Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Amogela ka Kanaanelo—Aba ka Pelo Yotlhe

Amogela ka Kanaanelo—Aba ka Pelo Yotlhe

Amogela ka Kanaanelo—Aba ka Pelo Yotlhe

RRAARONA yo o lorato yo o kwa legodimong e bong Jehofa, o amega ka mongwe le mongwe wa rona. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore o kgathalela batlhanka ba gagwe botlhe fela thata. (1 Pet. 5:7) Tsela e nngwe e Jehofa a bontshang ka yone gore o a re kgathalela ke ka go re thusa ka ditsela tse di farologaneng gore re mo direle ka boikanyegi. (Isa. 48:17) Jehofa o batla gore re dirise thuso e a re nayang yone, segolobogolo fa re lebane le mathata a a re ngomolang pelo. Molao wa ga Moshe o bontsha boammaaruri jwa kgang eo.

Mo Molaong wa ga Moshe Jehofa o ne rulagantse ka lorato gore “yo o bogisiwang,” jaaka lesiela, motlholagadi le moagi wa moeng a thusiwe. (Lefi. 19:9, 10; Dute. 14:29) O a itse gore bangwe ba batlhanka ba gagwe ba ka nna ba tlhoka thuso ya badumedi ka bone. (Jak. 1:27) Ka jalo, ga go ope wa batlhanka ba gagwe yo o tshwanetseng go ikgogona go amogela thuso e a e newang ke batho ba Jehofa a ba tlhotlheletsang go thusa ka tsela eo. Le fa go le jalo, fa re amogela thuso re tshwanetse go dira jalo ka moya o montle.

Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le bontsha gore gape batho ba Modimo ba ka abela ba bangwe. Gakologelwa pego ya “motlholagadi mongwe wa motlhoki” yo Jesu a mmoneng kwa tempeleng kwa Jerusalema. (Luke 21:1-4) Go ka direga gore motlholagadi yono o ne a solegetswe molemo ke dilo tse Jehofa ka lorato a neng a rulagantse gore di newe batlholagadi go ya ka Molao. Mme le fa motlholagadi yono e ne e le motlhoki, ga a gopolwe e le motho yo o neng a amogela mme o gopolwa e le motho yo o neng a aba. Moya wa gagwe wa go aba o tshwanetse wa bo o ne wa mo leretse boitumelo ka gonne, jaaka Jesu a buile, “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Dit. 20:35) O ntse o akantse ka boammaaruri jono, o ka ‘itlwaetsa go aba’ jang mme wa itumela?—Luke 6:38.

“Ke Tla Duela Jehofa ka Eng?”

Mopesalema o ne a ipotsa jaana: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?” (Pes. 116:12) O ne a amogetse melemo efe? Jehofa o ne a mo thusitse ka nako ya “matshwenyego le khutsafalo.” Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a “namotse moya wa [gagwe] mo losong.” Jaanong o ne a batla go “duela” Jehofa ka tsela nngwe. Mopesalema o ne a ka dirang? O ne a re: “Ke tla diragatsa maikano a me mo go Jehofa.” (Pes. 116:3, 4, 8, 10-14) O ne a swetsa ka gore o tla boloka ditsholofetso tsotlhe tse di masisi tse a neng a di diretse Jehofa le go dira dilo tsotlhe tse a neng a tshwanetse go di mo direla.

Le wena o ka dira jalo. Jang? Ka go tshela ka tsela e ka dinako tsotlhe e dumalanang le melao le melaometheo ya Modimo. Ka jalo, tlhomamisa gore kobamelo ya gago mo go Jehofa e nna e le selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago mme o letle gore moya wa Modimo o go kaele mo go sengwe le sengwe se o se dirang. (Mor. 12:13; Bagal. 5:16-18) Mme tota o ka se tsamaye o duetse Jehofa ka botlalo o mo duelela dilo tsotlhe tse a di go diretseng. Le fa go le jalo, o ‘ipedisa pelo ya ga Jehofa’ fa a go bona o mo direla ka pelo yotlhe. (Dia. 27:11) A bo go ipedisa Jehofa ka tsela eno e le tshiamelo e kgolo jang ne!

Thusa Gore Dilo di Tsamaye Sentle mo Phuthegong

Kwantle ga pelaelo o tla dumela gore phuthego ya Bokeresete e go thusitse ka ditsela tse dintsi. Jehofa o ntse a dirisa phuthego go re naya letlepu la dijo tsa semoya. O amogetse boammaaruri jo bo neng jwa go golola mo maakeng a bodumedi le mo lefifing la semoya. (Joh. 8:32) Kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo tse di rulagantsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” o ne wa newa kitso e e tla dirang gore o bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise go se na botlhoko le pogo. (Math. 24:45-47) Ga o kake wa kgona go balolola melemo yotlhe e o e amogetseng—le e o sa ntseng o tla e amogela—mo phuthegong ya Modimo. Ke eng se o ka se dirang go leboga phuthego?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mmele otlhe, ka go kopanngwa mmogo ka kutlwano e bile o dirwa gore o dirisane ka lelokololo lengwe le lengwe le le nayang se se tlhokwang, go ya ka go dira ga tokololo nngwe le nngwe ka go farologana ga tsone ka selekanyo se se tshwanetseng, o direla kgolo ya mmele gore o ikage mo loratong.” (Baef. 4:15, 16) Le fa ditemana tseno di lebisitse segolobogolo mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, molaomotheo o o mo go tsone o ka dira mo Bakereseteng botlhe gompieno. Ee, leloko lengwe le lengwe la phuthego le ka thusa gore dilo di tsamaye sentle mo phuthegong le gore e gole. Ka ditsela dife?

