Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DITSELA TSA GO BONA BOITUMELO MO LELAPENG

Go Dirisana le Batho ba ba Seng mo Lelapeng la Gago la Bobedi

Go Dirisana le Batho ba ba Seng mo Lelapeng la Gago la Bobedi

MARGARET, * YO E LENG MMÉ WA BOBEDI KWA AUSTRALIA: “Mosadi wa pele wa monna wa me o boleletse bana gore ba se ka ba reetsa sepe se ke se ba bolelelang—tota le e leng dilo tse di sa reng sepe tse di jaaka ‘Lo se ka lwa lebala go tlhapa meno.’” Margaret o akanya gore lenyalo la gagwe le ile la nna le mathata ka ntlha ya leano leo le le bakang dikgaogano.

Malapa a lenyalo la bobedi a lebana le mathata a a tlhomologileng mme gantsi ke kgwetlho go nna le dikamano le batho ba ba seng mo lelapeng. * Batsadi ba bantsi ba ba mo lenyalong la bobedi ba tshwanelwa ke go bua le motsadi wa ngwana fa go nna le dikgang tse di amanang le go eta, go otlhaya ngwana le go thusa ka madi. Ditsala le ba losika le bone ba ka nna le mathata a go amogela lelapa le lesha. Ela tlhoko kafa kgakololo ya Baebele e ka thusang lelapa la gago la bobedi go lebana le dikgwetlho tseo ka teng.

KAMANO 1: MOTSADI YO MONGWE WA NGWANA

Mmè mongwe yo o mo lenyalong la bobedi wa kwa Namibia e bong Judith a re: “Mmè wa bana ba me ba lelapa le lesha o kile a ba bolelela gore ke mosadi wa ga rraabone fela mme bana bape ba re ka nnang le bone e ka se nne bomonnawe. Mafoko a gagwe a ile a nkutlwisa botlhoko ka gonne ke rata bana ba me ba lenyalo la bobedi jaaka bana ba me ba tlholego.”

 Bomankge ba dumela gore kamano le motsadi yo mongwe wa ngwana e ka nna kgang e e thata e e bakang dikgotlhang mo lelapeng la bobedi. Gantsi ke mmè wa tlholego le mmè wa bobedi ba ba nang le mathata a magolo. Ke eng se se ka thusang?

Tsela ya go atlega: Tlhoma melelwane e e tekatekano. Fa o leka go thibela motsadi wa tlholego gore a se ka a nna le seabe mo botshelong jwa ngwana, go ka utlwisa ngwana botlhoko. * Batsadi ba ngwana, ‘ba ba dirileng gore a tsholwe,’ ba na le tlhotlheletso e e kgethegileng mo botshelong jwa gagwe. (Diane 23:22, 25) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa o dira gore molekane wa pele a nne le tlhotlheletso e kgolo mo lelapeng la gago, o ka kgopisa kgotsa le e leng go galefisa molekane wa gago yo mosha. Leka go nna tekatekano, o tlhome melelwane e e tekatekano go sireletsa lenyalo la gago, ka nako e tshwanang o ntse o dirisana sentle le motsadi yo mongwe kafa o ka kgonang ka teng.

DINTLHA TSE DI KA THUSANG BATSADI

  • Fa o bua le molekane wa gago wa pele, tlhoma mogopolo mo baneng mme o fokotse go tlotla ka dilo tse dingwe. Ka sekai, o ka nna wa botsa ka botlhale gore a go ka kgonega gore lo tlhome nako e e tlhomameng ya go letsa mogala motshegare. Gantsi go nna botoka go dira jalo go na le go letsa mogala nako nngwe le nngwe fela kgotsa bosigo thata.

  • Fa o sa newa tshwanelo ya go tlhokomela bana, gongwe o ka letsa mogala, wa kwala makwalo, wa kwala melaetsa ka founo kgotsa wa kwala e-mail go ikgolaganya le bana ka metlha. (Duteronome 6:6, 7) Ba bangwe ba dirisa mokgwa wa go buisana ba bonana ka bidio. O ka kgona go tlhaloganya bana ba gago botoka e bile o ka ba naya kgakololo e e molemo e e ka ba thusang.

DINTLHA TSE DI KA THUSANG BOMMÉ BA BA MO LELAPENG LA BOBEDI

  • Bontsha mmè wa bana “lorato lwa bokaulengwe” ka go mo tlhalosetsa sentle gore ga o leke go tsaya seemo sa gagwe. (1 Petere 3:8) Mmolelele ka metlha gore bana ba tsogile jang fa e le gore bana ba gagwe ba nna le wena, o tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng. (Diane 16:24) Kopa kgakololo ya gagwe mme o mo leboge fa a go e neela.

