Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi Mangwe a Boikhutso?

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi Mangwe a Boikhutso?

 Basupi ba ga Jehofa ba itse jang gore Modimo ga a amogele malatsi mangwe a boikhutso?

 Basupi ba ga Jehofa ba sekaseka Baebele pele ga ba ka dira tshwetso ya gore ba keteke letsatsi lengwe la boikhutso. Malatsi mangwe a boikhutso le meletlo mengwe ga e dumalane le melaometheo ya Baebele. Mo maemong ao, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe. Fa go tliwa mo malatsing mangwe a boikhutso, Mosupi mongwe le mongwe o itirela tshwetso, ‘ka metlha a leka go tswelela a na le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo le batho.’​—Ditiro 24:16.

 Dipotso tse di latelang ke tse Basupi ba ga Jehofa ba ipotsang tsone pele ga ba dira tshwetso ya gore a ba keteke letsatsi lengwe la boikhutso. a

  •   A letsatsi la boikhutso le theilwe mo thutong ya maaka?

     Molaomotheo wa Baebele: “‘Tswang mo gare ga bone, lo bo lo ikgaoganye le bone,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go tshwara selo se se seng phepa.’”​—2 Bakorintha 6:15-17.

     E le gore Basupi ba ga Jehofa ba ikgaoganye le dithuto tse di seng phepa, e leng dithuto tse di sa dumalaneng le Baebele, ga ba keteke malatsi a boikhutso a a latelang.

     Malatsi a boikhutso a a theilweng mo tumelong kgotsa mo medimong e mengwe. Jesu o ne a re: “O tshwanetse go obamela Jehofa, Modimo wa gago fela, e bile ke ene fela yo o tshwanetseng go mo direla.” (Mathaio 4:10) E re ka Basupi ba ga Jehofa ba reetsa taelo eno, ga ba keteke Keresemose, Ista kgotsa May Day, ka gonne malatsi ano a boikhutso a theilwe mo go obameleng medimo e mengwe e seng Jehofa. Gape ga ba keteke malatsi a boikhutso a a latelang.

    •  Kwanzaa. Leina Kwanzaa “le tswa mo mafokong a Se-Swahili a a reng matunda ya kwanza, a a kayang ‘mabutswapele’ mme seno se bontsha gore letsatsi leno la boikhutso le simologile ka mekete ya thobo ya ntlha e e kwadilweng mo hisitoring ya Afrika.” (Encyclopedia of Black Studies) Le fa batho bangwe ba tsaya Kwanzaa e se moletlo wa bodumedi, mme gone Encyclopedia of African Religion e o tshwantsha le moletlo wa Afrika o mo go one mabutswapele “a newang medimo le badimo e le go ba leboga.” Letsatsi leno la boikhutso la Kwanzaa le le ketetiwang ke Maafrika a a kwa Amerika le theilwe mo meletlong eno.

      Kwanzaa

    •  Moletlo o o Ketekitwang mo Bogareng Jwa September Kgotsa October. Moletlo ono o “tlotla modimo wa sesadi wa ngwedi.” (Holidays, Festivals, and Celebrations of the World Dictionary) O akaretsa ngwao “e mosadi a obamang fa pele ga modimo wa sesadi, mme ka Se-China ngwao eno e bidiwa kowtow.”​—Religions of the World​—A Comprehensive Encyclopedia of Beliefs and Practices.

    •  Nauruz (Nowruz). “Moletlo ono o tswa mo bodumeding jwa Bo-zoroaster (Zoroastrian), e bile ke lengwe la malatsi a a boitshepo thata mo khalendareng ya bogologolo ya Ba-zoroaster. . . . Go ya ka tumelo eo, Moya wa Noon (Motshegare) o gape o bidiwang Rapithwin, o ne o kobelwa kwa tlase ga lefatshe ke Moya wa Winter (Mariga) ka dikgwedi tsa mariga, mme go ya ka ngwao ya Bo-zoroaster moya oo o ne o amogelwa gape ka letsatsi la Nowruz motshegare go dirilwe mekete.”​—United Nations Educational, Scientific and Cultural Organization.

