Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgabagare Lefatshe la Nna mo Kagisong!

Kgabagare Lefatshe la Nna mo Kagisong!

BATHO bangwe ba dumela gore bothubaki ke jone fela jo bo ka ba tlisetsang kgololesego ya sepolotiki le go nna phepa mo semoyeng—gore go baka tshenyo ke gone fela go ka tlosang babusi ba ba sa batlegeng. Dipuso dingwe le tsone di leka go boloka molao le tolamo ka go tshosetsa batho le go gatelela babusiwa ba tsone. Mme fa e le gore ke boammaaruri gore borukhutlhi ke jone sedirisiwa se se molemo sa go busa le go tlisa diphetogo mo setšhabeng, bo tshwanetse go tlisa kagiso, katlego le kutlwano. Morago ga lobakanyana, bothubaki le poifo di tshwanetse go kokobela. A bo dirile jalo?

Boammaaruri ke gore borukhutlhi ga bo tlotle botshelo mme bo felela ka tshololo ya madi le bosetlhogo. Gantsi batho ba a ipusolosetsa ka gonne ba utlwile botlhoko mme seno se lere kgatelelo fela, go bo go nna le go ipusolosetsa go gongwe gape.

Bothubaki ga bo Rarabolole Mathata a Rona

Batho ba feditse dingwaga di le diketekete ba leka ka bobone go rarabolola mathata a sepolotiki, a bodumedi le a loago. Mme maiteko otlhe a bone a iteile sefolletse. Go ntse fela jaaka Baebele e re: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Jesu o ile a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Melaometheo eno ya Baebele e bontsha gore borukhutlhi ke tsholofelo ya lefela. Ditiro tsa borukhutlhi ga di a tlisa kgololesego le boitumelo mme go na le moo, di tlisitse loso, bohutsana le tshenyo. Matswela a a bosula ano a jone a amile lekgolo la bo20 la dingwaga fela thata mme jaanong a fetela le mo lekgolong la bo21 la dingwaga. Batho ba le bantsi ba dumela gore borukhutlhi ga bo rarabolole mathata, mme go na le moo, jone ka bojone ke bothata.

Mosetsana mongwe yo mmotlana, yo naga ya ga bone e ileng ya tlhaselwa ke dirukhutlhi o ne a kwala jaana: “Letsatsi le letsatsi, ke rapelela gore go se ka ga swa ope mo lelapeng la gaetsho kgotsa ope wa ditsala tsa me. . . . Gongwe re tlhoka kgakgamatso nngwe e e rileng gore seno se se ka sa direga.” Mafoko a gagwe a bontsha tshwetso e ba le bantsi ba e dirileng: Motho ga se ene a ka rarabololang mathata a batho. Ke Mmopi fela yo o ka rarabololang mathata a lefatshe le nang le one gone jaanong, go akaretsa le jone borukhutlhi. Mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikanya Modimo?

Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Ikanya Modimo

Lebaka lengwe ke gore e re ka Jehofa e le Mmopi, o re neile botshelo e bile o batla gore re bo itumelele ka kagiso le kgotsofalo. Moporofeti wa Modimo e bong Isaia o ile a tlhotlheletsega go kwala jaana: “Mme jaanong, wena Jehofa, o Rraarona. Re letsopa, wena o Mmopi wa rona wa Letsopa; mme rotlhe re tiro ya seatla sa gago.” (Isaia 64:8) Jehofa ke Rre wa batho botlhe, mme o rata batho ba ditšhaba tsotlhe. Ga se molato wa gagwe go bo go na le tshiamololo e e kana kana le letlhoo le le bakang borukhutlhi. Kgosi e e botlhale Solomone o kile a bolela jaana: “Modimo wa boammaaruri o dirile batho ba thokgame, mme bone ba senkile maano a le mantsi.” (Moreri 7:29) Borukhutlhi bo bakwa ke bosula jwa batho le tlhotlheletso ya bodimona, ga bo bakwe ke go bo Modimo a sa kgone go bo rarabolola.—Baefeso 6:11, 12.

