Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 24

Jehofa o Itshwarela ka Tsela e Kgolo

Jehofa o Itshwarela ka Tsela e Kgolo

“O molemo Jehofa e bile o ikemiseditse go itshwarela; botlhe ba ba goelang kwa go wena o ba bontsha lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.”—PES. 86:5.

PINA 42 Thapelo ya Motlhanka wa Modimo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Se Kgosi Solomone a se kwadileng mo go Moreri 7:20 se re ruta eng?

 KGOSI Solomone o ne a kwala jaana: “Ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.” (Mor. 7:20) Ruri mafoko ao a boammaaruri! Rotlhe re baleofi. (1 Joh. 1:8) Ka jalo, re tlhoka gore Modimo a re itshwarele le gore batho ba bangwe ba re itshwarele.

2. O ikutlwa jang fa tsala ya gago e go itshwarela?

2 Ga go pelaelo gore o na le tsala e o atamalaneng thata le yone e o kileng wa e direla phoso. E re ka o ne o batla go baakanya dilo gore lo boe lo nne ditsala gape, o ne wa mo kopa maitshwarelo. O ne wa ikutlwa jang fa tsala ya gago e ne e go itshwarela? O ka tswa o ile wa ikutlwa o imologile e bile o itumetse.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Re batla gore Jehofa e nne Tsala ya rona e kgolo, le fa go ntse jalo ka dinako dingwe re a tle re bue sengwe kgotsa re dire sengwe se se mo utlwisang botlhoko. Mme gone, goreng re sa tshwanela go belaela gore Jehofa o ikemiseditse go re itshwarela? Tsela e Jehofa a re itshwarelang ka yone e farologana jang le e rona re itshwarelang motho yo mongwe ka yone? Modimo o itshwarela bomang?

JEHOFA O IKEMISEDITSE GO RE ITSHWARELA

4. Goreng re sa tshwanela go belaela gore Jehofa o ikemiseditse go re itshwarela?

4 Lefoko la Modimo le re netefaletsa gore Jehofa o ikemiseditse go re itshwarela. Fa Jehofa a ne a ikitsise mo go Moshe kwa Thabeng ya Sinai a dirisa moengele, o ne a re: “Ke nna Jehofa, ke nna Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boammaaruri, yo o bontshang dikokomana di le dikete lorato lo lo sa kgaotseng, yo o itshwarelang phoso le molato le boleo.” (Ekes. 34:6, 7) Jehofa ke Modimo yo o pelonomi le yo o kutlwelobotlhoko, e bile o ikemiseditse go itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang.—Neh. 9:17; Pes. 86:15.

Jehofa o itse se se re diragaletseng mo botshelong (Bona serapa 5)

5. Go ya ka Pesalema 103:13, 14, Jehofa o tlhotlheletsega go dira eng ka gonne a re itse sentle?

5 E re ka Jehofa a re bopile, o itse sengwe le sengwe ka rona. Akanya fela! Jehofa o itse sengwe le sengwe ka mongwe le mongwe yo o tshelang mo lefatsheng. (Pes. 139:15-17) Ka jalo, o kgona go bona diphelelo tsa boleo jo re bo gotsitseng mo batsading ba rona. Mo godimo ga moo, o itse dilo tse di re diragaletseng mo botshelong tse di dirileng gore re nne le botho jo re nang le jone. E re ka Jehofa a re itse sentle, seo se mo tlhotlheletsa gore a dire eng? Se mo tlhotlheletsa gore a re utlwele botlhoko.—Pes. 78:39; bala Pesalema 103:13, 14.