    •  Shab-e Yalda. Go ya ka buka ya Sufism in the Secret History of Persia, moletlo ono wa mariga o “amana le kobamelo ya Mithra,” modimo wa lesedi. Gape go akantshiwa gore letsatsi leno la boikhutso le amana le kobamelo ya Roma le Gerika ya medimo ya letsatsi. b

    •  Letsatsi la boikhutso la Thanksgiving. Fela jaaka letsatsi la Kwanzaa, letsatsi leno le lone le simologile mo meketeng ya bogologolo ya thobo e e neng e tlotlomatsa medimo e e farologaneng. Fa nako e ntse e ya, “Kereke ya Bokeresete e ne ya simolola go dira dingwao tseno tsa bogologolo.”​—A Great and Godly Adventure​—The Pilgrims and the Myth of the First Thanksgiving.

     Malatsi a boikhutso a go dumela mo dilong tse e seng tsa mmatota kgotsa go dumela mo laking. Baebele e a re batho “ba ba rulaganyetsang modimo wa Masego tafole,” ke “bangwe ba batho ba ba tlogelang Jehofa.” (Isaia 65:11) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke malatsi a boikhutso a a latelang:

    •  Ivan Kupala. Buka ya The A to Z of Belarus e a re, “Batho ba dumela gore ka letsatsi la [Ivan Kupala] tlhago e nna le maatla a mantsi a maselamose mme fa o le pelokgale e bile o le laki, o ka kgona go amogela mangwe a maatla ao. Kwa tshimologong, moletlo ono e ne e le wa boheitane wa go keteka letsatsi le le nang le diura tse dintsi tsa motshegare kwa hemisefereng ya bokone. O ketekiwa ka June. Le fa go ntse jalo, Encyclopedia of Contemporary Russian Culture e a re, “o ne wa kopanyelediwa le letsatsi la boikhutso la Kereke [letsatsi la go gopola Johane Mokolobetsi] fa baheitane ba sena go amogela tumelo ya Bokeresete.”

    •  Lunar New Year (Ngwaga o Mosha wa Ba-China kgotsa Ngwaga o Mosha wa Ba-Korea). “Mo letsatsing leno, selo sa botlhokwa thata se ba lelapa, ditsala le ba masika ba tshwenyegang thata ka sone ke go nna le laki, go tlotla medimo le meya le go ikeleletsa masego mo ngwageng oo o o tlang.” (Mooncakes and Hungry Ghosts​—Festivals of China) Ka tsela e e tshwanang, Ngwaga o Mosha wa Ba-Korea “o akaretsa kobamelo ya bagologolwane, meetlo ya go koba meya e e bosula, go ikeleletsa masego mo Ngwageng o Mosha, le go dirisa boitseanape go bona gore Ngwaga o Mosha o ba tshwaretse eng.”​—Encyclopedia of New Year’s Holidays Worldwide.

      Ngwaga o Mosha wa Ba-China

     Malatsi a boikhutso a a theilweng mo tumelong ya gore motho o na le moya o o sa sweng. Baebele ga e rute gore fa motho a sena go swa, moya wa gagwe o tswelela o tshela ka bosakhutleng, go na le moo e bontsha gore moya ke maatla a botshelo a ditshedi di nang le one. (Moreri 7:12; Pesalema 104:29; 36:9) Ke gone ka moo Basupi ba ga Jehofa ba sa ketekeng meletlo e e akaretsang go etela kwa mabitleng kgotsa go kopa thuso mo bathong b ba suleng kgotsa go rapelela baswi. Mo godimo ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba tila meletlo e e rotloetsang tumelo ya gore moya ga o swe.

    •  All Souls’ Day (Letsatsi la Baswi). Go ya ka New Catholic Encyclopedia, letsatsi leno ke la “go gopola batho botlhe ba ba suleng ba ba neng ba ikanyega.” Buka eo e tswelela ka gore, “Go simolola ka 500 C.E. go fitlha ka 1500 C.E. go ne go dumelwa gore meya e e mo pakatoring e ka kgona go iponatsa mo letsatsing leno mo mothong yo o neng a sa tshwara beng ba yone sentle fa ba sa ntse ba tshela mme e iponatsa e le dipoko, baloi, digwagwa le tse dingwe.”

