Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa o Wetswe ke Masetlapelo

Fa o Wetswe ke Masetlapelo

“Fa morwalela o sena go senya sengwe le sengwe se re neng re na le sone, ke ile ka ipotsa gore re tla bona re dirileng.”—Andrew wa kwa Sierra Leone.

“Re ile ra boela kwa ntlong ya rona morago ga setsuatsue. Mme ra fitlhela go se na sepe. Re ne re utlwile botlhoko. Ngwanake wa mosetsana o ne a thubega ka selelo.”—David wa kwa Virgin Islands.

FA E le gore o kile wa nna mo seemong se se tshwanang le sa ga Andrew le David, gongwe o tla tlhaloganya gore ke eng fa batho ba ba diragaletsweng ke dilo tseno ba nna ba tshogile thata, ba sa batle go amogela se se diragetseng, ba tlhakane tlhogo, ba tlhobaela thata e bile ba lora dilo tse di botlhoko. Bontsi jwa bone ba felelwa ke maatla mo ba ipotsang gore ba sa ntse ba tshelelang.

Go botlhoko go senyegelwa ke dilo tse o di bereketseng ka thata. O ka nna wa feleletsa o ikutlwa e kete botlhoko jwa teng o ka se kgone go bo emela kgotsa gore go botoka gore o swe. Mme Baebele yone ya re o ka kgona go itshoka e bile ya re dilo di tla siama mo nakong e e tlang.

BAEBELE E KA GO THUSA GORE O SE KA WA ITLHOBOGA

Moreri 7:8 ya re: “Bokhutlo jwa kgang bo botoka . . .go na le tshimologo ya yone.” Kwa tshimologong go ka nna ga lebega e kete dilo ga di kitla di siama. Mme fa o sa fele pelo, o tla kgona go simolola botshelo sesha mme dilo di tla tokafala fa nako e ntse e ya.

Baebele ya re go tla tla nako e go se kitlang “go tlhola go utlwiwa modumo wa go lela . . . le modumo wa go goa ka khutsafalo.” (Isaia 65:19) Seno se tla direga fa Bogosi Jwa Modimo bo busa e bile lefatshe lotlhe e le paradaise. (Pesalema 37:11, 29) Ka nako eo ga go kitla go tlhola go nna le dilo tse di jaaka merwalela le ditsuatsue. Batho ga ba kitla ba gopola dilo tse di ba utlwisitseng botlhoko ka gonne Modimo Mothatayotlhe o solofetsa gore, “dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”—Isaia 65:17.

Modimo a re ka nako ya fa a busa, go tlile go nna le kagiso mo lefatsheng. (Jeremia 29:11) A go itse gore maemo a tlile go nna botoka go ka go thusa gore o se ka wa itlhoboga fa dilo di sa tsamaye sentle? Sally yo go builweng ka ene mo setlhogong se se fetileng a re, “Go nna re akantse ka dilo tse Bogosi Jwa Modimo bo tla re direlang tsone, go tla re thusa gore re tlogele go akanya ka dilo tse di botlhoko tse di kileng tsa re diragalela e bile go tla re thusa gore re kgone go itshoka.”

Re go kgothaletsa gore o ithute Baebele mme o utlwe gore Bogosi Jwa Modimo bo tla re direlang mo nakong e e tlang. Fa o ka dira jalo, o tla lemoga gore le fa o diragaletswe ke dilo tse di botlhoko, ga go reye gore go ile fela jalo ka botshelo jwa gago, ka gonne dilo di tlile go siama. Mme fa re sa ntse re letile nako eo, a re bone gore Baebele e ka re thusa jang gone jaanong gore re se ka ra itlhoboga.