Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlhoo le Tla Fela!

Letlhoo le Tla Fela!

Boammaaruri ke gore le fa re ka tlogela go tlhoa ba bangwe go tla nna go ntse go na le ba ba tlhoileng ba bangwe. Batho ba ba se nang molato ba sa ntse ba tlhoilwe ke ba bangwe. Jaanong ke eng se se ka fedisang letlhoo?

Jehofa Modimo ke ene fela yo o ka kgonang go fedisa letlhoo le re le bonang gompieno. Baebele e a re o tla dira fela jalo.—Diane 20:22.

MODIMO O TLA FEDISA SENGWE LE SENGWE SE SE DIRANG GORE GO NNE LE LETLHOO

  1. 1. SATANE DIABOLO. Satane ke ene yo o dirang gore batho ba tlhoane mo go kana kana. Modimo o tla fedisa Satane le botlhe ba ba tlhotlhelediwa ke ene.—Pesalema 37:38; Baroma 16:20.

  2. 2. LEFATSHE LE LE BOSULA LA GA SATANE. Modimo o tla fedisa tse di dirang gore go nne le letlhoo go akaretsa le borradipolotiki ba ba senyetsang setšhaba le baeteledipele ba dikereke ba ba dirang gore go nne le letlhoo. Gape Modimo o tla fedisa dikhampani tse di jelang batho madi e bile di ba tsietsa.—2 Petere 3:13.

  3. 3. BATHO BA BA LEOFANG. Baebele e tlhalosa gore batho ba akanya dilo tse di phoso e bile ba a di dira. (Baroma 5:12) Boleo bongwe jo batho ba bo dirang ke go tlhoa ba bangwe. Modimo o tla re thusa gore re tlose boleo mo go rona gore go se ka ga tlhola go nna le letlhoo.—Isaia 54:13.

BAEBELE E RE SOLOFETSA GORE GO TLA NNA LE LEFATSHE LE GO SE NANG LETLHOO MO GO LONE

  1. 1. GO TLA BO GO SE NA TSHIAMOLOLO. Bogosi Jwa Modimo bo tla busa lefatshe. Bo tla busa bo le kwa legodimong mme bo tla dira gore go diragale se se siameng fela. (Daniele 2:44) Go tla bo go sa tlhole go na le letlhoo le batho ba ba tlhaolang ba bangwe. Modimo o tla baakanya dilo tsotlhe tse di sa siamang tse batho ba di diretsweng.—Luke 18:7.

  2. 2. MONGWE LE MONGWE O TLA TSHELA KA KAGISO. Ga go na ope yo o tla bogang ka ntlha ya dintwa le go tlhaselwa. (Pesalema 46:9) Batho botlhe mo lefatsheng ba tla rata kagiso mme lefatshe le tla bo le babalesegile.—Pesalema 72:7.

  3. 3. BATHO BA TLA TSHELELA RURI. Batho botlhe mo lefatsheng ba tla ratana. (Mathaio 22:39) Ga go na ope yo o tla bogang ka ntlha ya dilo tsa nako e e fetileng tse di bosula. (Isaia 65:17) Ka nako eo, go tla bo go se na batho ba ba tlhoaneng mme batho botlhe “ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso.”—Pesalema 37:11.

A o ka rata go tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo? Tota le gone jaanong, batho ba le bantsi ba ithuta go tlogela go tlhoa ba bangwe ba dirisa melaometheo ya Baebele. (Pesalema 37:8) Ke se Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ba se dirang le fa ba tswa mo ditsong tse di farologaneng e bile ba sa godisiwa ka ditsela tse di tshwanang, ba a utlwana gape ba a ratana.—Isaia 2:2-4.

Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go tlotla le wena ka se ba se ithutileng ka go itshokela dilo tse di sa siamang le go tlhaolwa. O tla ithuta go tlogela go tlhoa ba bangwe ka iketlo le gore o ba rate. O tla ithuta go rata batho ba go lebegang ba sa leboge kgotsa e le batho ba ba tlhoileng ba bangwe. Ka ntlha ya seo o tla ithuta go itumela gone jaanong mme tsela e o dirisanang le ba bangwe ka yone e tla tokafala. Sa botlhokwa le go feta, o tla ithuta gore o tshwanetse go dira eng gore o kgone go busiwa ke Bogosi Jwa Modimo ka nako e go tla bong go sa tlhole go na le letlhoo.—Pesalema 37:29.