    •  Qingming Festival (Ch’ing Ming) le Hungry Ghost Festival. Meletlo eno e mebedi e tlotlomatsa bagologolwane. Buka ya Celebrating Life Customs Around the World​—From Baby Showers to Funerals, e tlhalosa gore ka moletlo wa Ch’ing Ming “go fisiwa dijo, dinô le tšhelete ya dipampiri go tlhomamisa gore baswi ga ba tshwarwe ke tlala kgotsa lenyora e bile ga ba felelwe ke tšhelete.” Gape buka eo e a re “ka Kgwedi ya Hungry Ghost, segolobogolo mo bosigong jwa ngwedi yo o feletseng, [batho ba ba ketekang moletlo ono ba dumela gore] batho ba ba tshelang ba ikutlwa ba atamalane thata le baswi go gaisa mo masigong a mangwe, ka jalo go botlhokwa thata go itumedisa baswi le go tlotla bagologolwane.”

    •  Chuseok. Kgatiso ya The Korean Tradition of Religion, Society, and Ethics, e a re moletlo ono o akaretsa “go abela meya ya baswi dijo le dinô.” Go ntsha dilo tseno go bontsha gore batho ba “dumela gore moya wa motho o tswelela o tshela fa mmele o sena go swa.”

     Malatsi a boikhutso a a amanang le boloi. Baebele e a re: “Ope yo o dirisang boitseanape, ope yo o dirang maselamose, ope yo o batlang ditshupo dipe, moloi, ope yo o konopang ba bangwe a dirisa boselamose, ope yo o batlang kgakololo mo mothong yo o dirisanang le badimo kgotsa yo o bolelelang ditiragalo pele kgotsa ope yo o buang le baswi . . . o makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 18:10-​12) E re ka Basupi ba ga Jehofa ba sa batle go amana ka gope le boloi, go akaretsa tepodinaledi (e leng mofuta mongwe wa boitseanape), ga ba keteke Halloween kgotsa meletlo e e latelang:

    •  Ngwaga o Mosha wa Ba-Sinhala le Ba-Tamil. “Meetlo ya setso e e amanang le moletlo ono . . . e akaretsa go dira ditiro dingwe tse balepadinaledi ba tlhomamisitseng gore di tla tlisetsa batho masego.”​—Encyclopedia of Sri Lanka.

    •  Songkran. Leina la moletlo ono wa kwa Asia “le tserwe mo lefokong la Se-Sanskrit . . . le le kayang ‘motsamao’ kgotsa ‘go fetoga,’ mme [moletlo ono] o tshwaya tsela e letsatsi le tsamayag ka yone mo setlhopheng sa dinaledi tsa sodiake la Aries.”​—Food, Feasts, and Faith​—An Encyclopedia of Food Culture in World Religions.

     Meletlo e e amanang le kobamelo ka nako ya Molao wa ga Moshe, e e neng ya fedisiwa ke setlhabelo sa ga Jesu. Baebele e a re: “Keresete o fedisitse molao wa ga Moshe.” (Baroma 10:4) Bakeresete ba sa ntse ba solegelwa molemo ke melaometheo e e mo Molaong wa ga Moshe o o neng o neilwe Baiseraele ba bogologolo. Le fa go ntse jalo, ga ba tlhole ba keteka meletlo e e mo molaong oo, segolobogolo meletlo e e amanang le Mesia yo Bakeresete ba dumelang gore o setse a tlile. Baebele e a re, “Gonne dilo tseo ke moriti wa dilo tse di tlang, mme selo sa mmatota ke Keresete.” (Bakolosa 2:17) E re ka meletlo eo e diragaditse boikaelelo jwa yone e bile mengwe ya yone e akaretsa dingwao tse di sa dumalaneng le Baebele, Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke meletlo e e latelang:

    •  Hanukkah. Moletlo ono ke wa go gopola letsatsi la fa tempele ya Bajuda e ne e neelwa gape kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, Baebele e a re Jesu o ne a nna Moperesiti yo Mogolo wa ‘motlaagana o o botlhokwa thata, [kgotsa tempele] o o sa dirwang ka diatla e bile e se wa lefatshe leno.’ (Bahebera 9:​11) Bakeresete ba dumela gore tempele eo ya tshwantshetso, e ne e emisetsa tempele ya mmatota e e neng e le kwa Jerusalema.

