Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSOGANG! No. 2 2018 | Dilo Tse 12 Tse di ka Thusang Malapa Gore a Itumele

Dilo Tse 12 Tse di ka Thusang Malapa Gore a Itumele

Gantsi fa malapa a thubegile, go buiwa thata ka dilo tse di sa tsamayang sentle. Mme a go na le sengwe se re ka ithutang sone mo malapeng a a itumetseng?

  • Go tloga ka 1990 go fitlha ka 2015, palo ya batho ba ba ileng ba tlhalana kwa United States e ile ya oketsega thata mme bontsi jwa batho bao ba ne ba le mo dingwageng tsa bo50 go ya kwa godimo.

  • Batsadi ga ba itse gore ba direng: Go na le batho ba ba reng batsadi ba tshwanetse go akgola bana thata mme ba bangwe ba re batsadi ba tshwanetse go gagamatsa letsogo fa ba godisa bana.

  • Basha ba gola ba sa rutiwe gore ba direng go atlega mo botshelong.

Mme nnete ke gore . . .

  • Lenyalo le ka kgona go nna monate.

  • Batsadi ba ka kgona go kgalemela bana ka lorato.

  • Basha ba ka kgona go itse gore ba direng gore ba atlege fa ba gola.

Jang? Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka dilo di le 12 tse di ka thusang malapa gore a itumele.

 

1: Tsaya Lenyalo le le Botlhokwa

Dikakantsho tse tharo tse di ka thusang banyalani gore ba nne ba le mmogo.

2: Go Dirisana Mmogo

A lo dirisana mmogo kgotsa a mongwe le mongwe o itshelela botshelo jwa gagwe?

3: Go Tlotlana

Ithute gore ke eng se banyalani ba ka se dirang go bontshana tlotlo.

4: Go Itshwarelana

Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa tlhoma mogopolo thata mo diphosong tsa motho yo o nyalaneng le ene?

5: Puisano

Dilo tse tharo tse di ka go thusang gore o kgone go buisana le bana ba gago.

6: Go Laya Bana

A go laya ngwana go dira gore a inyatse?

7: Maitseo le Mekgwa e Mentle

Ke eng se o tshwanetseng go se ruta bana ba gago?

8: Ba Tlhomele Sekao

Fa o batla gore bana ba go reetse, ba tlhomele sekao se se molemo.

9: Go Ikitse

Basha ba ka tlhalosa jang dilo tse ba di dumelang?

10: Go Ikanyega

Fa batsadi ba gago ba go tshepa, ba tla go naya maikarabelo a a oketsegileng.

11: Go Nna Senatla

Go ithuta go bereka ka thata fa o sa ntse o le mosha go tla go thusa gore o kgone go atlega mo botshelong.

12: Se o Batlang go se Dira

Fa o kgonne go fitlhelela sengwe se o neng o batla go se dira, o tla itshepa, o tla nna le ditsala e bile o tla itumela.

Kwa Malapa a ka Bonang Thuso Gone

Kgakololo ya Baebele e ka go thusa go itumelela lenyalo le go nna le lelapa le le itumetseng.