Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Batlhoki

Batlhoki

A Modimo o amega ka batlhoki?

“A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi . . . Gonne [Modimo] o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’”—Bahebera 13:5.

KAFA MODIMO A BONTSHANG KA TENG GORE O A AMEGA

Fa motho yo o obamelang Jehofa Modimo a lebana le dinako tse di thata, go ka bonala ka ditsela tse di farologaneng gore Modimo o amega ka ene. Nngwe ya ditsela tseo ke thuso e e lorato e a e newang ke Bakeresete ka ene. * Jakobe 1:27 ya re: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.”

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba thusana. Ka sekai, fa go ne go bolelelwa pele gore leuba le legolo le ne le tla wela lefatshe la Judea, Bakeresete ba kwa toropong ya Antioka e e kwa Siria ba ne ba rulaganya go “romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.” (Ditiro 11:28-30) Seo se ne sa felela ka gore Bakeresete ka bone ba batlhoki ba newe dilo tse ba di tlhokang. Tsela eno e ba neng ba aba ka yone ka go rata e ne ya bontsha lorato lwa Bokeresete.—1 Johane 3:18.

 Ke eng se batlhoki ba ka se dirang go tokafatsa maemo a bone?

“Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.”—Isaia 48:17, 18.

MODIMO O RE THUSA GORE RE TOKAFATSE MAEMO A RONA

Fela jaaka batho ba le bantsi ba lemogile, botlhale jo bo fitlhelwang mo Baebeleng bo solegela molemo e bile bo kaela ka tsela e e molemo go gaisa. Diane 2:6, 7 ya re: “Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo. Mme o tla bolokela ba ba thokgameng botlhale jo bo mosola.” Fa batho ba batla botlhale joo ba bo ba bo dirisa, ba solegelwa molemo.

Ka sekai, ba tila mekgwa e e kotsi le e e senyang madi e e jaaka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang kgotsa go nwa bobe. (2 Bakorintha 7:1) Gape e nna batho ba ba ikanyegang, ba ba kelotlhoko le go feta e bile ba nna batho ba ba nang le boikarabelo mme ka go dira jalo ba kgona go bona tiro motlhofo kgotsa ba anaanelwe thata ke bathapi ba bone. Baefeso 4:28 ya re: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla, . . . gore a tle a nne le sengwe se a se abelang mongwe yo o tlhokang.”

A go na le bosupi jwa gore botlhale jo bo fitlhelwang mo Baebeleng bo thusa batlhoki?

“Botlhale jwa Modimo bo supiwa bo siame ka diphelelo tsa jone.”—Mathaio 11:19, The New English Bible.

BOSUPI JWA GORE SENO KE BOAMMAARURI

Wilson, yo o neng a na le tiro ya nakwana kwa Ghana, o ne a le gaufi le go wetsa lobaka lo a neng a thapetswe go bereka ka lone. Mo letsatsing la gagwe la bofelo kwa tirong, fa a ntse a tlhatswa koloi ya manejara wa gagwe yo mogolo o ne a fitlhela madi mo butung. Motho yo o neng a mo okametse o ne a re a itseele madi ao. Mme Wilson, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, o ne a gana go utswa. Go na le moo, o ne a busetsa madi ao kwa go mong wa one. Mo boemong jwa go lebogisiwa tiro, Wilson o ne a newa tiro ya nako e e tletseng mme moragonyana a dirwa mookamedi yo mogolo.

Kwa Yuropa, Géraldine o ne a kobiwa mo tirong ka gonne mothapi wa gagwe o ne a sa rate Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, mmaagwe mothapi yono o ne a mmolelela gore o dirile phoso e kgolo ka go koba Géraldine. O ne a re: “O ka se bone mothapiwa yo o ikanyegang e bile a tsaya tiro ya gagwe masisi jaaka mothapiwa yo e leng Mosupi wa ga Jehofa.” Mothapi yono o ne a dira dipatlisiso ka Basupi mme a thapa Géraldine gape.

Fa Sarah, mmè yo o se nang molekane mo Afrika Borwa a ne a lebane le dinako tse di boima, o ne a bona kafa Baebele e ka tlhotlheletsang batho go bontsha ba bangwe lorato ka teng fa maloko a phuthego ya ga bone a ne a naya ba lelapa la gagwe dijo le go ba pega mo dikoloing tsa bone. Moragonyana, bana ba gagwe ba ne ba re, “Re na le batsadi ba le bantsi mo phuthegong.”

Go na le maitemogelo a le mantsi a a tshwanang le ao. Mme a re gopotsa Diane 1:33 e e reng: “Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego.” A bo mafoko ao a le boammaaruri jang ne!

^ ser. 5 Kwa dinageng dingwe puso e thusa batlhoki ka madi. Kwa go se nang thuso e e ntseng jalo gone, boikarabelo jono ke jwa ba masika a batlhoki.—1 Timotheo 5:3, 4, 16.