    •  Rosh Hashanah. Leno ke letsatsi la ntlha la ngwaga wa Bajuda. Mo metlheng ya bogologolo, ka letsatsi la moletlo ono Modimo o ne a ntshediwa ditlhabelo tse di kgethegileng. (Dipalo 29:​1-6) Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete, yo o e leng Mesia, o ne a “khutlisa ditlhabelo tsa diphologolo le ditlhabelo tsa mpho,” a dira gore Modimo a se ka a tlhola a di amogela.​—Daniele 9:​26, 27.

  •   A letsatsi leo le kgothaletsa go kopana ga ditumelo tse di farologaneng?

     Molaomotheo wa Baebele: “A go na le sengwe se motho yo o dumelang mo go Keresete le motho yo o sa dumeleng mo go ene ba tshwanang ka sone? A go a kgonega gore medingwana e nne mo tempeleng ya Modimo?”​—2 Bakorintha 6:​15-​17.

     Le fa gone Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go tshela ka kagiso le baagisani ba bone e bile ba tlotla tshwanelo ya mongwe le mongwe ya go tlhopha se a se dumelang, ga ba keteke meletlo e e kgothaletsang go kopanya ditumelo tse di farologaneng ka ditsela tse di latelang.

     Meletlo e e tlotlomatsang moeteledipele mongwe wa bodumedi kgotsa ditiragalo tse di kgothaletsang gore batho ba ditumelo tse di farologaneng ba obamele ba le mmogo. Fa Modimo a ne a isa batho ba gagwe ba bogologolo kwa lefatsheng le lesha le batho ba lone ba neng ba na le ditumelo tse di farologaneng, o ne a ba raya a re: “Ga o a tshwanela go dira kgolagano le bone kgotsa le medimo ya bone. . . . Fa o ka direla medimo ya bone, ruri o tla welwa ke masetlapelo.” (Ekesodo 23:32, 33) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke malatsi a boikhutso a a latelang.

    •  Loy Krathong. Mo moletlong ono wa Ba-Thai, “batho ba dira dikotlele ka matlhare, ba tsenya dikerese kgotsa dikotanyana tse di nkgang monate mo go tsone ba bo ba tsenya dikotlele tseo mo metsing. Ba dumela gore fa ba dira jalo, ba tlosa dilo tse di maswe mo go bone. Sentlentle moletlo ono o tlotlomatsa motlhala wa lenao la ga Buddha o o boitshepo.”​—Encyclopedia of Buddhism.

    •  National Repentance Day. Lokwalodikgang lwa The National, lwa kwa Papua New Guinean lo ne lwa nopola modiredipuso mongwe a tlhalosa gore ba ba nnang le seabe mo tiragalong eno, “ba dumalana le melao ya tumelo ya Bokeresete. A re letsatsi leno ke “motswedi wa melaometheo ya Bokeresete jwa naga ya rona.”

    •  Vesak. “Leno ke letsatsi le le boitshepo go gaisa malatsi otlhe a a boitshepo a Babuda, le go ketekiwang botsalo jwa ga Buddha, go amogela lesedi ga gagwe ga maemo a a kwa godimo le loso lwa gagwe, kgotsa go tsena ga gagwe mo seemong se se bidiwang Nirvana.”​—Holidays, Festivals, and Celebrations of the World Dictionary.

      Vesak

     Meletlo e e theilweng mo dingwaong tsa bodumedi tse di seyong mo Baebeleng. Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi a re: “Lo dirile lefoko la Modimo lefela ka ntlha ya ngwao ya lona.” Gape o ne a re kobamelo ya bone e ne e le ya lefela ka gonne ba ne ba ruta “ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.” (Mathaio 15:​6, 9) E re ka Basupi ba ga Jehofa ba tsaya tlhagiso eno masisi, go na le meletlo e mentsi ya bodumedi e ba sa e ketekeng.

