Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

TLHALOSA SETSHWATSHO SENO

1. Setshwantsho sa ga Jesu mo go Mathaio 13:3-9, 18-23, sa re peo e ne ya wela mo mafelong afe a le manè?

Thala mola go tswa mo karabong nngwe le nngwe ya gago go ya kwa setshwantshong.

․․․․․

․․․․․

․․․․․

․․․․․

2. Peo e tshwantshetsa eng?

․․․․․

Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: O ka tlhomamisa jang gore pelo ya gago e tshwana le mmu o o molemo? Ke eng go le botlhokwa gore o leke go e dira jalo?

GO DIRAGETSE LENG?

Thala mola go tswa mo tiragalong nngwe le nngwe go ya kwa ngwageng o e diragetseng ka one.

1943 B.C.E. 1919 1770 1728 1473 1066

3. Genesise 46:5-7

4. Genesise 12:4

5. Joshua 2:1-21

KE NNA MANG?

6. Ke ne ke nna kwa Elekoshe mme ka porofeta kgatlhanong le Ninife.

KE NNA MANG?

7. Leina la monna wa me wa bobedi le ne le kaya “Moratwa.” Leina la wa ntlha le ne le kaya “Seeleele.”

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno, o bo o tsenye ditemana tsa Baebele tse di sa tsenngwang fano.

Tsebe 8 Borukhutlhi bo tla fedisiwa jang? (Mika 4:․․․)

Tsebe 9 Bogale jwa motho ga bo kgone go dira eng? (Jakobe 1:․․․)

Tsebe 10 Madi e ka nna eng? (Moreri 7:․․․)

Tsebe 28 Boleo jwa ntlha e ne e le eng? (Genesise 3:․․․)

Bana, Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe

(Dikarabo di mo tsebeng ya 27)

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Fa thoko ga tsela, mo mafelong a a nang le matlapa, mo gare ga ditshetlho le mo mmung o o molemo.

2. Lefoko la Bogosi.

3. 1728 B.C.E.

4. 1943 B.C.E.

5. 1473 B.C.E.

6. Nahume.—Nahume 1:1.

7. Abigaile.