Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boleo Jwa Ntlha E ne E le Eng?

Boleo Jwa Ntlha E ne E le Eng?

Baebele ya Reng

Boleo Jwa Ntlha E ne E le Eng?

KARABO ya potso eno e botlhokwa thata mo go rona. Ka ntlha yang? Ka gonne go sa ikobele Modimo ga ga Adame le Efa go ile ga ama isagwe ya dikokomana tsotlhe go fitlha le mo motlheng wa rona. Baebele ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Mme go tlile jang gore go tsaya le go ja loungo lwa setlhare fela go felele ka ditlamorago tse di utlwisang botlhoko jaana?

Fa Modimo a ne a bopa Adame le Efa, o ne a ba baya mo tshimong e ntle e e neng e na le dimela tse di ka jewang le ditlhare tse di ungwang maungo. Go ne go na le setlhare se le sengwe fela se se neng se ileditswe—“setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” E re ka Adame le Efa ba ne ba ka kgona go itlhophela se ba se batlang, ba ne ba ka kgona go tlhopha go ikobela Modimo kgotsa go sa mo ikobele. Le fa go ntse jalo, Adame o ne a tlhagisitswe gore “ka letsatsi le o jang mo [setlhareng sa kitso] ruri o tla swa.”—Genesise 1:29; 2:17.

Thibelo e e Maleba

Thibelo e le nngwe eno e ne e se thata; Adame le Efa ba ne ba ka ja ga ditlhare tse dingwe tsotlhe mo tshimong. (Genesise 2:16) Mo godimo ga moo, thibelo eno e ne e sa reye gore go na le sengwe se se sa siamang se banyalani bano ba neng ba tla se dira, e bile e ne e sa ba ntshe seriti. Fa Modimo a ka bo a ile a ba thibela go dira dilo tse di bosula tse di jaaka go robala le diphologolo kgotsa go bolaya, batho bangwe ba ka bo ba ile ba re batho ba ne ba na le ditshekamelo dingwe tse di bosula tse ba neng ba tlhoka go thibelwa mo go tsone. Le fa go ntse jalo, go ja e ne e le selo sa tlholego e bile se siame.

A thibelo eno e ne e le kamano ya tlhakanelodikobo, jaaka bangwe ba bolela? Kgopolo eno ga e tshegediwe ke Dikwalo. Re tshwanetse ra gakologelwa gore fa Modimo a ne a baya thibelo eno, Adame o ne a le nosi e bile o ne a fetsa nako e telelenyana a ntse a le nosi. (Genesise 2:23) Sa bobedi, Modimo o ne a bolelela Adame le Efa a re “atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.” (Genesise 1:28) Ga go na pelaelo gore Modimo o ne a ka se ba laele gore ba tlole molao wa gagwe e re fa ba se na go o tlola a bo a ba atlholela loso! (1 Johane 4:8) Sa boraro, Efa o ne a ja loungo loo pele ga Adame mme moragonyana a naya le monna wa gagwe gore a je. (Genesise 3:6) Ka jalo, loungo loo e ne e se kamano ya tlhakanelodikobo.

Go Leka go Itirela Ditshwetso Malebana le Tsela e o Itshwarang ka Yone

Setlhare sa kitso e ne e le setlhare sa mmatota. Le fa go ntse jalo, se ne se emela tshwanelo ya Modimo ya go nna Mmusi yo o nang le tshwanelo ya go dira tshwetso ya gore ke eng se se siametseng batho ba a ba bopileng le se se sa ba siamelang. Ka jalo, go ja loungo lwa setlhare seo, e ne e se fela bogodu—go tsaya sengwe se e leng sa Modimo—mme gape e ne e le go leka ka bogagapa go batla go itirela ditshwetso malebana le tsela e ba itshwarang ka yone, kgotsa go itaola. Ela tlhoko gore fa Satane a sena go bua maaka a gore fa Efa le monna wa gagwe ba ka ja ga setlhare seo, ‘ruri ba ka se ka ba swa,’ o ne a re: “Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”—Genesise 3:4, 5.

Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba ja loungo lwa setlhare seo, Adame le Efa ga ba a ka ba tshwana le Modimo ka go itse molemo le bosula. Tota e bile Efa o ne a raya Modimo a re: “Noga—e ntsieditse.” (Genesise 3:13) Le fa go ntse jalo, o ne a itse taelo ya Modimo, ka gonne o ile a bo a e boeletsa a e bolelela noga, sedirisiwa se Satane a ileng a se dirisa go bua le ene. (Tshenolo 12:9) Ka jalo, se a se dirileng e ne e le botlhokakutlo jwa ka boomo. (Genesise 3:1-3) Le fa go ntse jalo, Adame ene o ne a sa tsiediwa. (1 Timotheo 2:14) Go na le gore a ikobele Mmopi wa gagwe ka boikanyegi, o ne a reetsa mosadi wa gagwe mme a mo latela mo boitaolong jwa gagwe.—Genesise 3:6, 17.

Ka go batla go itaola, Adame le Efa ba ne ba senya kamano ya bone le Jehofa mme go ne go se na tsela e ba neng ba ka tlhola ba e baakanya gape ka yone mme ka go dira jalo, ba ile ba dira gore boleo bo nwelele mo mebeleng ya bone, go ya bokgakaleng jwa gore bo ame le dijini tsa bone. Gone ke boammaaruri gore ba ne ba tshela dingwaga di le makgolokgolo mme ba ne ba simolola go swa “mo go lone letsatsi” le ba leofileng ka lone, ba tshwana fela le kala fa e kgaotswe mo setlhareng mme e simolola go swa. (Genesise 5:5) Mo godimo ga moo, ka lekgetlho la ntlha, ba ne ba simolola go ikutlwa ba sa ritibala. Ba ne ba ikutlwa ba sa ikatega mme ba leka go iphitlhela Modimo. (Genesise 3:7, 8) Ba ne gape ba ikutlwa molato, ba sa babalesega e bile ba tlhabiwa ke ditlhong. Boleo jwa bone bo ne jwa dira gore ba ikutlwe ba kgoberegile mo maikutlong, segakolodi sa bone se ne se ba tshwenya ka ntlha ya bosula jo ba bo dirileng.

Gore Modimo a tle a diragatse se a se buileng le go boloka melao ya gagwe e e boitshepo ka tsela e e tshwanetseng, o ne a atlholela Adame le Efa loso mme a ba koba mo tshimong ya Edene. (Genesise 3:19, 23, 24) Ka jalo, ba ne ba latlhegelwa ke Paradaise, boitumelo le botshelo jo bo sa khutleng mme ba feleletsa ba na le boleo, ba boga ba bo ba swa. A bo batho ba ile ba welwa ke masetlapelo jang ne! Le fa go ntse jalo, ka bonako fela fa Modimo a sena go atlhola banyalani bano, o ne a solofetsa gore o tla fedisa kutlobotlhoko yotlhe e e bakilweng ke boleo jwa bone mme a sa dire gore seo se thulane le melao ya gagwe e e siameng.

Jehofa o ne a ikaeletse go dira gore bana ba ga Adame le Efa ba gololwe mo boleong le loso. O ne a dira seno ka go dirisa Jesu Keresete. (Genesise 3:15; Mathaio 20:28; Bagalatia 3:16) Ka ene, Modimo o tla fedisa boleo le ditlamorago tsotlhe tsa jone mme a bo a dira gore lefatshe lotlhe e nne paradaise, fela jaaka a ne a ikaeletse kwa tshimologong.—Luke 23:43; Johane 3:16.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

Re itse jang gore loungo lo lo neng lo ileditswe e ne e se kamano ya tlhakanelodikobo?—Genesise 1:28.

Go ja loungo lo lo ileditsweng go ne go kaya eng?—Genesise 3:4, 5.

Modimo o ne a dira thulaganyo efe ya gore a fedise ditlamorago tsa boleo?—Mathaio 20:28.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Loungo lo lo ileditsweng e ne e se kamano ya tlhakanelodikobo

[Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Efa o ne a batla go tshwana le Modimo, a batla go itirela ditshwetso malebana le se se siameng le se se sa siamang