Lebaka le lengwe la go bo re ka ikanya Modimo ke gore e re ka a bopile batho, o tlhaloganya se se bakang mathata a batho botoka go gaisa ope o sele e bile o a itse gore a ka rarabololwa jang. Baebele e tlhalosa boammaaruri jono mo go Diane 3:19 fa e re: “Jehofa ka boene o thaile lefatshe ka thata ka botlhale. O tlhomamisitse magodimo ka temogo.” Monna mongwe wa bogologolo o ne a kwala jaana a bontsha go ikanya Modimo ka botlalo: “Thuso ya me e tla tswa kae? Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa, Modiri wa legodimo le lefatshe.”—Pesalema 121:1, 2.

Go na le lebaka la boraro la go bo re tshwanetse go ikanya Modimo: O na le maatla a go emisa bothubaki jo bo tletseng tshololo ya madi. Mo motlheng wa ga Noa, “lefatshe le ne la tlala thubakanyo.” (Genesise 6:11) Katlholo ya Modimo e ne ya diragadiwa ka tshoganyetso le gone ka botlalo: “[Modimo] o ne a se ka a ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo, . . . fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi.”—2 Petere 2:5.

Baebele e re naya sengwe se re tshwanetseng go se ithuta ka Morwalela wa motlha wa ga Noa: “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe.” (2 Petere 2:9) Modimo o kgona go bona ba tota ba batlang botshelo jo bo botoka le ba ba sulafaletsang ba bangwe botshelo. Ba ba sulafaletsang ba bangwe botshelo, o ba beetse “go senngwa ga baikepi.” Mme ba ba ratang kagiso bone, o ba baakanyetsa lefatshe le lesha le go tla nnang le tshiamo mo go lone.—2 Petere 3:7, 13.

Kagiso e e Nnetseng Ruri mo Lefatsheng!

Gantsi bakwadi ba Baebele ba ne ba dirisa lefoko “lefatshe” fa ba bua ka batho. Ka sekai, Genesise 11:1 ya re “lefatshe lotlhe,” e leng batho ba ba neng ba tshela ka nako eo, ba ne ba bua puo e le nngwe fela. Moaposetoloi Petere o ne a dirisa bokao jo bo tshwanang jwa lefoko leno fa a ne a kwala ka “lefatshe le lesha.” Jehofa Modimo o tla ntšhafatsa setšhaba sa batho mo e leng gore bothubaki le letlhoo di tla tseelwa sebaka ke tshiamo e e tla nnelang ruri. Mo boporofeting jo bo mo go Mika 4:3, Baebele e re bolelela jaana: “Ruri o tla atlhola mo gare ga ditšhaba di le dintsi, a ba a tlhamalatsa dilo malebana le ditšhaba tse di thata tse di kwa kgakala. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”

Batho ba tlile go tshela jang fa boporofeti joo bo diragaditswe? Mika 4:4 e tlhalosa jaana: “Mme ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.” Mo lefatsheng leo la Paradaise, ga go na ope yo o tla bong a boifa gore dirukhutlhi di ka nna tsa tlhasela. A o ka ikanya tsholofetso eno? Ee, “gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.”—Mika 4:4.

Ka jalo, fa matshosetsi a borukhutlhi a ntse a gola le ditšhaba di boifa ka ntlha ya bothubaki, se batho ba ba ratang kagiso ba ka se dirang fela ke go ikanya Jehofa. Ga go na bothata bope jo a palelwang ke go bo rarabolola. O tla fedisa kgobalo, go boga le lone loso. Baebele e tlhalosa jaana: “Ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” (Isaia 25:8) Go ise go ye kae, dinaga tse dintle tsa batho ba le bantsi, tse gone jaanong di aparetsweng ke bohutsana le poifo ka ntlha ya borukhutlhi, di tla bona letlotlo la kagiso. Kagiso eo e Modimo yo “go sa kgonegeng gore . . . a ake” a e solofeditseng, e batlwa ke batho ka pelo yotlhe.—Tito 1:2; Bahebera 6:17, 18.