Isaia 2:1-22

  • Thaba ya ga Jehofa e tla tsholediwa (1-5)

    • Ditšhaka di tla dirwa megoma (4)

  • Letsatsi la ga Jehofa le kokobetsa ba ba ikgodisang (6-22)

2  Seno ke se Isaia morwa Amosi a neng a se bona mo ponatshegelong ya se se tla diragalelang Juda le Jerusalema:+   Mo metlheng ya bofelo,Thaba e ntlo ya ga Jehofa e leng mo go yoneE tla tia thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba,+E bile e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota,Mme ditšhaba tsotlhe di tla ologela kwa go yone.+   Merafe e le mentsi e tla tla e bo e re: “Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa,Kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe.+ O tla re ruta ditsela tsa gagwe,Mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.”+ Gonne molao* o tla tswa kwa Siona,Le lefoko la ga Jehofa le tla tswa kwa Jerusalema.+   O tla atlhola ditšhabaA bo a tlhamalatsa* dilo mo merafeng e le mentsi. Ba tla fetola ditšhaka tsa bone ba di dira megoma*Le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.+ Setšhaba ga se kitla se lwa le setšhaba se sengwe,*E bile ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.+   Tlang lona ditlogolwana tsa ga Jakobe,A re tsamayeng mo leseding la ga Jehofa.+   Gonne o latlhile batho ba gago, e leng ditlogolwana tsa ga Jakobe,+Ka gonne ba latela mekgwa e mentsi e e tswang kwa Botlhaba;Ba dira maselamose+ jaaka Bafilisitia,E bile go tletse bana ba batswakwa mo go bone.   Lefatshe la bone le tletse selefera le gauta,E bile matlotlo a bone ga a na selekanyo. Lefatshe la bone le tletse dipitse,E bile dikara tsa bone ga di na selekanyo.+   Lefatshe la bone le tletse medimo e e se nang mosola.+ Ba obamela dilo tse ba di dirileng ka diatla tsa bone,E leng dilo tse ba di dirileng ka menwana ya bone.   Ka jalo, motho o a obega, o a itlontlolola,Mme ga o ka ke wa ba itshwarela. 10  Tsena mo lefikeng mme o iphitlhe mo lorolengKa ntlha ya bogale jwa ga Jehofa jo bo boifisangLe bogolo jwa gagwe le kgalalelo ya gagwe.+ 11  Batho ba ba mabela ba tla kokobediwa,E bile batho ba ba boikgodiso ba tla ikoba.* Mo letsatsing leo, Jehofa o tla tlotlomadiwa a le esi. 12  Gonne ke letsatsi la ga Jehofa wa masomosomo.+ Le tlela mongwe le mongwe yo o mabela le yo o ikgodisang,Le tlela mongwe le mongwe, e ka tswa e le wa maemo a a kwa godimo kgotsa wa maemo a a kwa tlase,+ 13  Le tlela masedara otlhe a kwa Lebanona a a goletseng kwa godimo le a a tlotlometsengE bile le tlela ditlhare tsotlhe tsa moakere* tsa kwa Bashana, 14  Le tlela dithaba tsotlhe tse diteleleE bile le tlela dithota tsotlhe tse di kwa godimo, 15  Le tlela tora nngwe le nngwe e e kwa godimo le lobota longwe le longwe lo lo sireletsegileng, 16  Le tlela dikepe tsotlhe tsa Tareshishe+E bile le tlela mekoro yotlhe e e rategang. 17  Motho yo o mabela o tla kokobediwa,E bile batho ba ba boikgodiso ba tla ikoba.* Mo letsatsing leo, Jehofa o tla tlotlomadiwa a le esi. 18  Medimo e e se nang mosola e tla fedisiwa gotlhelele.+ 19  Mme batho ba tla tsena mo dikgagengLe mo mesimeng+Ka ntlha ya bogale jwa ga Jehofa jo bo boifisangLe bogolo jwa gagwe le kgalalelo ya gagwe,+Fa a tla go dira gore lefatshe le rorome ka ntlha ya letshogo. 20  Mo letsatsing leo batho ba tla tsaya medimo ya bone e e se nang mosola ya selefera le ya gautaE ba neng ba e itiretse gore ba e obameleBa bo ba e latlhela kwa dirunyeng* le kwa go bommamanthwane,+ 21  Gore ba tsene mo mesimeng e e mo matlapeng a magoloLe mo diphatlheng tsa mafika,Ka ntlha ya bogale jwa ga Jehofa jo bo boifisangLe bogolo jwa gagwe le kgalalelo ya gagwe,Fa a tla go dira gore lefatshe le rorome ka ntlha ya letshogo. 22  Gore dilo di lo tsamaele sentle, tlogelang go ikanya motho,Yo o tshwanang fela le mohemo mo marobeng a dinko tsa gagwe.* Goreng a tshwanetse go tsewa tsia?

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “taelo.”
Kgotsa “baakanya.”
Seheb., “magale a megoma.”
Seheb., “se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka.”
Kgotsa “kokobediwa.”
Mofuta mongwe wa ditlhare tse dikgolo. Ka Seesemane se bidiwa oak.
Kgotsa “kokobediwa.”
Diphologotswana tse di senyang tse di amusang.
Kgotsa “Yo mohemo wa gagwe o leng mo marobeng a dinko tsa gagwe.”