Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikatlholo Tsa Modimo—A di Ne di le Setlhogo?

Dikatlholo Tsa Modimo—A di Ne di le Setlhogo?

GO ARABA potso eno, mma ka bokhutshwane re sekaseke dikai tse pedi tsa dikatlholo tsa Modimo tse di mo Baebeleng—Morwalela wa motlha wa ga Noa le go fedisiwa ga Bakanana.

MORWALELA WA MOTLHA WA GA NOA

SE BATHO BANGWE BA SE BUANG: “Modimo o ne a le setlhogo fa a ne a tlisa morwalela go fedisa batho botlhe kwantle ga Noa le ba lelapa la gagwe.”

SE BAEBELE E SE BUANG: Modimo o ne a re: “Ke natefelelwa, e seng ke loso lwa moikepi, mme ke gore motho yo o boikepo a boe mo tseleng ya gagwe mme a tswelele a tshela.” (Esekiele 33:11) Ka jalo, go senngwa ga batho ba ba boikepo ba motlha wa ga Noa ga go a ka ga itumedisa Modimo. Mme ke ka ntlha yang fa a ile a ba fedisa?

Baebele ya re fa Modimo a ne a atlhola baikepi mo metlheng e e fetileng, o ne “a tlhomela baikepi sekao sa dilo tse di tla tlang.” (2 Petere 2:5, 6) Modimo o ne a tlhoma sekao sefe?

Sa ntlha, Modimo o ne a bontsha gore le fa a utlwisiwa botlhoko ke go fedisa batho, o etse tlhoko batho ba ba setlhogo ba ba bakang pogo e bile o batla gore ba ikarabelele ditiro tsa bone. Kgabagare, o tla fedisa tshiamololo yotlhe le pogo.

Sa bobedi, sekao sa ditiro tsa Modimo tsa nako e e fetileng se bontsha gore Modimo ka lorato o ne a tlhagisa batho pele ga a ba atlhola. Noa e ne e le moreri wa tshiamo, mme batho ba le bantsi ga ba a ka ba mo reetsa. Baebele ya re: “Ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.”—Mathaio 24:39.

A Modimo o ne a tswelela ka sekao seo? Ee. Ka sekai, o ne a tlhagisa batho ba gagwe ba Iseraele gore fa ba ka dira boikepo jaaka dinaga tse di ba dikologileng di ne di dira, o ne a tla letla baba ba bone go tlhasela naga ya bone; ba senye motsemogolo wa bone, Jerusalema; le go ba isa botshwarwa. Baiseraele ba ne ba dira boikepo—le e leng go ntsha bana ba bone setlhabelo. A Jehofa o ne a tsaya kgato? Ee, mme o ne a dira jalo morago ga go romela baporofeti gore ba tlhagise batho ba gagwe ka makgetlho a le mantsi, gore ba fetole ditsela tsa bone pele ba thanya le le tsebeng. O ne a re: “Morena Molaodimogolo Jehofa ga a kitla a dira sepe fa a sa senolela batlhanka ba gagwe, e bong baporofeti sephiri sa gagwe.”—Amose 3:7.

KAFA O AMEGANG KA TENG: Sekao se re se bonang mo dikatlholong tse di fetileng tsa ga Jehofa se re  naya tsholofelo. Re lebile pele fa Modimo a tla bo a atlhola batho ba ba setlhogo ba ba bakang pogo. Baebele ya re: “Badirabosula ba tlaa kgaolwa . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:9-11) O akanya eng ka katlholo e e tla gololang batho mo pogong? A e bontsha bosetlhogo kgotsa kutlwelobotlhoko?

GO FEDISIWA GA BAKANANA

SE BATHO BANGWE BA SE BUANG: “Go senngwa ga Bakanana e ne e le ntwa e e setlhogo fa e bapisiwa le dintwa tsa kgailo ya morafe tsa motlha wa segompieno.”

SE BAEBELE E SE BUANG: “Ditsela tsotlhe tsa [Modimo] di tshiamiso. [Ke] Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene.” (Duteronome 32:4) Tshiamiso ya Modimo e ka se bapisiwe le dintwa tsa batho. Ka ntlha yang? Ka gonne go farologana le batho, Modimo ene o kgona go bona dipelo.

Ka sekai, fa Modimo a ne a atlhola metse ya Sodoma le Gomora e bile a ikemiseditse go e senya, monna yo o ikanyegang Aborahame o ne a batla go itse gore a tshwetso e Modimo a e dirileng e siame. O ne a sa akanye gore Modimo wa gagwe yo o tshiamiso a ka “gogola basiami le baikepi.” Ka bopelotelele, Modimo o ne a mo tlhomamisetsa gore le fa go ne go na le batho ba le lesome fela ba ba siameng kwa Sodoma, o ne a se kitla a fedisa motse oo ka ntlha ya bone. (Genesise 18:20-33) Ga go pelaelo gore Modimo o ne a hukutsa dipelo tsa batho bao mme a bona gore ba boikepo go le kana kang.—1 Ditiragalo 28:9.

Ka tsela e e tshwanang, Modimo o ne a bona gore Bakanana ba boikepo mme a laela gore ba senngwe. Bakanana ba ne ba itsege ka bosetlhogo jwa bone, jo bo neng bo akaretsa go fisiwa ga bana ba tshela mo molelong wa ditlhabelo. * (2 Dikgosi 16:3) Bakanana ba ne ba itse gore Modimo o ne a laetse Baiseraele gore ba gape naga yotlhe. Batho ba ba ileng ba tlhopha go sala le go lwa, ba ne ba sa lwe le Baiseraele fela mme gape ba ne ba lwa le Jehofa, yo o neng a ba neile bosupi jo bo nonofileng jwa gore o na le batho ba gagwe.

Mo godimo ga moo, Modimo o ne a nna kutlwelobotlhoko mo Bakananeng ba ba neng ba tlogela boikepo jwa bone mme ba amogela melao ya ga Jehofa ya boitsholo. Ka sekai, seaka sa Mokanana e bong Rahabe o ne a bolokiwa mmogo le ba lelapa la gaabo. Gape, fa baagi ba Bakanana ba motse wa Gibeone ba ne ba kopa go utlwelwa botlhoko, bone le bana ba bone botlhe ba ne ba bolokiwa ba tshela.—Joshua 6:25; 9:3, 24-26.

KAFA O AMEGANG KA TENG: Re ka ithuta thuto e e botlhokwa ka go atlholwa ga Bakanana. ‘Letsatsi la katlholo la go senngwa ga baikepi’ le ntse le atamela ka bonako. (2 Petere 3:7) Fa re rata Jehofa, re tla solegelwa molemo fa a fedisa go boga ga batho, ka go tlosa batho ba ba ganang puso ya gagwe ya tshiamiso mo lefatsheng.

Bakanana ba ne ba itsege ka bosetlhogo mme ba ne ba ganetsa Modimo le go lwa le batho ba gagwe ka boomo

Jehofa o re gakolola ka lorato gore ditshwetso tse batsadi ba di dirang di ama bana ba bone. Lefoko la Modimo la re: “O tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.” (Duteronome 30:19, 20) A mafoko ao ke a Modimo yo o setlhogo kgotsa ke mafoko a Modimo yo o ratang batho le yo o batlang gore ba dire ditshwetso tse di siameng?

^ ser. 15 Baithutamarope ba ne ba epolola bosupi jo bo bontshang gore kobamelo ya Bakanana e ne e akaretsa go ntsha bana setlhabelo.