6. Jehofa o bontshitse jang gore o ikemiseditse go re itshwarela?

6 Jehofa o bontshitse gore o ikemiseditse go re itshwarela. O a tlhaloganya gore se motho wa ntlha e bong Adame a se dirileng, se dirile gore rotlhe re nne le boleo re bo re swa. (Bar. 5:12) Ga go na sepe se re ka se dirang gore rona kgotsa batho ba bangwe re se ka ra nna le boleo kgotsa ra swa. (Pes. 49:7-9) Le fa go ntse jalo, Modimo wa rona yo o lorato o ne a re tlhomogela pelo a bo a dira sengwe gore a re golole. O ne a dira eng? Johane 3:16 e re bolelela gore Jehofa o ne a romela Morwawe yo o tshotsweng a le esi gore a tle go re swela. (Math. 20:28; Bar. 5:19) Jesu o ne a re swela gore a golole ope fela yo o dumelang mo go ene. (Baheb. 2:9) Jehofa o tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko tota fa a bona tsela e e botlhoko le e e tlontlololang e Morwawe yo a mo ratang a neng a swa ka yone! Ruri Jehofa o ne a ka se ka a letla Morwawe gore a swe fa e le gore o ne a sa batle go re itshwarela.

7. Bangwe ba batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba Jehofa a neng a ba itshwarela ke bomang?

7 Baebele e na le dikai tse dintsi tsa batho ba Jehofa a ileng a ba itshwarela. (Baef. 4:32) O akanya ka mang? Gongwe o akanya ka Kgosi Manase. Monna yoo yo o bosula o ne a dira maleo a mantsi a a masisi. O ne a obamela medimo ya maaka e bile o ne a rotloetsa batho ba bangwe gore le bone ba dire jalo. O ne a ntshetsa medimo ya maaka ditlhabelo ka bana ba gagwe. Gape o ne a tsenya setshwantsho se se betlilweng sa modimo wa maaka mo tempeleng ya ga Jehofa e e boitshepo. Baebele e bua jaana ka ene: “O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka selekanyo se segolo, gore a mo kgopise.” (2 Ditir. 33:2-7) Le fa go ntse jalo, fa Manase a ne a bontsha gore ruri o a ikwatlhaya, Jehofa o ne a mo itshwarela. E bile Modimo o ne a mo letla gore e nne kgosi gape. (2 Ditir. 33:12, 13) Gongwe o akanya le ka Kgosi Dafide yo o neng a dira maleo a a masisi, e leng boaka le go bolaya. Mme fa Dafide a ne a dumela gore o dirile boleo e bile a ikwatlhaya go tswa pelong, le ene Jehofa o ne a mo itshwarela. (2 Sam. 12:9, 10, 13, 14) Ruri ga re belaele gore Jehofa o ikemiseditse go re itshwarela. E bile jaaka re tlile go bona, tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone ga e tshwane le e batho ba itshwarelang ka yone.

JEHOFA O ITSHWARELA GO GAISA MOTHO OPE FELA

8. E re ka Jehofa e le Moatlhodi yo o sa tshwaneng le ope seo se ama jang bokgoni jwa gagwe jwa go itshwarela?

8 Jehofa ke “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe.” (Gen. 18:25) Moatlhodi yo o molemo o tshwanetse go tlhaloganya molao sentle. Jehofa ke Moatlhodi yo o ntseng jalo ka gonne o tlhaloganya molao sentle e bile ke ene Moneimolao wa rona. (Isa. 33:22) Ga go na ope yo o itseng se se siameng le se se sa siamang jaaka Jehofa. Ke eng gape se moatlhodi yo o molemo a tshwanetseng go se dira? O tshwanetse go itse dintlha tsotlhe tse di amanang le kgetsi e a tshwaraganeng le yone pele a dira tshwetso. Ka jalo, re ka re Jehofa ke Moatlhodi yo o molemo ka gonne ka metlha o itse dintlha tsotlhe.

9. Fa Jehofa a dira tshwetso ya gore a o itshwarela motho kgotsa ga a mo itshwarele, o a bo a na le tshedimosetso efe ka ene?