Re ka dira jalo ka gore ka dinako tsotlhe re leke ka natla go kgothatsa le go lapolosa ba bangwe semoyeng. (Bar. 14:19) Gape re ka thusa gore go nne le “kgolo ya mmele” ka go dirisa maungo a moya wa Modimo fa re dirisana le badumedi ka rona. (Bagal. 5:22, 23) Gape re ka batla ditshono tsa go ‘dira se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.’ (Bagal. 6:10; Baheb. 13:16) Mongwe le mongwe mo phuthegong—bakaulengwe le bokgaitsadi, bannye le bagolo—ba ka kgona go thusa go ‘aga mmele ka lorato.’

Mo godimo ga moo, re ka dirisa bokgoni jwa rona, maatla le dithoto tsa rona go thusa mo tirong ya go rera e e bolokang matshelo e e dirwang ke phuthego. Jesu Keresete o ne a re: “Lo amogetse mahala.” Re tshwanetse go arabela jang? O ne a re: “Nayang mahala.” (Math. 10:8) Ka jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang mo tirong e e botlhokwa ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Math. 24:14; 28:19, 20) A go na le sengwe se se go kgoreletsang go dira tiro eno ka botlalo? Gakologelwa motlholagadi wa motlhoki yo Jesu a neng a bua ka ene. O ne a ntsha moneelo o monnye tota. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re o ntshitse go gaisa ba bangwe botlhe. O ne a ntshitse sotlhe se maemo a gagwe a neng a mo letla go se ntsha.—2 Bakor. 8:1-5, 12.

Amogela Thuso ka Moya o Montle

Mme gone, go ka nna le dinako tse o ka tlhokang thuso ya phuthego ka tsone. Le ka motlha o se ka wa okaoka go amogela thuso le fa e le efe e phuthego e ka go fang yone fa o utlwa o imelwa ke mathata a tsamaiso eno ya dilo. Jehofa o dirile gore go nne le banna ba ba tshwanelegang le ba ba lorato gore ba “dise phuthego”—gore ba go thuse fa o lebane le diteko le pitlagano. (Dit. 20:28) Bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba batla go go gomotsa, go go tshegetsa le go go sireletsa ka dinako tse di thata.—Bagal. 6:2; 1 Bathes. 5:14.

Le fa go ntse jalo, tlhomamisa gore fa o amogela thuso nngwe e o e tlhokang, o dire jalo ka moya o montle. Ka metlha anaanela thuso e o e newang. Leba thuso e e ntseng jalo e e tswang mo badumeding ka wena e le tsela e Modimo a go bontshang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka yone. (1 Pet. 4:10) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dira jalo? Ka gonne ga re batle go amogela thuso ka tsela e batho ba bantsi mo lefatsheng ba dirang ka yone—ka go tlhoka kanaanelo.

Nna Tekatekano Mme o Akanyetse ba Bangwe

Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela phuthego ya Filipi, o ne a kwala jaana malebana le Timotheo: “Ga ke na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a gagwe yo ruri a tla tlhokomelang dilo tse di lo amang.” Le fa go ntse jalo, go tswa foo Paulo o ne a re: “Ba bangwe botlhe ba ipatlela melemo, e seng ya ga Keresete Jesu.” (Bafil. 2:20, 21) Re ntse re gopotse mafoko ao a a masisi a ga Paulo, rona gompieno re ka tila jang go tshwarega thata ka go “ipatlela melemo”?

Le ka motlha ga re a tshwanela go batla ka kgang gore ba bangwe mo phuthegong ba dirise nako ya bone go re thusa go rarabolola mathata a rona. Ka ntlha yang? Akanya ka seno: Eleruri re ne re ka leboga fela thata fa mokaulengwe mongwe a ne a ka re thusa ka dilo dingwe tse re di tlhokang fa re diragaletswe ke sengwe se se sa lebelelwang. A mme re ka dira gore a ikutlwe a patelesega go re thusa? Nnyaa le e seng. Ka tsela e e tshwanang, le fa ka metlha bakaulengwe ba rona ba ba lorato ba itumelela go re thusa, re tshwanetse go nna tekatekano le go ba akanyetsa fa go tliwa mo selekanyong sa nako e re lebeletseng gore ba e dirise fa ba re thusa. Re batla gore le fa e le eng se badumedi ka rona ba ka se dirang go re thusa go lebana le mathata, ba se dire ka go rata.

O ka tlhomamisega gore ka dinako tsotlhe bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba Bakeresete ba tla nna ba iketleeditse go go thusa ka go rata. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ba ka nna ba retelelwa ke go go thusa ka sengwe le sengwe se o se tlhokang. Fa seo se direga, tlhomamisega gore Jehofa o tla go thusa go lebana le diteko le fa e ka nna dife tse o ka lebanang le tsone, jaaka a ile a thusa mopesalema.—Pes. 116:1, 2; Bafil. 4:10-13.

Ka jalo, o se ka wa okaoka go anaanela fa o amogela sepe fela se Jehofa a se go nayang—segolobogolo ka dinako tsa mathata le matshwenyego. (Pes. 55:22) O batla gore o dire jalo. Le fa go ntse jalo, gape o batla gore o ‘neye ka boitumelo.’ Ka jalo, dira jaaka o “sweditse mo pelong ya [gago]” gore o dire sotlhe se maemo a gago a go letlang go se dira go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri. (2 Bakor. 9:6, 7) Ka tsela eo, o tla kgona go dira dilo tseno ka bobedi—go amogela ka kanaanelo le go aba ka pelo yotlhe.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 31]

“Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?”Pes. 116:12

▪ Batla ditshono tsa go ‘dira se se molemo mo go botlhe’

▪ Kgothatsa ba bangwe o bo o ba lapolose semoyeng

▪ Nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go dira barutwa go ya kafa maemo a gago a go letlang ka teng