Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Pogo e le Kana Kana?

Ke ka Ntlha Yang fa Pogo e le Kana Kana?

Gore re tle re tlhaloganye lebaka la go bo go na le pogo e kana kana le gore ke ka ntlha yang fa maiteko a batho a go e fedisa a sa atlega, re tlhoka go itse gore e bakiwa ke eng tota. Le fa mabaka a gone a le mantsi e bile a raraane, re tshwanetse go itumela ka go bo Baebele e ka re thusa go a lemoga. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka mabaka a le matlhano a konokono a go bo go na le pogo e kana kana. Re kopa gore o sekaseke ka kelotlhoko se Baebele e se bolelang mme o bone kafa Lefoko la Modimo le re thusang ka teng go tlhaloganya sentle lebaka le legolo la kgang eno e e botlhokwa.—2 Timotheo 3:16.

DITLAMORAGO TSA PUSO E E SA SIAMANG

Baebele ya re: “Fa ope yo o boikepo a busa, batho ba a fegelwa.”—Diane 29:2.

Hisitori e bua ka babusaesi ba le bantsi ba ba neng ba busa ka bosetlhogo mme ba tlisetsa batho ba ba ba busang dipogo di le dintsi. Gone ke boammaaruri gore ga se babusi botlhe ba ntseng jalo. Bangwe ba ka tswa ba na le maitlhomo a a siameng a go batla go thusa batho. Le fa go ntse jalo, fa ba setse ba busa, gantsi ba bona maiteko a bone a kgorelediwa ke dikgogakgogano tsa go lwela go busa. Kgotsa ba ka dirisa maatla a bone ka tsela e e sa tshwanelang gore ba solegelwe molemo mme ka go dira jalo ba utlwisa batho ba bangwe botlhoko. Tonakgolo ya nako e e fetileng ya kwa United States e bong Henry Kissinger o ne a re: “Hisitori ke polelo ya maiteko a batho a a sa atlegang le maikaelelo a a sa diragadiwang.”

Gape Baebele ya re: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Batho ba ba sa itekanelang ba tlhoka botlhale le temogo tse di ka ba thusang go laola dikgang tsa bone ka katlego. Fa batho ba sa kgone go kaela dikgato tsa bone, ba ka kaela jang tsa setšhaba? A o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa babusi ba sa kgone go fedisa pogo? Tota e bile, gantsi puso e e sa siamang, ke yone e e bakang pogo!

TLHOTLHELETSO YA BODUMEDI JWA MAAKA

Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:35.

Lorato le kutlwano ke dilo tse baeteledipele ba madumedi otlhe ba rerang ka tsone. Mme boammaaruri ke gore ba paletswe ke go tlhotlheletsa balatedi ba bone gore ba nne le lorato lo lo nonofileng gore go se ka ga nna le tlhaolele. Go na le gore bodumedi bo thuse go tlhotlheletsa batho go nna le lorato, gantsi bo dira gore go nne le dikgaogano, tlhaolele le dikgogakgogano fa gare ga batho le ditso. Moithutabodumedi mongwe yo o bidiwang Hans Küng o ne a kwala jaana kwa bowelong jwa buka ya gagwe ya Christianity and the World Religions: “Dintwa tse di setlhogo thata tsa sepolotiki tse di nnileng teng di tlhotlhelediwa le go buelelwa ke bodumedi.”

Mo godimo ga moo, baruti ba madumedi a le mantsi ba ile ba buelela phatlalatsa tlhakanelodikobo pele ga lenyalo, tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo le bosodoma. Seno se bakile go ata ga malwetse,  go ntshiwa ga dimpa, boimana jo bo sa batlegeng, go thubega ga manyalo le malapa e leng dilo tse di bakang kutlobotlhoko le bohutsana jo bogolo.

BOSAITEKANELANG JWA BATHO LE DIKELETSO TSA BOPELOTSHETLHA

“Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.” —Jakobe 1:14, 15.

Ka ntlha ya bosaitekanelang jo re bo ruileng, rotlhe re dira diphoso mme re tshwanetse go lwantsha dikeletso tsa go “dira dilo tse di ratwang ke nama.” (Baefeso 2:3) Le fa go ntse jalo, go thata le go feta fa re nna le tshono ya go diragatsa dikeletso tsa rona. Fa re ineela mo dikeletsong tse di utlwisang botlhoko, ditlamorago tsa gone di ka nna botlhoko le go feta.

Mokwadi P. D. Mehta o ne a kwala jaana: “Pogo e ntsi e bakiwa ke dikeletso tsa rona, go rata menate ka tsela e e feteletseng, go tlhoka boikgapo, bopelotshetlha jwa rona le boikgodiso.” Dikeletso le go nna makgoba a dilo tse di farologaneng—bojalwa, diokobatsi, go betšha, tlhakanelodikobo jalo le jalo—go ile ga senya “baagi ba ba tlotlegang” e bile go utlwisitse ba malapa a bone, ditsala tsa bone le ba bangwe botlhoko. Ka ntlha ya bosaitekanelang jwa batho, re tshwanetse go dumalana le Baebele fa e re: “Go bonala sentle mo mothong ope yo o nang le matlho go bona gore mo motlheng ono batshedi botlhe ba fegelwa ka ntlha ya mathata a a mo lefatsheng lotlhe.”—Baroma 8:22, The New Testament in Modern English, ya ga J. B. Phillips.

MAATLA A MEYA E E BOIKEPO

Baebele e bontsha gore Satane ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo” le gore o dirisana le meya e e maatla e e boikepo e e bidiwang madimona.—2 Bakorintha 4:4; Tshenolo 12:9.

Jaaka Satane, madimona a na le seabe se segolo mo go laoleng le mo go tsietseng batho. Moaposetoloi Paulo o ne a dumalana le seno fa a ne a re: “Re lwa, e seng le madi le nama, mme le dipuso, le balaodi, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.”—Baefeso 6:12.

Le fa madimona a itumelela go tlhasela batho, seo ga se boikaelelo jwa bone jo bogolo. A batla go faposa batho mo Modimong yo e leng Mogodimodimo, Jehofa. (Pesalema 83:18) Dilo tse di jaaka tepodinaledi, boselamose, boloi le go bolelela pele isagwe ke dingwe tsa dilo tse madimona a di dirisang go tsietsa le go laola batho. Ke ka lebaka leo Jehofa a re tlhagisang ka dikotsi tseo e bile a batla go sireletsa botlhe ba ba ganetsang Satane le madimona a gagwe.—Jakobe 4:7.

RE TSHELA MO “METLHENG YA BOFELO”

Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, Baebele e ile ya bolelela pele jaana: “Itse seno, gore mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.”

Fa e tlhalosa gore ke eng se se dirang gore dinako tseno e nne tsa mathata e tswelela ka go bolela jaana: “Batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” Ga go pelaelo gore lebaka le legolo la pogo e kana kana e re e bonang gompieno ke gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.”—2 Timotheo 3:1-4.

Go ya ka mabaka a re a sekasekileng, a ga go bonale sentle gore ke ka ntlha yang fa batho ba palelwa ke go fedisa pogo, le fa ba na le maitlhomo a a siameng? Ka jalo, re ka bona kae thuso? Re tshwanetse go e batla mo Mmoping wa rona, yo o solofeditseng gore o tla “senya ditiro tsa ga Diabolo” le tsa balatedi ba gagwe. (1 Johane 3:8) Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka se Modimo a tla se dirang go fedisa dilo tsotlhe tse di bakang pogo.