    •  Epiphany (Three Kings’ Day, Timkat, kgotsa Los Reyes Magos). Batho ba ba ketekang letsatsi leno ba gopola nako ya fa balepadinaledi ba ne ba etetse Jesu kgotsa ba gopola kolobetso ya ga Jesu. Moletlo ono “o ne wa dira gore meletlo mengwe e e simologileng mo boheitaneng e e neng e tlotlomatsa medimo ya metsi a a elelang, dinoka le melatswana, e lebege jaaka e kete ke ya Bokeresete.” (The Christmas Encyclopedia) Moletlo wa Timkat, o o amanang le ono, “o theilwe thata mo dingwaong.”​—Encyclopedia of Society and Culture in the Ancient World.

    •  Feast of the Assumption of the Virgin Mary. Moletlo ono o tlotlomatsa tumelo ya gore mmaagwe Jesu o ne a tlhatlogela kwa legodimong ka mmele wa gagwe wa nama. Religion and Society​—Encyclopedia of Fundamentalism, e a re, “Bakeresete ba bogologoo ba ne ba sa itse tumelo eno e bile ga go na gope mo Dikwalong mo go buiwang ka yone.”

    •  Feast of the Immaculate Conception. “Baebele ga e rute gore [Marea] o tshotswe a se na boleo . . . Ke thuto e e simolotsweng ke Kereke.”​—New Catholic Encyclopedia.

    •  Lent. Go ya ka New Catholic Encyclopedia, nako eno ya go ipogisa le go itima dijo, e ne ya simololwa “mo lekgolong la bonê la dingwaga,” dingwaga di feta 200 Baebele e sena go wediwa. Fa encyclopedia eo e bua ka letsatsi la ntlha la moletlo wa Lent e a re: “Tlwaelo eno ya gore batho ba ba ikanyegang mo kerekeng ba tshasiwa melora mo diphatleng, e ne ya anamela mo lefatsheng lotlhe fa e sa le Synod of Benevento e dira tshwetso eo ka 1091.”

    •  Meskel (kgotsa, Maskal). Kgatiso ya Encyclopedia of Society and Culture in the Medieval World e a re, moletlo ono wa Baethiopia ke wa go keteka “tshimologo ya True Cross (sefapaano se Keresete a neng a bolaelwa mo go sone), ka go gotsa melelo e megolo ba bo ba bina go e dikologa.” Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba dirise sefapaano mo kobamelong.

  •   A letsatsi leno le tlotlomatsa motho, mokgatlho kgotsa letshwao lengwe la naga?

     Molaomotheo wa Baebele: “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Go hutsegile motho yo o ikanyang batho, yo o ikaegang ka maatla a batho, le yo o tlogelang Jehofa.’”—Jeremia 17:5.

     Le fa gone Basupi ba ga Jehofa ba rata batho ba bangwe e bile ba ba rapelela, ga ba nne le seabe mo ditiragalong kgotsa mo meletlong e e latelang:

     Malatsi a boikhutso a a tlotlomatsang mmusi kgotsa motho mongwe yo o tlotlegang. Baebele e a re, “Gore dilo di lo tsamaele sentle, tlogelang go ikanya motho, yo o tshwanang fela le mohemo mo marobeng a dinko tsa gagwe. Goreng a tshwanetse go tsewa tsia?” (Isaia 2:22) Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke letsatsi la botsalo la kgosi kgotsa kgosigadi epe.

     Meletlo ya folaga ya naga. Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke Flag Day. Goreng? Ka gonne Baebele e a re: “Ikeleng tlhoko mo medingwaneng.” (1 Johane 5:​21) Batho bangwe gompieno ga ba tseye folaga e le modingwana​—sengwe se se ka obamelwang​—mme gone moitsehisitori mongwe e bong Carlton J. H. Hayes o ne a kwala jaana: “Folaga ke letshwao le legolo la tumelo la bosetšhaba e bile ke yone e e obamelwang.”

     Malatsi a boikhutso kgotsa meletlo e e tlotlomatsang baitshepi. Go ne ga direga eng fa monna mongwe yo o boifang Modimo a ne a obama fa pele ga ga moaposetoloi Petere? Baebele e a re: “Petere o ne a mo emisa a bo a re: ‘Ema; le nna ke motho fela jaaka wena.’” (Ditiro 10:25, 26) E re ka Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba sa batle go tlotlomadiwa kgotsa go galalediwa, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo ditiragalong tsa go tlotlomatsa batho ba ba tsewang e le baitshepi, tse di jaaka meletlo e e latelang:

    •  All Saints’ Day. “Moletlo wa go tlotlomatsa baitshepi botlhe . . . Ga go itsiwe gore moletlo ono o simologile kae.”​—New Catholic Encyclopedia.

