o itshoketseng diteko, re akanya ka Jobe. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng monna yono yo o ikanyegang? Re ithuta gore Satane ga a ka ke a re pateletsa gore re tlogele Jehofa. Gape re ithuta gore Jehofa o itse sengwe le sengwe se se re diragalelang, le gore fela jaaka Jehofa a ile a fedisa diteko tsa ga Jobe, letsatsi lengwe o tla dira gore le rona re se ka ra tlhola re boga. Fa e le gore dilo tse re di dirang di bontsha gore re tlhatswegile pelo ka seo, re bangwe ba batho ba ba ‘solofelang mo go Jehofa.’

^ TLHALOSO: Lefoko la Sehebera le le tlhalosiwang e le go “solofela” le kaya go “leta sengwe” ka tlhoafalo. Gape le kaya go tshepa mongwe kgotsa go ikaega ka ene.—Pes. 25:2, 3; 62:5.

^ Maina mangwe a fetotswe.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Jobe le mosadi wa gagwe ba diragaletswe ke selo se se utlwisang botlhoko thata, e leng go swelwa ke bana.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Jobe o ne a itshokela diteko tsa gagwe go fitlha kwa bokhutlong. Ene le mosadi wa gagwe ba lebile kafa Jehofa a ba segofaditseng ka gone mmogo le lelapa la bone.