Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go itshwarelana go tshwana le go tima molelo

BANYALANI

4: Go Itshwarelana

4: Go Itshwarelana

GO KAYA ENG?

Go itshwarela go raya go lebala selo se se botlhoko se motho a go dirileng sone. Ga go reye gore selo se motho yoo a se dirileng ga se phoso kgotsa gore o tlhoka go dira e kete ga go a diragala sepe.

BAEBELE YA RE: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.”—Bakolosa 3:13.

“Fa o rata motho, ga o kitla o tlhoma mogopolo mo diphosong tsa gagwe go na le moo o tla leka go bona dilo tse dintle tse a di dirang.”—Aaron.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Fa o tshwere motho yo o nyalaneng le ene ka pelo o a ikgobatsa e bile o ka nna wa feleletsa o thubile lenyalo la gago.

“Monna wa me o kile a nkutlwisa botlhoko mme a kopa maitshwarelo. Go ne go le thata gore ke mo itshwarele. Ke ikwatlhaela gore ke ile ka tsaya lobaka go mo itshwarela. Ke batlile ke tsenya lenyalo la rona mo kotsing go sa tlhokege.”—Julia.

SE O KA SE DIRANG

ITLHATLHOBE

Fa go ka direga gore monna kgotsa mosadi wa gago a bue kgotsa a dire sengwe se se go utlwisang botlhoko, ipotse jaana:

  • ‘A ke ngalangala fela?’

  • ‘A selo se a se dirileng se maswe thata mo a tlhokang go kopa maitshwarelo kgotsa a nka se tlodisa matlho fela?’

DIPOTSO TSE LO KA TLOTLANG KA TSONE

  • Re tsaya lobaka lo lo kae pele re itshwarelana?

  • Re ka dirang gore re kgone go itshwarelana ka bonako?

DIKAKANTSHO

  • Fa a dirile sengwe se se go utlwisitseng botlhoko, o se ka wa itlhaganelela go akanya gore o dirile ka boomo.

  • Leka go itlhokomolosa selo se a se dirileng o ntse o gopotse gore rotlhe re dira diphoso makgetlo a le mantsi.—Jakobe 3:2.

“Go motlhofo gore re itshwarelane fa roobabedi re le molato mme go thata fa go bonala e kete wena ga go sepe se se phoso se o se dirileng. Motho yo o mabela ga a kgone go kopa maitshwarelo e bile ga a kgone go itshwarela ba bangwe.”—Kimberly.

BAEBELE YA RE: “Nna bofefo go rarabolola dikgang.”—Mathaio 5:25.

Fa o tshwere motho yo o nyalaneng le ene ka pelo o a ikgobatsa e bile o ka nna wa feleletsa o thubile lenyalo la gago