  • Fokotsa tsela ya go bontsha bana lorato fa mmaabone a le teng. Beverly, mmè mongwe wa lenyalo le lesha wa kwa United States a re: “Bana ba me ba bannye ba lelapa la bobedi ba ne ba batla go mpitsa Mama. Re ne ra dumalana gore go siame fa re le mo gae mme ba se ka ba mpitsa Mama fa na ba le mmaabone e bong Jane, kgotsa ba lelapa la gagwe. Nna le Jane re ne ra utlwana botoka morago ga foo. Tota e bile, re ne re thusana ka metshameko ya sekolo le maeto a sekolo.”

O ka tswa o na le tlhotlheletso e kgolo mo baneng ba gago go feta kafa o akanyang ka teng

DINTLHA TSE DI KA THUSANG BATSADI LE BATSADI BA LELAPA LA BOBEDI GO UTLWANA

    Go nna maitseo le go bontsha tlotlo go dira gore go nne le kagiso

  • Le ka motlha o se ka wa bua bosula ka motsadi yo o seyong kgotsa ka motsadi wa bobedi bana ba go reeditse. Go motlhofo go bua dilo tse di sa siamang mme go ka utlwisa ngwana botlhoko thata. Mme ga o itse gore mafoko a gago a tla boelediwa leng kgotsa jang. (Moreri 10:20) Fa ngwana a re motsadi wa bobedi o ne a bua sengwe se se bosula ka wena, tlhoma mogopolo mo maikutlong a ngwana. O ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno: “Ke maswabi go  bo o ile wa utlwa seo. Mmago o nkgalefetse mme ka dinako tse dingwe fa batho ba galefile ba bua dilo tse di sa siamang.”

  • Lekang gore melao le kotlhao e se ka ya fetofetoga mo malapeng ano a mabedi. Fa go kgonega, tlhalosa pharologanyo kwantle ga go tseela motsadi yo mongwe kwa tlase. Ela tlhoko tiragalo e e latelang:

    Mmè wa bobedi: Tim, tsweetswee sela toulo ya gago e e metsi.

    Tim: Kwa ntlong ya ga Mama, re di tlogela fela fa fatshe mme ene a bo a di sela.

    Mmè wa bobedi (ka bogale): Fa e le gore o dira jalo, o lo ruta go nna botshwakga.

    A karabo eno e ka tokafadiwa?

    Mmè wa bobedi (a ritibetse): Ehe, nnyaa go siame. Mme rona fano re di sela ka borona.

  • Tila go rulaganyetsa bana dilo tse ba tla di dirang fa ba na le motsadi yo mongwe. (Mathaio 7:12) Fa o sa kgone go fetola se o batlang gore ba se dire, kopa tetla mo motsading yo mongwe pele ga o bolelela bana gore o rulagantse eng.

LEKANG SENO: Latela dikgato tseno mo lekgetlhong le le latelang fa o kopana le molekane wa pele wa mosadi kgotsa monna wa gago kgotsa monna kgotsa molekane wa gago wa pele:

  1. Mo lebe mo matlhong mme o nyenye. Tila go hemela kwa godimo kgotsa go pitikanya matlho.

  2. Dumedisa motho yoo ka leina la gagwe. Ka sekai, e re “Dumela Moipone.”

  3. Akaretsa motho yoo mo motlotlong fa lo le mo setlhopheng.

KAMANO 2: BANA BA BA GODILENG

Buka ya Step Wars e nopola mosadi mongwe a ngongorega ka ntlha ya ka tsela e monna wa gagwe a ratang go buelela bana ba gagwe ba ba godileng ka yone mme a gana go dumela gore ga ba mo tshware sentle. A re: “Ke galefa ka bonako.” O ka dira jang go tila gore kamano ya gago le bana ba ba godileng e se ka ya senya lenyalo la gago?

Tsela ya go atlega: Ba akanyetse. Baebele ya re: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24) Leka go tlhaloganya le go bona gore motho yo mongwe o ikutlwa jang. Bana ba lelapa la bobedi ba ba godileng ba ka nna ba tshaba gore motsadi wa bone a ka se tlhole a ba rata. Kgotsa ba ka nna ba akanya gore fa ba amogela motsadi wa bobedi, ba tla bo ba sa ikanyege mo lelapeng la bone la tlholego. Mme ka nako e e tshwanang, batsadi ba ka nna ba bo ba tshwenyegile ka gore fa ba tshwaya bana ba bone diphoso go ka dira gore ba katogele kgakala le bone.

Go na le gore o leke go pateletsa botsala, dira gore kamano fa gare ga gago le bana ba lelapa la bobedi e itlele ka boyone. Gantsi ga go a siama go leka go pateletsa kgotsa go gatelela motho gore a go rate go tswa pelong. (Sefela sa Difela 8:4) Ka jalo, nna le ditebelelo tse di tekatekano malebana le tsela e o tla atamalanang le bana ba gago ba lelapa la bobedi ka yone.

