Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSOGANG! No. 1 2017 | Go Thusa Basha ba ba Gateletsweng mo Maikutlong

Dipego di bontsha gore palo ya basha ba ba gateletsweng mo maikutlong e ntse e oketsega ka lobelo lo logolo thata.

Ke eng se se ka dirwang go thusa basha bano?

Makasine ono wa “Tsogang!” o na le dikakantsho tse di ka thusang basha ba ba gateletsweng mo maikutlong le tse batsadi ba ka di dirisang go ba thusa.

 

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Thusa Basha ba ba Gateletsweng mo Maikutlong

Bona gore go tlhobaela go bakwa ke eng le gore batsadi ba ka thusa bana ba bone jang.

Go Nyenya—Mpho e e Tswang Kwa Modimong

Fa tsala kgotsa motho yo o sa mo itseng a go leba a bo a nyenya, le wena o feleletsa o nyenya o itumetse.

SE BAEBELE E SE RUTANG

Go Senya Mpa

Ngwaga le ngwaga bana ba le dimilione di le masome ba ba iseng ba tsholwe ba bolawa ka boomo. A eno ke tshwetso ya motho kgotsa ke selo se se sa siamang?

“Re ne Ra Amiwa ke go Bona Gore Ba a Re Rata”

Ka Matlhatso, April 25, 2015, thoromo ya lefatshe e e maatla e ne ya itaya Nepal. Morago ga tiragalo eo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bontsha jang gore Bakeresete ba mmatota ba a ratana?

GO THUSA LELAPA

Go Bontsha Gore o a Leboga

Fa monna le mosadi ba lemoga dilo tse di molemo tse mongwe le mongwe wa bone a nang le tsone ba bo ba akgolana, lenyalo la bone le a nonofa. Ke eng se se ka go thusang go bontsha gore o a leboga?

A GO TLHAMILWE?

Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara

Tshenekegi eno ke nngwe ya diphologolo tse di kgonang go itshokela mogote. Ke eng se se dirang gore e kgone go itshokela mogote o montsi jaana?

Tse Dingwe

Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?

Dikgakololo di le thataro tse di ka go thusang gore o lebane le go tlhobaela.

A Basupi ba ga Jehofa ba Thusa ka Dilwana Tsa Namolo ka Nako ya Dikotsi Tsa Masetlapelo?

Utlwa kafa re thusang badumedi ka rona le batho ba bangwe ka gone ka dilwana tsa namolo.