Petere wa Ntlha 1:1-25

  • Ditumediso (1, 2)

  • O ne a re tsala sesha gore re bone tuelo e e solofeditsweng (3-12)

  • Nnang boitshepo jaaka bana ba ba kutlo (13-25)

1  Nna Petere, moaposetoloi+ wa ga Jesu Keresete, ke kwalela lona baagi ba nakwana ba ba phatlalaletseng kwa Ponto, Galatia, Kapadokia,+ Asia le Bithinia, lona ba lo tlhophilweng  go ya ka se Rraarona yo o kwa legodimong a se rulagantseng go sa le pele.+ O lo neile moya o o boitshepo+ gore lo nne boitshepo. O ne a dira jalo gore lo mo ikobele le gore a lo dire phepa ka madi a ga Jesu Keresete:+ E kete Modimo a ka lo okeletsa bopelonomi jo bogolo* le kagiso.  A go bakwe Modimo, Rraagwe Jesu Keresete Morena wa rona, ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gagwe e kgolo, o ne a dira gore re tsalwe sesha+ gore re nne le tsholofelo e e nnelang ruri+ fa a ne a tsosa Jesu Keresete mo baswing.+  O ne a re tshola sesha gore re bone tuelo e a re solofeditseng yone. Tuelo eo ke boswa jo bo sa senyegeng, jo bo sa leswafalang le jo bo sa nyeleleng.+ Bo beetswe lona kwa magodimong,+  lona ba Modimo a lo sireletsang ka maatla a gagwe ka ntlha ya tumelo e lo nang le yone, gore lo bone poloko e e tla senolwang mo nakong ya bofelo.  Lo itumela fela thata ka ntlha ya seno le fa gone e le ka nakwana, e bile lo ka nna lwa tshwanelwa ke go lekwa ka ditsela tse di farologaneng,+  gore tumelo ya lona e e neng ya lekwa e dire gore lo bakwe,+ lo galalediwe lo bo lo tlotliwe ka nako ya fa Jesu Keresete a senolwa.+ Tumelo eno ya lona e tlhwatlhwakgolo go feta gauta e e kgonang go nyelela le fa gone e ne e tsentswe mo molelong.*  Le fa lo ise lo ke lo mmone, lo a mo rata. Le fa lo sa mmone gone jaanong, lo dumela mo go ene e bile lo itumela ka boitumelo jo bogolo le jo bo ka se kang jwa tlhalosiwa.  Mme lo tla itumelela gore lo tla bolokwa ka ntlha ya tumelo ya lona.+ 10  Baporofeti ba ba neng ba porofeta ka ga bopelonomi jo bogolo jo lo neng lwa bo newa, ba ne ba sekaseka ka tlhoafalo ba bo ba batlisisa ka kelotlhoko ka poloko eno.+ 11  Modimo o ne a dirisa maatla* a gagwe go ba bolelela go sa le gale gore Keresete o ne a tla boga, go tswa foo a bo a tlotlomadiwa.+ Ke gone ka moo ba ileng ba leka go bona se se neng se tla diragalela Keresete le gore se ne se tla direga leng.+ 12  Modimo o ne a senolela baporofeti bao gore ba ne ba direla lona e seng bone ka bobone. Baporofeti bano ba ne ba kwala ka dilo tse jaanong lo di itsisitsweng ke ba ba lo boleletseng dikgang tse di molemo ba thusiwa ke moya o o boitshepo o o rometsweng go tswa kwa legodimong.+ Mme dilo tseno, ke tse baengele ba eletsang thata go di tlhaloganya. 13  Ka jalo, ipaakanyetseng tiro;+ nnang lo thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong;+ tlhomang tsholofelo ya lona mo bopelonoming jo bogolo jo lo tla bo newang fa Jesu Keresete a senolwa. 14  E re ka jaanong lo le bana ba Modimo ba ba mo ikobelang, tlogelang go dira dilo* go ya ka dikeletso tse di sa siamang tse lo neng lo na le tsone fa lo ne lo sa mo itse, 15  mme nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona jaaka Ene yo o Boitshepo yo o neng a lo bitsa,+ 16  ka gonne go kwadilwe jaana: “Lo nne boitshepo, ka gonne ke boitshepo.”+ 17  Mme fa lo kopa dilo dingwe mo go Rara yo o atlholang mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa gagwe a sa tseye letlhakore,+ a ditiro tsa lona di bontshe gore lo boifa Modimo+ mo nakong ya fa lo sa ntse lo agile ka nakwana mo lefatsheng. 18  Gonne lo a itse gore ga lo a ka lwa gololwa* ka dilo tse di senyegang tse di jaaka selefera kgotsa gauta,+ mo tseleng e lo neng lo tshela ka yone e e se nang mosola e borraalonamogolo ba lo rutileng yone.* 19  Mme lo ne lwa gololwa ka madi a a tlhwatlhwakgolo+ a ga Keresete,+ a a tshwanang le a kwanyana e e se nang bogole+ bope e bile e le boitshepo. 20  Gone ke boammaaruri gore, Modimo o ne a tlhopha Keresete pele ga batho ba bopiwa,*+ mme o ne a senolwa mo bokhutlong jwa metlha ka ntlha ya lona.+ 21  Ka ntlha ya gagwe lo dumela mo Modimong,+ ene yo o neng a mo tsosa mo baswing+ a bo a mo naya kgalalelo,+ ka jalo nnang le tumelo lo bo lo tshepe Modimo. 22  E re ka jaanong lo ikobela boammaaruri, lo phepafaditswe mme seo se dirile gore lo ratane thata,*+ ka jalo ratanang ka pelo yotlhe.+ 23  Gonne lo tshotswe sesha+ ka peo e e sa senyegeng,*+ e leng lefoko la Modimo yo o tshelang le yo o nnetseng ruri,+ mme e seng ka peo e e senyegang. 24  Gonne “batho botlhe ba* tshwana le bojang, e bile ba bantle fela jaaka lelômô* la naga; bojang bo a swaba, le lelômô le a tlhotlhorega, 25  mme lefoko la ga Jehofa* lone le nna ka bosakhutleng.”+ Mme “lefoko” leno ke dikgang tse di molemo tse lo di boleletsweng.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “e ne e itshekisitswe.”
Kgotsa “moya o o boitshepo.”
Kgotsa “go bopega.”
Seger., “ga lo a ka lwa rekololwa.”
Kgotsa “ya ngwao.”
Bona ntlh. mo go Mat 25:34.
Kgotsa “lo nne le lorato lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyi.
Go tewa peo e e kgonang go tshola kgotsa e e ungwang.
Seger., “nama yotlhe e.”
Kgotsa “sethunya.”