Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Peo ya Boammaaruri e Fitlha Kwa Mafelong a a Kgakala

Peo ya Boammaaruri e Fitlha Kwa Mafelong a a Kgakala

Peo ya Boammaaruri e Fitlha Kwa Mafelong a a Kgakala

REPABOLIKI ya Tuva e e kwa Russia e mo karolong e e kwa borwa thata ya Siberia mme Mongolia e kafa borwa le kafa botlhaba jwa yone. Batho ba bantsi kwa Tuva ba nna mo mafelong a a kgakala a go leng thata go isa molaetsa wa Bogosi kwa go one. Le fa go ntse jalo, mo nakong e e fetileng, setlhopha sa batho se ne sa tsaya mosepele go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tse di kafa ntle ga Tuva go ya Kyzyl, e e leng motsemoshate wa teng, go ya seminareng. Maria, mmulatsela mongwe kwa Kyzyl, o ne a utlwalela gore batho bano ba ne ba gorogile, mme o ne a lemoga gore seno e ne e le tshono ya gore a rerele batho bano ba ba ka tswang ba utlwa dikgang tse di molemo ka sewelo.

Maria o tlhalosa se se diragetseng: “Sekolo se ke rutang kwa go sone se ne sa rulaganya seminara e e kaga go lebana le bothata jwa go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Go ne go tlile go tla batho ba ka nna 50 ba ba tswang kwa mafelong a a kgakala a Tuva. Mo setlhopheng seo go ne go na le barutabana, baithutatlhaloganyo, batlhatlhobi ba tlhokomelo ya bana, le ba bangwe.” Kokoano eno e ne e neile Maria tshono ya go rera, mme go ne go se kitla go nna motlhofo mo go ene. O tlhalosa jaana: “Ke motho yo o ditlhong ka tlholego, mme ke fitlhela go le thata go rera fa ke se mo bodireding. Le fa go ntse jalo, ke ne ka rapela Jehofa gore a nneye bopelokgale jwa gore ke kgone go fenya poifo mme ke dirise tshono eno go rera.” A o ne a atlega?

Maria o tswelela jaana: “Ke ne ka bona makasine wa Tsogang! o o neng o tlotla ka kgang ya poifo e e feteletseng. Ke ne ka akanya gore, ‘Moithutatlhaloganyo a ka kgatlhegela go bala kgang eno,’ mme ke ne ka tsamaya ka makasine oo fa ke ya sekolong. Mo letsatsing leo, mongwe wa barutabana ba ba neng ba tlile seminareng o ne a tla mo ofising ya me, mme ke ne ka mo naya makasine oo. O ne a o amogela ka boitumelo. Tota e bile, o ne a re ene ka boene o na le poifo e e feteletseng. Letsatsi le le latelang, ke ne ka mo tlisetsa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, Bolumo 1. Le yone o ne a e amogela ka boitumelo. E re ka a ne a kgatlhegela buka eno, ke ne ka ipolelela gore barutabana ba bangwe le bone ba ne ba ka nna ba e rata. Ka jalo ke ne ka tsaya lebokose le le nang le dibuka tsa Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang le dikgatiso tse dingwe fa ke ya sekolong.” Go ise go ye kae ke fa lebokose le kgaritlhegile. Maria o anela se se diragetseng jaana: “Barutisi ba le mmalwa ba ba dirang le morutabana yo ke neng ke mo neile buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang ba ne ba tla kwa ofising ya me mme ba re: ‘Dibuka di tsewa kae?’” Ba ne ba tlile mo lefelong le le tshwanetseng!

Seminara e ne e tlile go fela ka Matlhatso. Maria o ne a tla bo a sa dire ka letsatsi leo, ka jalo o ne a tlogela dikgatiso mo ditafoleng di le mmalwa mo ofising ya gagwe. O ne a kwala jaana mo lomating lwa go kwalela: “Barutabana ba ba Rategang! Lo ka itseela dikgatiso mme lwa tseela le ba bangwe ba ba ka ratang go di bala. Dikgatiso tseno tse di molemo di tla lo thusa gore lo atlege mo tirong ya lona le go nonotsha malapa a lona.” Ba ne ba arabela jang? “Ke ne ka ya kwa ofising ya me letsatsi leo mme ke ne ka fitlhela bontsi jwa dikgatiso di seyo. Ke ne ka tlisa dibuka le dimakasine tse dingwe ka bonako.” Fa seminara e fela, Maria o ne a tsamaisitse dimakasine di le 380, dibuka di le 173 le diboroutšhara di le 34. Fa batho ba ba neng ba tlile seminareng ba boela kwa mafelong a a kgakala a ba neng ba tswa kwa go one e bile ba bereka kwa go one, ba ne ba tsamaya ka dikgatiso tseo. Maria a re: “Ke itumetse tota gore peo ya boammaaruri jaanong e fitlhile kwa dikarolong tse di kgakala tsa Tuva!”—Mor. 11:6.

[Mmapa mo go tsebe 32]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

RUSSIA

REPABOLIKI YA TUVA