O se ka wa bua sengwe le sengwe se o se akanyang kgotsa tsela e o ikutlwang ka yone, le e leng fa o sa tshwarwe sentle. (Diane 29:11) Fa go le thata go laola tsela e o buang ka yone, rapela jaaka Kgosi Dafide wa Iseraele a ile a dira: “A ko o tlhomele molomo wa me modisa tlhe Jehofa; A ko o tlhome molebeledi fa kgorong ya dipounama tsa me.”—Pesalema 141:3.

Fa e le gore o swetsa ka gore lo nna mo ntlong e bana ba godisitsweng mo go yone, o ka gakgamala go  bona kafa ba sa ntseng ba e rata ka teng. Leka go fokotsa diphetogo tse o di dirang, segolobogolo mo dikamoreng tsa bone. Gape o ka nna wa akanya ka go fudugela kwa ntlong e ntšha.

LEKANG SENO: Fa bana ba gago ba lelapa la bobedi ba ba godileng ba tswelela ba se na maitseo kgotsa ba sa go tlotle, bolelela molekane wa gago mme o reetse ka kelotlhoko go utlwa se a se akanyang. O se ka wa pateletsa molekane wa gago gore a otlhaye bana. Go na le moo, leka fela go dira gore lo tlhaloganyane. Fa lo setse lo “akanya ka tumalano” ka seemo se lo lebaneng le sone, lo ka kgona go dirisana mmogo go se tokafatsa.—2 Bakorintha 13:11.

Leka go bontsha bana botlhe lorato mo lelapeng

KAMANO 3: BA BANGWE BA LOSIKA LE DITSALA

Marion, mmè mongwe wa lelapa la bobedi kwa Canada, a re: “Gantsi batsadi ba me ba naya morwaake dimpho mme ba bo ba sa neye bana ba monna wa me. Re leka go ba naya dimpho ka borona, mme ka dinako tse dingwe ga re na madi a go di reka.”

Tsela ya go atlega: Dira gore lelapa la gago le lesha le tle pele. Bolelela ba losika le ditsala tsa gago kafa o ratang lelapa la gago le lesha ka teng. (1 Timotheo 5:8) Le fa o sa tshwanela go lebelela gore ba losika le ditsala ba rate lelapa la gago le lesha ka bonako, o ka ba kopa gore ba le tshware sentle. Ba tlhalosetse gore bana ba tla utlwa botlhoko jang fa ba ka itlhokomolosiwa e bile ba sa bontshiwe bopelonomi.

Leka go dira gore batsadi ba molekane wa gago wa pele ba tlwaelane le bana ba gago. Mmè mongwe wa kwa Engelane e bong Susan o ne a re: “Ke ne ka nyalwa gape morago ga dikgwedi di le 18 fa monna wa me wa ntlha a sena go tlhokafala mme go ne go le thata gore batsadi ba gagwe ba amogele monna wa me yo mosha. Dilo di ne tsa tokafala fa re ne re simolola go ba akaretsa thata mo dilong tse re di dirang, re dira gore bana ba ba leletse mogala mme re ba lebogela go bo ba re ema nokeng.”

LEKA SENO: Leka go bona gore ke tsala kgotsa ke ofe mo go ba losika yo lo sa utlwaneng thata le ene mme o bo o tlotla le molekane wa gago malebana le kafa lo ka tokafatsang kamano eo ka teng.

Dikamano le batho ba ba seng mo lelapeng e ka nna kgwetlho mo lelapeng la gago la bobedi. Dirisa kgakololo ya Dikwalo mme lelapa la gago le tla bona tshegofatso e Baebele e e solofetsang: “Ntlo e tla agiwa ka botlhale, mme e tla tlhomamisiwa thata ka temogo.”—Diane 24:3.

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 4 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng e e malebana le go dirisana le lelapa la bobedi, bona ditlhogo tsa motseletsele tsa “Dilo Tse di Dirang Gore Malapa a Bobedi a Atlege,” mo makasineng wa April 2012 wa Tsogang! o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 8 Gone ke boammaaruri gore fa molekane wa pele a lo tshosetsa kgotsa a le dikgoka, o ka nna wa tlhoka go tlhoma melelwane e e gagametseng go sireletsa lelapa la gago.

IPOTSE JAANA . . .

  • Nka dirisana botoka jang le molekane wa pele wa molekane wa me?

  • Re ka thusa jang ba losika le ditsala gore ba tile go utlwisa lelapa la rona botlhoko le fa ba ka tswa ba sa dire seno ka boomo?