Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG?

Khumanego

Khumanego

Le fa go dirilwe maiteko a magolo go thusa batho, go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba humanegileng.

Ke eng se se ka dirang gore bahumanegi ba itumele?

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba dumela gore fa motho a na le dithoto tse dintsi o kgona go itumela le go kgotsofala le gore go nna le madi a mantsi ke gone go dirang gore motho a atlege. E re ka batho ba ba humanegileng ba sa rutega kgotsa ba sa tsena sekolo gotlhelele, ba sa kgone go bona kalafi ya maemo a a kwa godimo le dilo tse dingwe, ga go a lebelelwa gore ba itumele le go kgotsofala mo botshelong.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ga e rute gore boitumelo jwa mmatota bo ikaegile ka gore motho o na le madi a a kana kang, go na le moo, bo ikaegile ka gore motho a nne le kamano e e molemo le Mmopi. Baebele ya re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Batho ba ba batlang go nna le kamano e e molemo le Modimo ba a itse gore ba tlhoka go itse gore Modimo o akanya eng ka dikgang dingwe e bile ba ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng jo bo ba gomotsang le jo bo dirang gore ba tshele ka kagiso go sa kgathalesege maemo a bone a itsholelo. Seo ke sone se se dirang gore motho a itumele.

Batho ba ba tlhaloganyang le go latela kgakololo ya Baebele ke bone ba kgonang go itumela le fa ba humanegile. Ka sekai, Baebele e thusa batho go tila mekgwa e e sa siamang, e e jaaka go goga motsoko le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Dilo tse di ntseng jalo di senya madi e bile di dira gore motho a dirise madi a mantsi mo go tsa kalafi.—Diane 20:1; 2 Bakorintha 7:1.

Gape Baebele e re tlhagisa ka dikotsi tsa go nna bogagaru le go rata dikhumo. (Mareko 4:19; Baefeso 5:3) Kgakololo eo e ka thusa motho gore a tile go senya madi ka go betšha kgotsa go nna le “lorato lwa madi,” lo Baebele e lo tlhalosang e le “modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” (1 Timotheo 6:10) Baebele e re tlhagisa jaana: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Ka mafoko a mangwe, madi a ka se reke botshelo. Mme fa motho a dirisa kgakololo e e botlhale e e mo Baebeleng o tla itse se a se tshelelang e bile o tla itumela.

Le fa go se motlhofo gore batho ba ba humanegileng ba bone dijo, diaparo le bonno, ba ka itumela fa ba ithuta go kgotsofala, go tlhoma mogopolo mo go itumediseng Modimo le mo go direng thato ya gagwe. Ba lemoga boammaaruri jwa tsholofetso ya Baebele ya go re “tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—Diane 10:22.

TEMANA YA KONOKONO: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” Mathaio 5:3.

A khumanego e tla fela?

SE BAEBELE E SE BUANG

Le fa maiteko a batho a go leka go fedisa khumanego a iteile sefololetse, ka nako e e tshwanetseng, Modimo o tla fedisa selo se se bakang khumanego, e leng mokgwa o batho ba ba pelotshetlha le dipuso di nang le one wa go ikakanyetsa ba le bosi. (Moreri 8:9) Mmopi wa rona o tla fedisa dipuso tsa batho ba ba ikakanyetsang ba le bosi. Bogosi Jwa Modimo kgotsa puso ya legodimo, e tla abela baagi botlhe ba lefatshe dilo tse ba di tlhokang e sa tlhaole. Baebele e solofetsa gore Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo e tla naya batho ba ba humanegileng dilo tse ba di tlhokang. “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso . . . O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.”—Pesalema 72:12-14.

Lefatshe e tla nna paradaise e e itumedisang mme batho botlhe ba tla nna le matlo le dijo, go se na khumanego. Mo bukeng ya Baebele ya Isaia, Modimo o solofetsa gore batho ba gagwe “ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. . . . Ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.” (Isaia 65:21, 22) Go na le go bereka ka thata ba batla madi, batho botlhe ba tla itumelela “mokete wa dijo” le dilo tse dingwe tse Jehofa a tla di nayang batho.—Isaia 25:6.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Fa batho ba ba tshelelang mo maemong a a thata ba akanya ka se Modimo a ba solofetsang sone, ba lemoga gore Modimo o amega ka bone le gore o tla fedisa pogo ya bone. Go akanya ka tsholofetso eo go ka dira gore motho a kgone go itshokela maemo a a thata gone jaanong.

TEMANA YA KONOKONO: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso . . . O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.” Pesalema 72:12, 13.