Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Lenyalo la lona le ka nna le le itumetseng jang?

Kgakololo ya Baebele e e malebana le go dira gore lenyalo le itumele e a bereka ka gonne e tswa mo Mosimoloding wa lenyalo, Jehofa Modimo. E re ruta go nna le dinonofo tse di ka dirang gore lenyalo e nne le le itumetseng e bile e re tlhagisa ka maikutlo a a senyang lenyalo. Gape e re ruta ka bokgoni jwa go buisana jo bo oketsang boitumelo mo lenyalong.—Bala Bakolosa 3:8-10, 12-14.

Banna le basadi ba tshwanetse go tlotlana. Fa bobedi jwa bone bo diragatsa maikarabelo a ba a neilweng ke Modimo mo lenyalong, ba ka kgona go itumela.—Bala Bakolosa 3:18, 19.

Ke eng se se dirang gore lenyalo le atlege?

Banyalani ba ka nna mmogo fa ba ratana. Modimo o re ruta gore re ratane jang. Ene le Morwawe, Jesu ke dikao tse di molemo tsa batho ba ba nang le lorato lwa go intsha setlhabelo.—Bala 1 Johane 4:7, 8, 19.

Fa monna le mosadi ba tlotla lenyalo jaaka thulaganyo e e dirilweng ke Modimo, ba tla nna mmogo. Modimo o dirile lenyalo gore e nne sebofo se se nnelang ruri fa gare ga monna le mosadi gore malapa a bone a sireletsege. Lenyalo le ka atlega ka gonne Modimo o dirile gore banna le basadi ba thusane. Gape o ba dirile mo setshwanong sa gagwe, ba na le bokgoni jwa go etsa lorato lwa gagwe.—Bala Genesise 1:27; 2:18, 24.