9 Jehofa ga a tshwane le baatlhodi ba batho ka gonne ene o itse dintlha tsotlhe tse di amang motho fa a tshwanelwa ke go mo atlhola. (Gen. 18:20, 21; Pes. 90:8) Ga a ikaega fela ka se batho ba se bonang kgotsa se ba se utlwang. O a tlhaloganya gore se motho a se dirang se amiwa ke botho jwa gagwe, mekgwa e a e gotsitseng mo batsading ba gagwe, tsela e a godisitsweng ka yone, mmogo le tsela e a ikutlwang ka yone le e a akanyang ka yone. Gape Jehofa o bona se se mo pelong. O tlhaloganya ka botlalo gore ke eng se se rotloetsang motho gore a dire sengwe, se a se ikaeletseng le se a se eletsang. Ga go na sepe se se fitlhegileng mo go ene. (Baheb. 4:13) Ka jalo, Jehofa o itshwarela motho ka gonne a itse dintlha tsotlhe ka boemo jwa gagwe.  

Tsela e Jehofa a atlholang ka yone e siame, e bile ga a tseye letlhakore la ga ope. Ga a ka ke a newa pipamolomo (Bona serapa 10)

10. Goreng re ka re ka metlha tsela e Jehofa a atlholang ka yone e siame? (Duteronome 32:4)

10 Tsela e Jehofa a atlholang ka yone, ka metlha e siame. Ga a tseye letlhakore la ga ope. Jehofa ga a itshwarele motho ka gonne a le montle, a humile, a tsewa a le botlhokwa kgotsa a na le bokgoni. (1 Sam. 16:7; Jak. 2:1-4) Ga go na ope yo o ka pateletsang Jehofa gore a dire sengwe kgotsa a mo naya pipamolomo. (2 Ditir. 19:7) Ga a dire ditshwetso ka gonne a betilwe ke pelo kgotsa a tseegile maikutlo. (Ekes. 34:7) Ga re belaele gore Jehofa ke Moatlhodi yo o molemo ka gonne o tlhaloganya sengwe le sengwe ka rona le ka maemo a rona.—Bala Duteronome 32:4.

11. Tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone e farologana jang le e batho ba itshwarelang ka yone?

11 Batho ba ba neng ba kwala Dikwalo Tsa Sehebera ba ne ba lemoga gore tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone ga e tshwane le ya ga ope. Mo maemong mangwe, ba ile ba dirisa lefoko la Sehebera le buka nngwe ya ditshupiso e reng “le dirisiwa fela go tlhalosa tsela e Modimo a itshwarelang baleofi ka yone. Lefoko leo ga le ke le dirisiwa go tlhalosa tsela e motho a itshwarelang yo mongwe ka yone.” Jehofa ke ene fela a kgonang go itshwarela ka botlalo moleofi yo o ikwatlhayang. Go direga eng fa Jehofa a re itshwarela?

12-13. (a) Ke eng se motho a se itumelelang fa Jehofa a mo itshwaretse? (b) Motho o solegelwa molemo ka lobaka lo lo kae fa Jehofa a mo itshwaretse?

12 Fa re dumela gore Jehofa o re itshwaretse, re itumelela “dipaka tse di lapolosang” mmogo le kagiso ya mogopolo le segakolodi se se phepa. Re ka kgona go ikutlwa jalo fela fa “Jehofa” a re itshwaretse. (Dit. 3:19) Fa Jehofa a re itshwarela, o re letla gore re nne ditsala tsa gagwe gape, e bile go nna jaaka e kete ga re ise re ko re leofe.

13 Fa Jehofa a sena go re itshwarela, ga a ka ke a tlhola a re bona molato kgotsa a re otlhaya gape ka ntlha ya boleo jo re bo dirileng. (Isa. 43:25; Jer. 31:34) Jehofa o dira gore maleo a rona a nne kgakala thata le rona “fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi.” * (Pes. 103:12) Fa re akanya ka tsela e e sa tshwaneng le epe e Jehofa a re itshwarelang ka yone, re a mo leboga e bile seo se re jesa kgakge. (Pes. 130:4) Mme gone, Jehofa o tla itshwarela bomang?