    •  Fiesta of Our Lady of Guadalupe. Moletlo ono o tlotlomatsa “moitshepi yo o itsegeng thata wa kwa Mexico,” yo bangwe ba dumelang gore ke Marea, mmaagwe Jesu. Ga twe o ne a iponatsa ka kgakgamatso mo mothong mongwe wa maemo a a kwa tlase ka 1531.​—The Greenwood Encyclopedia of Latino Literature.

      Fiesta of Our Lady of Guadalupe

    •  Name Day. Buka ya Celebrating Life Customs Around the World​—From Baby Showers to Funerals e a re, “Letsatsi la leina ke letsatsi le go ketekiwang leina la moitshepi mongwe yo ngwana a teelelwang ka ene ka nako ya fa a kolobediwa kgotsa a tlhomamisiwa.” E oketsa ka gore “mo letsatsing leno batho ba dira dilo tse di amanang le bodumedi.”

     Meletlo ya sepolotiki kgotsa ya go gopola megwanto mengwe. Baebele e a re, “Go botoka go tshabela mo go Jehofa go na le go ikanya batho.” (Pesalema 118:​8, 9) E re ka Basupi ba ga Jehofa ba sa batle go naya kgopolo ya gore ba ikanya gore batho ke bone ba tla rarabololang mathata a a mo lefatsheng go na le go ikanya Modimo, ga ba nne le seabe mo meletlong ya Youth Day kgotsa ya Women’s Day e e emang nôkeng dipolotiki kgotsa megwanto ya setšhaba. E bile ga ba keteke Emancipation Day (letsatsi le dipuso dingwe di fedisitseng bokgoba mo dinageng tsa tsone) kgotsa meletlo e e tshwanang le eo. Go na le moo, ba ikanya gore Bogosi Jwa Modimo ke jone bo tla rarabololang mathata a tlhaolele le bothata jwa go sa tseye batho ka go lekalekana.​—Baroma 2:​11; 8:​21.

  •   A letsatsi leo le tlotlomatsa setšhaba sengwe kgotsa lotso longwe?

     Molaomotheo wa Baebele: “Modimo ga a na tlhaolele, mme o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.”​—Ditiro 10:34, 35.

     Le fa gone bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba rata dinaga tse ba tswang kwa go tsone, ga ba keteke meletlo e e tlotlomatsang ditšhaba kgotsa ditso dingwe ka ditsela tse di tlhalosiwang fa tlase.

     Meletlo e e tlotlomatsang masole. Go na le gore Jesu a kgothaletse balatedi ba gagwe go ya ntweng, o ne a ba raya a re: “Tswelelang lo rata baba ba lona e bile lo rapelela ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:​44) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke meletlo e e tlotlomatsang masole, go akaretsa le malatsi a boikhutso a a latelang:

    •  Anzac Day. “Anzac e emela Australian and New Zealand Army Corps,” mme “fa nako e ntse e ya Anzac Day e ne ya fetoga letsatsi la go gopola batho ba ba bolailweng mo ntweng.”​—Historical Dictionary of Australia.

    •  Veterans Day (Remembrance Day, Remembrance Sunday, kgotsa Memorial Day). Malatsi ano a boikhutso a tlotlomatsa “bagaka ba masole kgotsa batho ba ba ileng ba bolawa mo dintweng ba lwela naga.”​—Encyclopædia Britannica.

     Meletlo ya go keteka hisitori ya naga kgotsa boipuso. Jesu o ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Le fa gone Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go ithuta ka hisitori ya naga e ba nnang mo go yone, ga ba nne le seabe mo ditiragalong tse di latelang:

    •  Australia Day. Go ya ka Worldmark Encyclopedia of Cultures and Daily Life, letsatsi leno la boikhutso le tlotlomatsa “letsatsi lengwe ka 1788 fa masole a Maesemane a ne a tsholetsa fologa ya bone ba bo ba itsise gore jaanong ba laola naga ya Australia.”