JEHOFA O TLA ITSHWARELA BOMANG?

14. Re ithutile eng ka tshwetso e Jehofa a e dirang ya gore a o tla itshwarela mongwe kgotsa nnyaa?

14 Re ithutile gore Jehofa ga a itshwarele motho a ikaegile ka gore a o dirile boleo jo bo masisi kgotsa jo bo seng masisi go le kalo. Gape re ithutile gore e re ka Jehofa e le Mmopi, Moneimolao le Moatlhodi o akanyetsa tshedimosetso e a nang le yone ka motho yo o dirileng boleo gore a dire tshwetso ya gore a o tla mo itshwarela. Mme ke dilo dife tse dingwe tse Jehofa a di lebang fa a dira tshwetso ya gore a o tla itshwarela motho kgotsa nnyaa?

15. Go ya ka Luke 12:47 le 48, ke eng se Jehofa a se lebang fa a dira tshwetso ya gore a o tla itshwarela motho?

15 Sengwe se Jehofa a se lebang ke gore a motho yo o dirileng boleo o ne a itse gore se a se dirang se phoso. Jesu o ne a gatelela ntlha eo mo go Luke 12:47, 48. (E bale.) Fa motho a dira sengwe se a itseng gore Modimo ga a se amogele e bile se bosula, o dira boleo jo bo masisi. Jehofa a ka nna a se ka a itshwarela motho yoo. (Mar. 3:29; Joh. 9:41) Boammaaruri ke gore, ka dinako dingwe re ka nna ra lemoga gore se re se dirileng se phoso. Fa go le jalo, a Jehofa a ka re itshwarela? Ee! Go na le selo se sengwe se Jehofa a se lebang fa a dira tshwetso ya gore a o tla re itshwarela kgotsa nnyaa.

Ga re belaele gore Jehofa o tla re itshwarela fa re ikwatlhaya ka tsela ya mmatota (Bona serapa 16-17)

16. Go ikwatlhaya go kaya eng, mme ke eng fa re tshwanetse go ikwatlhaya fa re batla gore Jehofa a re itshwarele?

16 Selo se sengwe se Jehofa a se lebang ke gore a ruri motho yo o leofileng o a ikwatlhaya. Go ikwatlhaya go kaya eng? Go ikwatlhaya go kaya go “fetola mogopolo, tsela e motho a ikutlwang ka yone le se a ikaeletseng go se dira.” Go akaretsa gore motho yoo a swabele a bo a hutsafalele dilo tse di bosula tse a di dirileng kgotsa go bo a sa dira dilo tse di siameng tse a neng a tshwanetse go di dira. Motho yo o ikwatlhayang o hutsafadiwa ke dilo tse di bosula tse a di dirileng le gore o ne a letla kamano ya gagwe le Jehofa gore e koafale mme seo sa dira gore a dire dilo tse di bosula. Gakologelwa gore Kgosi Manase le Kgosi Dafide ba ne ba dira maleo a a masisi, le fa go ntse jalo Jehofa o ne a ba itshwarela ka gonne ba ne ba ikwatlhaile ka tsela ya mmatota. (1 Dikg. 14:8) Jehofa o re itshwarela fela fa a lemoga gore re a ikwatlhaya. Le fa go ntse jalo, ga go a lekana gore re swabele maleo a re a dirileng. Re tshwanetse go ikemisetsa go tsaya kgato. * Seno ke selo se sengwe se Jehofa a se lebang.

17. Go sokologa ke eng, mme goreng go le botlhokwa gore re se ka ra boeletsa maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng? (Isaia 55:7)

17 Selo se sengwe se Jehofa a se lebang ke gore a motho o sokologile. Go sokologa go kaya “go retologa.” Ka mafoko a mangwe, motho o tshwanetse go tlogela dilo tse di bosula tse a di dirang mme a simolole go tshela ka tsela e Jehofa a batlang gore a tshele ka yone. (Bala Isaia 55:7.) Motho o tshwanetse go fetola tsela e a akanyang ka yone gore a akanye ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone. (Bar. 12:2; Baef. 4:23) O tshwanetse go ikemisetsa go tlogela tsela e e sa siamang e a neng a akanya ka yone le dilo tse di bosula tse a neng a di dira. (Bakol. 3:7-10) Boammaaruri ke gore tumelo e re nang le yone mo setlhabelong sa ga Keresete, ke yone e e dirang gore Jehofa a re itshwarele maleo a rona a bo a a phimole. Jehofa o tla re itshwarela a dirisa setlhabelo seo fa a lemoga gore re tsaya matsapa a go tlogela boitsholo jo bo sa siamang.—1 Joh. 1:7.

SE BELAELE GORE JEHOFA O TLA GO ITSHWARELA

18. Ke eng se re tlotlileng ka sone malebana le tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone?

18 A re boeletse ka bokhutshwane dilo dingwe tsa botlhokwa tse re tlotlileng ka tsone. Tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone ga e tshwane le e motho a itshwarelang ka yone. Goreng re rialo? Sa ntlha, Jehofa o nna a ikemiseditse go re itshwarela. Sa bobedi, o itse sengwe le sengwe ka rona. O itse tsela e re bopegileng ka yone e bile o kgona go lemoga gore a re ikwatlhaile ka tsela ya mmatota. Mme sa boraro, fa Jehofa a re itshwarela go nna jaaka e kete ga re ise re dire boleo gotlhelele. Seo se dira gore re nne le segakolodi se se phepa le gore a re amogele.

19. Goreng re ka itumela le fa re na le boleo e bile re nna re leofa?

19 Boammaaruri ke gore fa re sa ntse re na le boleo jo re bo gotsitseng kwa go Adame, re tla nna re leofa. Le fa go ntse jalo, re ka gomodiwa ke mafoko a a tlhagang mo Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 771 a a reng: “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o itse makoa a batlhanka ba gagwe ba nang le one. Ka jalo, ga ba a tshwanela go nna ba utlwile botlhoko ka gonne ba na le boleo e bile ba dira diphoso. (Ps 103:8-14; 130:3) Fa ba dira sotlhe se ba se kgonang gore ba tshele ka tsela e Modimo a e batlang ba ka itumela. (Baf 4:4-6; 1Jo 3:19-22).” Ruri mafoko ao a a kgothatsa!

20. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Re leboga go bo Jehofa a ikemiseditse go re itshwarela fa re ikwatlhaela maleo a re a dirileng. Mme gone, re ka etsa jang tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone? Tsela e re itshwarelang ka yone e tshwana jang le e Jehofa a itshwarelang ka yone, mme e farologana ka ditsela dife? Goreng go le botlhokwa gore re tlhaloganye pharologano eo? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseo.

PINA 45 Go Tlhatlhanya ga Pelo ya Me

^ Fa re bala Baebele, Jehofa o re bolelela gore o ikemiseditse go itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe re ka nna ra ikutlwa e kete ga re tshwanelwe ke boitshwarelo joo jwa gagwe. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka lebaka la go bo re sa tshwanela go belaela gore Modimo o ikemiseditse go re itshwarela fa re ikwatlhaya go tswa pelong ka ntlha ya maleo a re a dirileng.

^ TLHALOSO: “Go ikwatlhaya” go kaya go fetola mogopolo le go swabela tsela e motho a neng a tshela ka yone le dilo tse a di dirileng kgotsa tse a paletsweng ke go di dira. Go ikwatlhaya ga mmatota ke go fetola tsela e motho a dirang dilo ka yone.