    •  Guy Fawkes Day. Leno “ke letsatsi la go keteka le go gopola gore Guy Fawkes le Bakatoliki bangwe ba ba neng ba mo ema nôkeng ga ba a ka ba atlega fa ba ne ba leka go bolaya King James I le maloko a Palamente ya [Engelane] ka 1605.”​—A Dictionary of English Folklore.

    •  Letsatsi la Boipuso (Independence Day). Mo dinageng di le dintsi, leno ke “letsatsi le batho ba itumelelang gore naga ya bone ga e tlhole e busiwa ke naga e nngwe.”​—Merriam-Webster’s Unabridged Dictionary.

  •   A letsatsi leno le itsege ka boitsholo jo bo sa siamang?

     Molaomotheo wa Baebele: “Nako e e fetileng e lekane gore lo bo lo dirile se ditšhaba di se ratang fa lo ne lo tswelela mo ditirong tsa boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale, mo dikeletsong tse di sa laolesegeng, lo nwa beine mo go feteletseng, lo dira meletlo ya botlhapelwa, mekete ya go nwa le kobamelo ya medingwana e e makgapha.”​—1 Petere 4:3.

     E le go dumalana le molaomotheo ono, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo meletlong e go nowang beine ka tsela e e feteletseng le ya botlhapelwa. Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go kopana le ditsala tsa bone, e bile ba ka nna ba tlhopha go nwa bojalwa ka tekatekano, fa e le gore ba batla go dira jalo. Ba leka ka natla go latela kgakololo eno ya Baebele: “Le fa lo ja kgotsa lo nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe ka tsela e e tla dirang gore Modimo a galalediwe.”​—1 Bakorintha 10:31.

     Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo meketeng e megolo ya go ijesa monate ka tsela e e fetseletseng (carnivals) kgotsa mo meletlong e mengwe e e tshwanang le eo e e rotloetsang boitsholo jo bo sa siamang jo Baebele e bo kgalang. Meletlo eno e akaretsa moletlo wa Bajuda wa Purime. Buka ya Essential Judaism e a re, le fa gone moletlo wa Purim o sa bolo go ketekiwa e le go gopola nako ya fa Bajuda ba ne ba gololwa dingwaga di le 2 500 tse di fetileng, gone jaanong o ka tlhalosiwa e le “moletlo wa Bajuda wa Mardi Gras kgotsa Carnival.” Mo bathong ba le bantsi ba ba ratang menate, “moletlo ono o akaretsa meaparo e e rileng (gantsi banna ba apara diaparo tsa basadi), boitshwaro jo bo sa laolesegeng, go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng le go tsosa modumo thata.”

 Le fa Basupi ba ga Jehofa ba sa keteke malatsi mangwe a boikhutso, a ba sa ntse ba rata ba malapa a bone?

 Ee. Baebele e ruta batho gore ba rate ba malapa a bone e bile ba ba tlotle, go sa kgathalesege gore ba dumela eng. (1 Petere 3:​1, 2, 7) Gone ke boammaaruri gore fa Mosupi wa ga Jehofa a tlogela go keteka meletlo mengwe, bangwe ba masika ba ka nna ba kgopisega, ba utlwa botlhoko kgotsa ba ikutlwa ba tsieditswe. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba tsaya kgato pele go tlhomamisetsa ba masika a bone gore ba a ba rata, ba ba tlhalosetsa ka tlotlo lebaka la go bo ba dirile tshwetso eo, e bile ba nna ba ba etela ka dinako tse dingwe.

 A Basupi ba ga Jehofa ba bolelela batho ba bangwe gore ba se ka ba keteka malatsi mangwe a boikhutso?

 Nnyaa. Ba dumela gore mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso. (Joshua 24:15) Basupi ba ga Jehofa ‘ba tlotla batho botlhe,’ go sa kgathalesege gore ke ba bodumedi bofe.​—1 Petere 2:​17.

a Setlhogo seno ga se bue ka malatsi otlhe a boikhutso a Basupi ba ga Jehofa ba sa a ketekeng, e bile ga se umake melaometheo ya Baebele yotlhe e ba ka e dirisang.

b Mithra, Mithraism, Christmas Day & Yalda, by K. E. Eduljee, tsebe 31-33.